Dikhutsafalo 2:1-22

  • Jehofa o galefela Jerusalema

    • Ga a e tlhomogele pelo (2)

    • Jehofa o ntse jaaka mmaba mo go ene (5)

    • Siona o a lelelwa (11-13)

    • Ba ba fetang ka tsela ba kgoba motse o o kileng wa bo o le montle (15)

    • Baba ba itumelela gore Siona o ole (17)

א [Aleph] 2  Ruri Jehofa o khurumeditse morwadia Siona ka leru la bogale jwa gagwe! O latlhetse bontle jwa Iseraele mo lefatsheng go tswa kwa legodimong.+ Ga a gakologelwa sebeo sa gagwe sa dinao+ mo letsatsing la bogale jwa gagwe. ב [Beth]   Jehofa o komeditse mafelo otlhe a bonno a ga Jakobe a sa a tlhomogele pelo. O thubile mafelo a a sireletsegileng a ga morwadia Juda a shakgetse.+ O digetse bogosi+ le dikgosana tsa jone fa fatshe a bo a di tlontlolola.+ ג [Gimel]   O fedisitse nonofo yotlhe ya* Iseraele ka mogote wa bogale jwa gagwe. Ga a ka a re thusa fa mmaba a tlhasela,+Mme bogale jwa gagwe bo ne jwa nna jwa tukela Jakobe jaaka molelo o o neng wa laila sengwe le sengwe se se o dikologileng.+ ד [Daleth]   O obile* bora jwa gagwe jaaka mmaba; o baakantse seatla sa gagwe sa moja jaaka mmaba;+O ne a nna a bolaya botlhe ba ba eletsegang mo matlhong a rona.+ E bile o ne a tshololela tšhakgalo ya gagwe mo tenteng ya ga morwadia Siona+ fela jaaka molelo.+ ה [He]   Jehofa o ntse jaaka mmaba;+O komeditse Iseraele. O komeditse ditora tsotlhe tsa gagwe;O sentse mafelo otlhe a gagwe a a sireletsegileng. E bile o dirile gore khutsafalo le selelo sa khutsafalo di nne dintsi mo go morwadia Juda. ו [Waw]   O tshwara loobo* lwa gagwe setlhogo+ jaaka ntlwana e e mo tshingwaneng. O fedisitse* meletlo ya gagwe.+ Jehofa o dirile gore meletlo le sabata di lebalwe mo Siona,E bile ga a tlotle kgosi le moperesiti ka gonne a shakgetse thata.+ ז [Zayin]   Jehofa o latlhile sebeso sa gagwe;O ganne go amogela lefelo la gagwe le le boitshepo.+ O tsentse dipota tsa ditora tsa gagwe tse di sireletsegileng mo seatleng sa mmaba.+ Ba tsholeditse lentswe la bone mo ntlong ya ga Jehofa,+ jaaka go dirwa mo letsatsing la moletlo. ח [Heth]   Jehofa o ikemiseditse go senya lobota lwa ga morwadia Siona.+ O otlolotse mogala o o lekanyang.+ Ga a ka a thibela seatla sa gagwe gore se se ka sa tlisa tshenyo.* Mme o dira gore thotana ya motlhaba le lobota di hutsafale. Tsotlhe di koafaditswe. ט [Teth]   Dikgoro tsa gagwe di nweleletse mo lefatsheng.+ O sentse mephakalego ya gagwe a bo a e thubaganya. Kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di mo ditšhabeng.+ Ga go na molao;* tota le baporofeti ba gagwe ga ba bone ponatshegelo epe e e tswang kwa go Jehofa.+ י [Yod] 10  Bagolwane ba ga morwadia Siona ba ntse fa fatshe ba didimetse.+ Ba itshela lorole mo ditlhogong e bile ba apara letsela la kgetsi.+ Makgarebane a Jerusalema a obetse ditlhogo tsa one fa fatshe. כ [Kaph] 11  Matlho a me a lapisitswe ke go lela.+ Mala* a me a a fuduega. Sebete sa me se tshololetswe fa fatshe, ka ntlha ya go wa ga morwadia* batho ba gaetsho,+Ka ntlha ya bana le masea a a idibalang mo dipatlelong tsa motse.+ ל [Lamed] 12  Ba nna ba botsa bommaabone ba re, “Dijo le beine di kae?”+ Fa ba ntse ba idibala jaaka mongwe yo o gobaditsweng mo dipatlelong tsa motse,Fa ba ntse ba swela mo mabogong a bommaabone. מ [Mem] 13  Ke tla dirisa eng gore e nne bosupi,Kgotsa ke tla go tshwantsha le eng, wena morwadia Jerusalema? Ke tla go bapisa le eng, gore ke go gomotse, wena morwadia Siona wa kgarebane? Gonne o tla phutlhama mo go botlhoko jaaka lewatle.+ Ke mang yo o ka go fodisang?+ נ [Nun] 14  Diponatshegelo tse baporofeti ba gago ba neng ba di bona e ne e le maaka e bile di se na mosola,+E bile ga ba a ka ba senola boleo jwa gago gore ba thibele gore o se ka wa isiwa botshwarwa,+Mme ba ne ba nna ba bona dipolelo tsa maaka le tse di tsietsang mo diponatshegelong.+ ס [Samekh] 15  Botlhe ba ba fetang ka tsela ba go opela diatla ka tshotlo.+ Ba letsa molodi ba gakgametse+ ba bo ba thukuthela morwadia Jerusalema tlhogo, ba re: “A motse ono ke o ba neng ba bua ka one ba re, ‘O montle tota, e bile o tlisetsa batho botlhe mo lefatsheng boitumelo’?”+ פ [Pe] 16  Baba ba gago botlhe ba go buletse molomo. Ba go sotla ba galefile ba re: “Re mo komeditse.+ Leno ke letsatsi le re ntseng re le emetse!+ Le gorogile, e bile re le bone!”+ ע [Ayin] 17  Jehofa o dirile se a neng a se ikaeletse;+ o diragaditse lefoko la gagwe,+Se a neng a se laela bogologolo.+ O rutlolotse a sa tlhomoge pelo.+ O letlile gore mmaba a itumelele se se go diragaletseng; o okeditse nonofo ya* baba ba gago. צ [Tsade] 18  Pelo ya bone e goela kwa go Jehofa, wena lobota lwa ga morwadia Siona. A dikeledi di elele jaaka molatswana o o penologang bosigo le motshegare. O se ka wa ikhutsa, o se ka wa letla leitlho la gago* gore le itapolose. ק [Qoph] 19  Ema! Goa go le bosigo, fa dinako tsa go lebelela di simologa. Tshololela pelo ya gago fa pele ga Jehofa jaaka metsi. Tsholeletsa diatla tsa gago kwa go ene ka ntlha ya matshelo* a bana ba gago,Ba ba welang mo khoneng ya mmila mongwe le mongwe* ka ntlha ya leuba.+ ר [Resh] 20  Ao tlhe Jehofa, leba mme o bone ene yo o mo otlhaileng botlhoko. A basadi ba tshwanetse go tswelela ba ja bana* ba bone, bana ba ba ba godisitseng,+Kgotsa a baperesiti le baporofeti ba tshwanetse go bolaelwa mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa?+ ש [Shin] 21  Mosimanyana le monnamogolo ba rapaletse fa fatshe mo mebileng ba sule.+ Makgarebane a me le makawana a me a bolailwe ka tšhaka.+ O ba bolaile mo letsatsing la fa o ne o galefile; o ba kgemethile o sa tlhomoge pelo.+ ת [Taw] 22  O bitsa ba ba ntshosang go tswa mo matlhakoreng otlhe jaaka e kete o ne o biletsa batho go tla kwa moletlong.+ Ga go na ope yo o neng a tshaba kgotsa a falola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa;+Mmaba wa me o ne a fedisa ba ke neng ka ba belega* ka bo ka ba godisa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “O robile lonaka longwe le longwe lwa.”
Seheb., “gatile.”
Bona “Moletlo wa Diobo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “sentse.”
Seheb., “se se ka sa kometsa.”
Kgotsa “taelo.”
Poko e e dirisang mothofatso, gongwe e e tlhalosang kutlwelobotlhoko kgotsa bopelotlhomogi.
Kgotsa “Mateng.”
Seheb., “o godisitse lonaka lwa.”
Seheb., “morwadia leitlho la gago.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “mo tlhogong ya mebila yotlhe.”
Kgotsa “maungo.”
Kgotsa “ka ba tlisa ba itekanetse.”