Dipalo 1:1-54

  • Banna ba kwadisediwa bosole (1-46)

  • Balefi ga ba letlelelwe go tsena mo bosoleng (47-51)

  • Kampa e rulaganngwa sentle (52-54)

1  Mme Jehofa o ne a bua le Moshe mo nageng ya Sinai,+ mo tenteng ya bokopanelo,+ mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya bobedi, mo ngwageng wa bobedi ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto.+ O ne a re:  “Balang+ phuthego yotlhe ya Baiseraele,* mongwe le mongwe* go ya ka malapa a bone, go ya ka dikgotla tsa bone, go ya ka palo ya maina a banna botlhe.  Wena le Arone lo ba kwadise go ya ka mephato ya bone,* botlhe ba dingwaga tsa bone di simololang ka 20 go ya kwa godimo+ ba ba ka nnang masole mo Iseraele.  “Lo tseye monna a le mongwe go tswa mo lotsong longwe le longwe; mongwe le mongwe wa bone e tla nna tlhogo ya kgotla ya bone.+  Ano ke maina a banna ba ba tla lo thusang: go tswa mo lotsong lwa ga Rubene, Elisure+ morwa Shedeure;  go tswa mo lotsong lwa ga Simeone, Shelumiele+ morwa Surishadai;  go tswa mo lotsong lwa ga Juda, Nashone+ morwa Aminadabe;  go tswa mo lotsong lwa ga Isakare, Nethanele+ morwa Suare;  go tswa mo lotsong lwa ga Sebulone, Eliabe+ morwa Helone; 10  ba bomorwa Josefa: go tswa mo go Eferaime,+ Elishama morwa Amihude; go tswa mo go Manase, Gamaliele morwa Pedasure; 11  go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine, Abidane+ morwa Gideoni; 12  go tswa mo lotsong lwa ga Dana, Ahiesere+ morwa Amishadai; 13  go tswa mo lotsong lwa ga Ashera, Pagiele+ morwa Okerane; 14  go tswa mo lotsong lwa ga Gada, Eliasafe+ morwa Duele; 15  go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali, Ahira+ morwa Enane. 16  Bano ke ba ba biditsweng go tswa mo phuthegong. Ke dikgosana+ tsa ditso tsa borraabone, ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele.”+ 17  Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba tsaya banna bano ba ba neng ba tlhaotswe ka maina. 18  Ba ne ba phutha phuthego yotlhe mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya bobedi, gore ba kwadise mongwe le mongwe go ya ka leina, ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone, go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo,+ 19  fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. Ka jalo, o ne a ba kwadisa mo nageng ya Sinai.+ 20  Bomorwa Rubene, ditlogolwana tsa leitibolo la ga Iseraele,+ ba ne ba kwadisiwa go ya ka maina a bone, ka malapa a bone le ka dikgotla tsa bone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole, mongwe le mongwe wa bone o ne a balwa, 21  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Rubene e ne e le 46 500. 22  Ditlogolwana tsa ga Simeone+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole, mongwe le mongwe wa bone o ne a balwa, 23  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Simeone e ne e le 59 300. 24  Ditlogolwana tsa ga Gada+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 25  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Gada e ne e le 45 650. 26  Ditlogolwana tsa ga Juda+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 27  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Juda e ne e le 74 600. 28  Ditlogolwana tsa ga Isakare+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 29  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Isakare e ne e le 54 400. 30  Ditlogolwana tsa ga Sebulone+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 31  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Sebulone e ne e le 57 400. 32  Ditlogolwana tsa ga Josefa ka Eferaime+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 33  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Eferaime e ne e le 40 500. 34  Ditlogolwana tsa ga Manase+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 35  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Manase e ne e le 32 200. 36  Ditlogolwana tsa ga Benjamine+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 37  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Benjamine e ne e le 35 400. 38  Ditlogolwana tsa ga Dana+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 39  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Dana e ne e le 62 700. 40  Ditlogolwana tsa ga Ashera+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 41  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Ashera e ne e le 41 500. 42  Ditlogolwana tsa ga Nafetali+ di ne tsa kwadisiwa go ya ka maina a tsone, ka malapa a tsone le ka dikgotla tsa tsone. Banna botlhe ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole ba ne ba balwa, 43  mme palo ya ba ba kwadisitsweng ba lotso lwa ga Nafetali e ne e le 53 400. 44  Bano ba ne ba kwadisiwa ke Moshe mmogo le Arone le dikgosana tse 12 tsa Iseraele, nngwe le nngwe ya tsone e emela kgotla ya bone. 45  Baiseraele botlhe go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ba ba kgonang go nna masole mo Iseraele, ba ne ba kwadisiwa go ya ka dikgotla tsa bone, 46  mme palo ya botlhe ba ba kwadisitsweng e ne e le 603 550.+ 47  Mme Balefi+ go ya ka lotso lwa borraabone ba ne ba se ka ba kwadisiwa.+ 48  Ka jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 49  “Lotso lwa ga Lefi ke lone fela lo o se kitlang o le kwadisa e bile o se ka wa kopanya palo ya bone le ya Baiseraele ba bangwe.+ 50  O tlhome Balefi gore ba okamele motlaagana o o nang le letlole la kgolagano*+ le dilwana tsotlhe tsa one le sengwe le sengwe sa one.+ Ba tla tsaya motlaagana le dilwana tsotlhe tsa one+ e bile ba tla direla mo go one+ mme ba tla nna go dikologa motlaagana.+ 51  Nako epe fela fa motlaagana o tshwanetse go fudusiwa, Balefi ba o rutlolole;+ mme fa motlaagana o tshwanetse go tlhomiwa gape, Balefi ba o tlhome; mme motho ope yo o sa tshwanelegeng* yo o atamelang a bolawe.+ 52  “Moiseraele mongwe le mongwe a tlhome tente ya gagwe mo kampeng e a e abetsweng, motho mongwe le mongwe go ya ka setlhopha sa gagwe sa ditso tse tharo*+ go ya ka mephato ya bone.* 53  Mme Balefi ba nne go dikologa motlaagana, gore phuthego ya Baiseraele e se ka ya galefelwa;+ mme Balefi ba tshwanetse go tlhokomela* motlaagana.”+ 54  Batho ba Iseraele ba ne ba dira sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe. Ba ne ba dira fela jalo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bomorwa Iseraele.”
Kgotsa “tlhogo nngwe le nngwe ya bone.”
Seheb., “ka masomosomo a bone.”
Seheb., “motlaagana wa Tshupo.”
Seheb., “motho o sele,” go tewa motho yo e seng Molefi.
Kgotsa “go ya ka letshwao la gagwe.”
Seheb., “go ya ka masomosomo a bone.”
Kgotsa “go disa; go dira tirelo ya bone kwa.”