Dikhutsafalo 5:1-22

  • Batho ba rapelela gore dilo di siame

    • “Gakologelwa se se re diragaletseng” (1)

    • “Ruri go latlhega rona, ka gonne re leofile” (16)

    • “Ao tlhe Jehofa, re busetse kwa go wena” (21)

    • “Ntšhafatsa malatsi a rona” (21)

5  Ao tlhe Jehofa, gakologelwa se se re diragaletseng. Leba mme o bone jaaka re tlontlologile.+   Boswa jwa rona bo neilwe batswakwa, matlo a rona a neilwe batho ba sele.+   Re fetogile masiela a a se nang rre; bommaarona ba tshwana le batlholagadi.+   Re tshwanelwa ke go duela gore re nwe metsi a rona,+ e bile re ntshetsa dikgong tsa rona madi.   Ba ba re latelelang ba re eme mo molaleng;Re lapile, le fa go ntse jalo ga ba re neye boikhutso.+   Re otlololetse seatla sa rona kwa Egepeto+ le kwa Asiria,+ gore re tle re bone senkgwe se se lekaneng se re ka se jang.   Borraaronamogolo ba ba neng ba leofa ga ba tlhole ba le teng, mme re tshwanelwa ke go rwala maleo a bone.   Jaanong re busiwa ke batlhanka; ga go na ope yo o ka re swatolang mo seatleng sa bone.   Re tsenya matshelo* a rona mo kotsing fa re tla ka senkgwe sa rona,+ ka ntlha ya tšhaka e e kwa nageng. 10  Letlalo la rona le gotetse jaaka sebeso, ka ntlha ya ditlhabi tsa tlala.+ 11  Basadi ba ba mo Siona ba tlontlolotswe,* le makgarebane a a mo metseng ya Juda.+ 12  Dikgosana di ne tsa kalediwa ka seatla,+ e bile bagolwane ba ne ba sa tlotliwe.+ 13  Makawana a rwele leje le legolo,* mme basimane ba kgopiwa ba rwele dingata tsa dikgong. 14  Bagolwane ga ba tlhole ba le kwa kgorong ya motse;+ makawana ga a tlhole a letsa mmino.+ 15  Dipelo tsa rona ga di tlhole di itumetse; go bina ga rona go fetogile khutsafalo.+ 16  Serwalo sa bogosi se ole mo tlhogong ya rona. Ruri go latlhega rona, ka gonne re leofile! 17  Pelo ya rona e a lwala ka ntlha ya seno,+E bile matlho a rona a letobo ka ntlha ya dilo tseno,+ 18  Ka ntlha ya Thaba ya Siona e e kgakgabetseng;+ jaanong bophokoje ba tsamayatsamaya mo go yone. 19  Jehofa, o ntse mo setulong sa gago sa bogosi ka bosakhutleng. Bogosi jwa gago ke jwa bosakhutleng.+ 20  Ke ka ntlha yang fa o re lebetse ka bosakhutleng, e bile o re latlhile lobaka lo loleele jaana?+ 21  Ao tlhe Jehofa, re busetse kwa go wena, mme re tla boela kwa go wena ka bonako.+ Ntšhafatsa malatsi a rona jaaka mo nakong e e fetileng.+ 22  Le fa go ntse jalo, o re ganne botlhoko. O nna o re galefetse fela thata.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “beteletswe.”
Kgotsa “a rwele lelwala.”