Dikhutsafalo 3:1-66

  • Jeremia o tlhalosa maikutlo a gagwe le tsholofelo e a nang le yone

    • ‘Ke tla go letela ka bopelotelele’ (21)

    • Mautlwelobotlhoko a Modimo a masha moso mongwe le mongwe (22, 23)

    • Modimo o molemo mo go ba ba solofetseng mo go ene (25)

    • Go molemo gore basha ba lebane le mathata (27)

    • Modimo o thibile ka leru gore a se ka a atamelwa (43, 44)

א [Aleph] 3  Ke nna monna yo o boneng batho ba boga ka ntlha ya thobane ya tšhakgalo ya gagwe.   O ne a nteleka mme a dira gore ke tsamaye mo lefifing, e seng mo leseding.+   Eleruri, seatla sa gagwe se kgatlhanong le nna letsatsi lotlhe.+ ב [Beth]   O onaditse nama le letlalo la me;O robagantse marapo a me.   O agile lobota go ntikologa; o ntikologile ka bojang jo bo nang le botlhole+ le ka mathata.   O mpateleditse go nna mo mafelong a a lefifi jaaka batho ba ba suleng bogologolo. ג [Gimel]   O nkageletse, gore ke se ka ka tshaba;O mpofile ka keetane e e bokete ya kopore.+   Mme fa ke goa thata ke kopa thuso, o gana* thapelo ya me.+   O thibile ditselana tsa me ka maje a a betlilweng;O sokamisitse ditsela tsa me.+ ד [Daleth] 10  O ntaletse gore a ntlhasele jaaka bera, jaaka tau e e iphitlhileng.+ 11  O mpateleditse go tswa mo ditselaneng tsa me a bo a nkgaoganya dikarolwana;*O dirile gore ke se ka ka nna le mosola.+ 12  O obile* bora jwa gagwe, mme o ntlhoma jaaka sengwe se a konopelang motswi kwa go sone. ה [He] 13  O tlhabile diphilo tsa me ka metswi e e mo mokotlopong* wa gagwe. 14  Ke fetogile sengwe se se tshegisang mo ditšhabeng tsotlhe; ba tlhola ba opela letsatsi lotlhe e bile ba ntshotla. 15  O dirile gore ke tswelele ke ja dijo tse di bogalaka le gore ke tswelele ke nwa longana.+ ו [Waw] 16  O roba meno a me ka matlapana;O dira gore ke kotlomane mo meloreng.+ 17  O nkamoga kagiso; ke lebetse se se siameng. 18  Ka jalo, ka re: “Kgalalelo ya me e nyeletse, mmogo le tsholofelo ya me mo go Jehofa.” ז [Zayin] 19  Gakologelwa go boga ga me le go tlhoka legae ga me,+ gakologelwa gore ke ja longana le botlhole jo bo galakang.+ 20  Ruri o tla gakologelwa o bo o obega ka ntlha ya me.+ 21  Ke gakologelwa seno mo pelong ya me; ke gone ka moo ke tla go letelang ka bopelotelele.+ ח [Heth] 22  Ke ka ntlha ya lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng go bo re sa fela,+Gonne mautlwelobotlhoko a gagwe ga a ke a fela.+ 23  A masha moso mongwe le mongwe;+ boikanyegi jwa gago bo bogolo.+ 24  Ke ne ka re, “Jehofa ke kabelo ya me,+ ke gone ka moo ke tla mo letelang ka bopelotelele.”+ ט [Teth] 25  Jehofa o molemo mo go yo o solofetseng mo go ene,+ mo mothong* yo o nnang a mmatla.+ 26  Go molemo go letela poloko ya ga Jehofa+ ka tidimalo.*+ 27  Go molemo gore motho a lebane le mathata a sa ntse a le mosha.+ י [Yod] 28  A a nne a le nosi mme a didimale fa Modimo a e baya mo go ene.+ 29  A a ikobe ka botlalo mme a fitlhe sefatlhego sa gagwe mo loroleng;+ go ka tswa go sa ntse go na le tsholofelo.+ 30  A a neye yo o mo itayang lerama la gagwe; a a itshokele go nna a tlhapadiwa. כ [Kaph] 31  Gonne Jehofa ga a kitla a re latlha ka bosakhutleng.+ 32  Le fa gone a re otlhaile, gape o tla re utlwela botlhoko go ya ka lorato lwa gagwe lo logolo lo lo sa kgaotseng.+ 33  Gonne ga se gore o a itumela fa a bogisa e bile a hutsafatsa bomorwa batho.+ ל [Lamed] 34  Fa motho a gatakela magolegwa otlhe a lefatshe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe,+ 35  Fa motho a sa direlwe tshiamiso fa pele ga Mogodimodimo,+ 36  Fa motho a tsiediwa mo tshekong: Ga se dilo tse Jehofa a di amogelang. מ [Mem] 37  Mme gone, ke mang yo o ka buang sengwe a bo a se diragatsa fa Jehofa a sa se laela? 38  Mo molomong wa MogodimodimoGa go tswe dilo tse di bosula le tse di molemo. 39  Ke ka ntlha yang fa motho* a ngongoregela ditlamorago tsa boleo jwa gagwe?+ נ [Nun] 40  A re tlhatlhobeng ditsela tsa rona re bo re di sekaseke,+ mme re boeleng kwa go Jehofa.+ 41  A re tsholeletseng dipelo tsa rona mmogo le diatla tsa rona kwa Modimong kwa magodimong,+ re re: 42  “Re leofile e bile re go tlhanogetse,+ mme ga o a re itshwarela.+ ס [Samekh] 43  O re thibetse ka bogale gore re se ka ra go atamela;+O re lateletse wa bo wa re bolaya o sa re tlhomogele pelo.+ 44  O thibile ka leru le legolo gore o se ka wa atamelwa, gore thapelo ya rona e se ka ya fetela kwa go wena.+ 45  O re dira leswe le matlakala mo ditšhabeng.” פ [Pe] 46  Baba botlhe ba rona ba re atlhamolosetsa melomo ya bone ka tshotlo.+ 47  Re nna fela re tshogile e bile re gaeletswe,+ gape re a thubagangwa e bile re a senngwa.+ 48  Matlho a me a nna a elela melatswana ya metsi ka ntlha ya go senngwa ga morwadia batho ba gaetsho.+ ע [Ayin] 49  Matlho a me a tsholola dikeledi a sa kgaotse, a sa emise,+ 50  Go fitlha Jehofa a leba kwa tlase a bo a bona a le kwa legodimong.+ 51  Ke a hutsafala fa ke bona se se diragaletseng barwadi botlhe ba motse wa gaetsho.+ צ [Tsade] 52  Baba ba me ba ntsomile jaaka nonyane kwantle ga lebaka. 53  Ba lekile go mpolaya; ba ne ba nna ba nkonopa ka maje. 54  Metsi a ne a nkhurumetsa, mme ke ne ka re: “Go ile fela jalo ka nna!” ק [Qoph] 55  Ke ne ka bitsa leina la gago Jehofa ke le kwa tengteng mo khuting.+ 56  Utlwa lentswe la me; o se ka wa thiba tsebe ya gago fa ke goa ke kopa thuso, ke kopa gore o nkgolole. 57  O ne wa atamela mo letsatsing le ke neng ka go bitsa ka lone. O ne wa re: “O se ka wa boifa.” ר [Resh] 58  O sekile kgang ya me Jehofa, o rekolotse botshelo jwa me.+ 59  Jehofa, o bone phoso e ke e diretsweng; ke kopa gore ke direlwe tshiamiso.+ 60  O bone dilo tsotlhe tse ba di dirileng go ipusolosetsa, maano otlhe a ba ntogetseng one. ש [Sin] kgotsa [Shin] 61  Jehofa, o utlwile fa ba ne ba nkgoba, o utlwile maano otlhe a ba ntogetseng one,+ 62  Le mafoko a baganetsi ba me, e bile o utlwile fa ba ntsheba letsatsi lotlhe. 63  A ko o ba bone; fa ba nna le fa ba ema, ba nja ditshego mo dipineng tsa bone! ת [Taw] 64  O tla ba duela go ya ka ditiro tsa bone Jehofa. 65  O tla thatafatsa dipelo tsa bone, e le phutso e o ba tlisetsang yone. 66  O tla ba latelela o galefile Jehofa, o bo o ba nyeletsa mo lefatsheng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kgoreletsa; thibela.”
Kgotsa gongwe “a bo a dira gore ke nne jaaka tshimo e e tlogetsweng e sa lengwa.”
Seheb., “gatile.”
Kgotsa “mo kgetsaneng e e tsenyang metswi.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “bopelotelele.”
Seheb., “motho yo o tshelang.”