Dikhutsafalo 1:1-22

  • Jerusalema o tshwana le motlholagadi

    • O tlogetswe e bile ga a na ope (1)

    • Boleo jo bogolo jwa Siona (8, 9)

    • Modimo o gana Siona (12-15)

    • Ga go na ope yo o ka gomotsang Siona (17)

א [Aleph]* 1  Ruri motse o o neng o tletse ka batho, jaanong ga o na ope!+ Ruri ene yo o neng a na le batho ba bantsi mo ditšhabeng, o tshwana le motlholagadi!+ Ruri ene yo e neng e le mohumagadi mo diporofenseng* o patelediwa go dira tiro e e boima!+ ב [Beth]   Bosigo o lela fela thata,+ e bile dikeledi tsa gagwe di elela mo marameng a gagwe. Ga go na ope wa botlhe ba ba mo ratang yo o mo gomotsang.+ Ditsala tsa gagwe tsotlhe di mo tsieditse;+ di fetogile baba ba gagwe. ג [Gimel]   Juda o ile botshwarwa+ e bile o a boga, gape o mo bokgobeng jo bo setlhogo.+ O tshwanelwa ke go nna mo ditšhabeng;+ ga a bone lefelo la boikhutso. Botlhe ba ba mmogisang ba mo fitlhetse a le mo matshwenyegong. ד [Daleth]   Ditsela tse di yang kwa Siona di hutsafetse, ka gonne ga go na ope yo o tlang mo moletlong.+ Dikgoro tsa gagwe tsotlhe di sentswe;+ baperesiti ba gagwe ba utlwile botlhoko. Makgarebane a gagwe a hutsafetse, mme ene o tshwenyegile thata. ה [He]   Baba ba gagwe jaanong ba a mo laola; dira tsa gagwe ga di tshwenyege.+ Ka gonne Jehofa o mo tliseditse khutsafalo ka ntlha ya maleo a gagwe a mantsi.+ Bana ba gagwe ba ile botshwarwa ba tsamaya fa pele ga mmaba.+ ו [Waw]   Kgalalelo yotlhe e dule mo go morwadia Siona.+ Dikgosana tsa gagwe di tshwana le dikgama tse ditonanyana tse di sa bonang mafulo,Mme di tsamaya di lapile fa pele ga yo o di setseng morago. ז [Zayin]   Mo motlheng wa fa a boga le fa a se na legae, Jerusalema o gakologelwaDilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tse a neng a na le tsone mo metlheng ya bogologolo.+ Fa batho ba gagwe ba ne ba wela mo seatleng sa mmaba e bile a se na mothusi,+Baba ba ne ba mmona ba bo ba mo tshega* ka gonne a phutlhame.+ ח [Heth]   Jerusalema o dirile boleo jo bogolo.+ Ke gone ka moo a fetogileng selo se se ilegang. Botlhe ba ba neng ba mo tlotla jaanong ba a mo nyatsa, ka gonne ba ne ba mmone a sa apara.+ Tota le ene o utlwile botlhoko+ e bile o leba go sele a tlhabiwa ke ditlhong. ט [Teth]   Diaparo tsa gagwe di kgamathetse. Ga a ka a akanya ka bokamoso jwa gagwe.+ Tsela e a oleng ka yone e ne e tshosa; ga a na ope yo o mo gomotsang. Ao tlhe Jehofa, bona pogisego ya me, ka gonne mmaba o itlotlomaditse.+ י [Yod] 10  Mmaba o otlolotse diatla tsa gagwe a bo a gapa matlotlo a gagwe otlhe.+ Gonne o ne a bona ditšhaba di tsena mo lefelong la gagwe le le boitshepo,+Tse o neng o laetse gore di se ka tsa tsena mo phuthegong ya gago. כ [Kaph] 11  Batho ba gagwe botlhe ba a lela; ba batlana le senkgwe.+ Ba abile dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo gore ba bone sengwe se ba ka se jang, gore ba tswelele ba tshela. Leba tlhe Jehofa, mme o bone gore ke fetogile mosadi* yo o se nang mosola. ל [Lamed] 12  A seno ga se sepe mo go lona lotlhe ba lo fetang ka tsela? Lebang mme lo bone! A go na le botlhoko bope jo bo tshwanang le jo ke neng ka bo bakelwa,Jo Jehofa a neng a dira gore ke bo utlwe mo letsatsing la bogale jwa gagwe jo bo tukang?+ מ [Mem] 13  O rometse molelo go tswa kwa legodimong gore o fise marapo otlhe a me.+ O tsharololetse dinao tsa me letlowa; o mpateleditse gore ke boele morago. O dirile gore ke nne mosadi yo o setseng a le nosi. Ke lwala letsatsi lotlhe. נ [Nun] 14  Maleo a me a bofilwe jaaka jokwe, o a bofagantse mmogo ka seatla sa gagwe. A beilwe mo molaleng wa me, e bile ke feletswe ke nonofo. Jehofa o ntsentse mo seatleng sa batho ba nka se kgoneng go emelana le bone.+ ס [Samekh] 15  Jehofa o ntseetse banna botlhe ba ba maatla.+ O mpileditse phuthego gore e thubaganye makawana a me.+ Jehofa o gatakile morwadia Juda wa kgarebane mo segatisetsong sa beine.+ ע [Ayin] 16  Ke a lela ka ntlha ya dilo tseno;+ matlho a me a tshologa dikeledi. Gonne ope fela yo o ka nkgomotsang kgotsa yo o ka ntapolosang o kgakala thata le nna. Bomorwaake ba hutsafetse thata, ka gonne mmaba o fentse. פ [Pe] 17  Siona o otlolotse diatla tsa gagwe;+ ga a na ope yo o ka mo gomotsang. Jehofa o laetse botlhe ba ba dikologileng Jakobe gore ba nne baba ba gagwe.+ Mo go bone, Jerusalema o fetogile selo se se ilegang.+ צ [Tsade] 18  Jehofa o siame,+ ka gonne ke nna ke tlhanogetseng ditaelo* tsa gagwe.+ Reetsang lona lotlhe ditšhaba, mme lo bone botlhoko jwa me. Makgarebane a me le makawana a me a isitswe botshwarwa.+ ק [Qoph] 19  Ke tlhaeleditse kwa bathong ba ba nthatang, mme ba ntsieditse.+ Baperesiti ba me le bagolwane ba me ba swetse mo motsengFa ba ne ba batlana le dijo gore ba tswelele ba tshela.+ ר [Resh] 20  Ao tlhe Jehofa, bona gore ke mo mathateng a magolo jang. Mala* a me a a fuduega. Pelo ya me e pitikologile mo teng ga me, ka gonne ke ntse ke le motlhanogi yo mogolo.+ Kwa ntle tšhaka e bolaile bongwanake;+ le mo teng ga ntlo batho ba a swa. ש [Shin] 21  Batho ba utlwile selelo sa me; ga go na ope yo o nkgomotsang. Baba ba me botlhe ba utlwile ka masetlapelo a me. Ba itumetse, ka gonne ke wena o a tlisitseng.+ Mme gone, o tla tlisa letsatsi le o buileng ka lone,+ fa ba tla bo ba tshwana le nna.+ ת [Taw] 22  E kete bosula jotlhe jwa bone bo ka tla fa pele ga gago, e bile e kete o ka ba otlhaya botlhoko,+Fela jaaka o nkotlhaile botlhoko ka ntlha ya maleo otlhe a me. Gonne ke hutsafetse thata, e bile pelo ya me e a lwala.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgaolo 1-4 ke dipina tsa khutsafalo tse di kwadilweng go dirisiwa dialefabete kgotsa ditlhaka tsa Sehebera.
Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”
Kgotsa “ba itumela.”
Go tewa Jerusalema a mothofaditswe.
Seheb., “molomo.”
Kgotsa “Mateng.”