Daniele 3:1-30

  • Setshwantsho sa gauta sa ga Kgosi Nebukadenesare (1-7)

    • O batla gore setshwantsho se obamelwe (4-6)

  • Bahebera ba bararo ba latofadiwa ka gore ga ba ikobe (8-18)

    • “Ga re kitla re direla medimo ya gago” (18)

  • Ba latlhelwa mo leubelong la molelo le le tukang (19-23)

  • Ba gololwa mo molelong ka kgakgamatso (24-27)

  • Kgosi e tlotlomatsa Modimo wa Bahebera (28-30)

3  Kgosi Nebukadenesare o ne a dira setshwantsho* sa gauta se se neng se le bogodimo jwa dimetara di ka nna 27* le bophara jwa dimetara di le pedi le halofo.* O ne a se tlhoma mo lebaleng la Dura mo porofenseng* ya Babelona.  Go tswa foo, Kgosi Nebukadenesare o ne a laela gore go phuthiwe babusi ba kgaolo, baokamedi, balaodi, bagakolodi, babolokamatlotlo, baatlhodi, bomagiseterata le batsamaisi botlhe ba diporofense* gore ba nne teng fa go kgakolwa setshwantsho se Kgosi Nebukadenesare a neng a se tlhomile.  Ka jalo, babusi ba kgaolo, baokamedi, balaodi, bagakolodi, babolokamatlotlo, baatlhodi, bomagiseterata le batsamaisi botlhe ba diporofense* ba ne ba phuthega go tla go kgakola setshwantsho se Kgosi Nebukadenesare a neng a se tlhomile. Mme ba ne ba ema fa pele ga setshwantsho seo sa ga Nebukadenesare.  Motho yo o dirang kitsiso o ne a goela kwa godimo a re: “Lona ditšhaba, merafe le batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng, lo laelwa  gore fa lo utlwa modumo wa lonaka, phala ya lotlhaka, sithere, harepa ya dikhona tse tharo, seletswa sa megala, fulutu e e nang le kgetsana le diletswa tse dingwe tsotlhe tsa mmino, lo wele fa fatshe lo bo lo obamela setshwantsho sa gauta se Kgosi Nebukadenesare a se tlhomileng.  Ope fela yo o sa weleng fa fatshe gore a se obamele o tla latlhelwa mo leubelong la molelo le le tukang+ ka yone nako eo.”  Ka jalo, e rile batho botlhe ba utlwa modumo wa diletswa tsa mmino,* batho ba ditšhaba tsotlhe, merafe le ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba ne ba wela fa fatshe ba bo ba obamela setshwantsho sa gauta se Kgosi Nebukadenesare a neng a se tlhomile.  Jaanong ka yone nako eo, Bakaladia bangwe ba ne ba ya kwa kgosing mme ba latofatsa Bajuda.*  Ba ne ba raya Kgosi Nebukadenesare ba re: “Wena kgosi, e kete o ka tshela ka bosakhutleng. 10  Wena kgosi, o ne wa laela gore motho mongwe le mongwe yo o utlwang modumo wa diletswa tsa mmino* a wele fa fatshe mme a obamele setshwantsho sa gauta; 11  le gore ope fela yo o ka se kang a wela fa fatshe gore a se obamele, a latlhelwe mo leubelong la molelo le le tukang.+ 12  Le fa go ntse jalo, go na le Bajuda bangwe ba o ba tlhomileng gore ba okamele botsamaisi jwa porofense* ya Babelona: Shaderake, Meshake le Abedenego.+ Wena kgosi, banna bano ga ba a go tlotla. Ga ba direle medimo ya gago, e bile ba gana go obamela setshwantsho sa gauta se o se tlhomileng.” 13  Foo Nebukadenesare o ne a galefa thata mme a laela gore Shaderake, Meshake le Abedenego ba tlisiwe kwa go ene. Ka jalo, banna bano ba ne ba tlisiwa kwa kgosing. 14  Nebukadenesare o ne a ba raya a re: “A ke boammaaruri gore wena Shaderake, Meshake le Abedenego ga lo direle medimo ya me+ e bile lo gana go obamela setshwantsho sa gauta se ke se tlhomileng? 15  Jaanong fa e le gore lo tla wela fa fatshe lo bo lo obamela setshwantsho se ke se dirileng fa lo utlwa modumo wa diletswa tsa mmino,* go siame. Mme fa lo gana go se obamela, lo tla latlhelwa mo leubelong la molelo le le tukang ka yone nako eo. Ke modimo ofe yo o ka lo gololang mo diatleng tsa me?”+ 16  Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba araba kgosi ba re: “Wena Nebukadenesare, ga re tlhoke go go araba mo kgannyeng eno. 17  Kgosi, fa e le gore re tla latlhelwa mo leubelong la molelo le le tukang, Modimo wa rona yo re mo direlang o tla kgona go re golola mo go lone le mo seatleng sa gago.+ 18  Tota le fa a ka se ka a re golola, o itse wena kgosi, gore ga re kitla re direla medimo ya gago kgotsa re obamela setshwantsho sa gauta se o se tlhomileng.”+ 19  Foo Nebukadenesare o ne a galefela Shaderake, Meshake le Abedenego fela thata mo sefatlhego sa gagwe se neng sa fetoga,* mme o ne a laela gore leubelo le gotediwe ga supa go feta kafa le neng le tle le gotediwe ka gone. 20  O ne a laela banna bangwe ba ba maatla ba masole gore ba bofe Shaderake, Meshake le Abedenego mme ba ba latlhele mo leubelong la molelo le le tukang. 21  Ka jalo, banna bano ba ne ba bofiwa ba ntse ba apere diaparo tsa bone tsa ka fa ntle, diaparo tsa bone tsa ka fa teng, ditlhoro* tsa bone le diaparo tse dingwe tsotlhe tsa bone, mme ba ne ba latlhelwa mo leubelong la molelo le le tukang. 22  E re ka taelo ya kgosi e ne e le setlhogo thata e bile leubelo le ne le le molelo ka tsela e e feteletseng, banna ba ba neng ba tsaya Shaderake, Meshake le Abedenego ke bone ba ba neng ba bolawa ke kgabo ya molelo. 23  Le fa go ntse jalo, banna bano ba bararo e bong Shaderake, Meshake le Abedenego, ba ne ba wela mo leubelong la molelo le le tukang ba ntse ba bofilwe. 24  Foo Kgosi Nebukadenesare o ne a tshoga mme a ema ka bonako a bo a raya badiredibagolo ba gagwe a re: “A ga re a bofa banna ba le bararo re bo re ba latlhela mo molelong?” Ba ne ba araba kgosi ba re: “Re dirile jalo, kgosi.” 25  O ne a re: “Bonang! ke bona banna ba le banê ba tsamaya ka kgololesego mo molelong, mme ga ba she, e bile wa bonê o tshwana le morwa medimo.” 26  Nebukadenesare o ne a atamela kgoro ya leubelo la molelo le le tukang a bo a re: “Shaderake, Meshake le Abedenego, lona batlhanka ba Modimo Mogodimodimo,+ tswang moo mme lo tle kwano!” Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba tswa mo molelong. 27  Mme babusi ba kgaolo, baokamedi, balaodi le badiredibagolo ba maemo a a kwa godimo ba kgosi ba ba neng ba phuthegetse koo+ ba ne ba bona gore molelo o ne o sa fisa* banna bano;+ go ne go se na moriri ope wa ditlhogo tsa bone o o neng o babogile, diaparo tsa bone di ne di sa sha, tota e bile ba ne ba sa nkge molelo. 28  Foo Nebukadenesare o ne a itsise jaana: “A go bakwe Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego,+ yo o rometseng moengele wa gagwe mme a golola batlhanka ba gagwe. Ba ne ba mo ikanya mme ba se ka ba ikobela taelo ya kgosi e bile ba ne ba ikemiseditse go swa* go na le go direla modimo ope kgotsa go o obamela kwantle ga Modimo wa bone.+ 29  Ka jalo, ke ntsha taelo ya gore setšhaba sepe, morafe ope kgotsa batho ba puo epe, ba ba buang sepe fela se se phoso ka Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego ba kgaoganngwe ditokololo, mme matlo a bone a tshwanetse go dirwa matlwana a boithomelo* a batho botlhe; gonne ga go na modimo yo mongwe yo o ka kgonang go golola batho ba gagwe jaaka yono.”+ 30  Go tswa foo, kgosi e ne ya tlhatlosa Shaderake, Meshake le Abedenego maemo* mo porofenseng* ya Babelona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “sefikantswe.”
Seara., “dikubita di le 60.” Bona Dintlha B14.
Seara., “dikubita di le 6.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “mo kgaolong e e nang le taolo.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Seheb., “lonaka, phala ya lotlhaka, sithere, harepa ya dikhona tse tharo, seletswa sa megala le diletswa tse dingwe tsotlhe tsa mmino.”
Kgotsa “ba senya Bajuda leina.”
Ka Sehebera, maina a diletswa tse di mo temana 5 a boeleditswe.
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Ka Sehebera, maina a diletswa tse di mo temana 5 a boeleditswe.
Kgotsa “mo tsela e a neng a ikutlwa ka yone e neng ya fetoga gotlhelele.”
Kgotsa “dirwalo.”
Kgotsa “molelo o ne o se na maatla mo.”
Kgotsa “e bile ba ne ba neela mebele ya bone.”
Kgotsa gongwe “mafelo a go latlhela matlakala; dithotobolo tsa boloko.”
Seara., “e ne ya dira gore ba atlege.”
Kgotsa “mo kgaolong e e nang le taolo.”