Dipalo 10:1-36

  • Diterompeta tsa selefera (1-10)

  • Ba tswa mo Sinai (11-13)

  • Thulaganyo e ba tsamayang ka yone (14-28)

  • Hobabe o kopiwa go kaela Baiseraele (29-34)

  • Thapelo ya ga Moshe fa ba fuduga (35, 36)

10  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re:  “Itirele diterompeta di le pedi;+ o di dire ka selefera e e papetlilweng mme o di dirisetse go bitsa phuthego le go fudusa dikampa.  Fa tsoopedi di lediwa, phuthego yotlhe e tshwanetse go phuthegela kwa go wena kwa kgorong ya tente ya bokopanelo.+  Fa go lediwa e le nngwe, dikgosana, e leng ditlhogo tsa ba ba dikete ba Iseraele, ke tsone fela tse di tla phuthegelang kwa go wena.+  “Fa lo letsa modumo wa terompeta o o fetofetogang, dikampa tse di kwa botlhaba+ di fuduge.  Fa lo letsa modumo wa terompeta o o fetofetogang lekgetlo la bobedi, dikampa tse di kwa borwa+ di fuduge. Ba letse medumo ya terompeta ka tsela eno nako le nako fa kampa nngwe e fuduga.  “Jaanong fa lo bitsa phuthego, lo letse diterompeta+ tseno, mme lo se ka lwa di letsa ka modumo o o fetofetogang.  Bomorwa Arone, e bong baperesiti, ba letse diterompeta+ tseno mme lo tla di dirisa e le molao o o tla nnelang ruri mo go lona mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona.  “Fa lo le mo lefatsheng la lona mme lo ya ntweng lo ya go lwa le mogateledi yo o lo bogisang, lo letse mokgosi wa ntwa ka diterompeta+ tseno mme Jehofa, Modimo wa lona, o tla lo gakologelwa a bo a lo boloka mo babeng ba lona. 10  “Gape le mo dipakeng tsa lona tsa go itumela,+ e leng meletlo+ ya lona le mo tshimologong ya dikgwedi tsa lona, lo letse diterompeta tseno fa lo tlisa ditlhabelo tsa lona tse di fisiwang+ le ditlhabelo tsa lona tsa go abelana;+ di tla dira gore Modimo wa lona a lo gopole. Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.”+ 11  Jaanong mo ngwageng wa bobedi, mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bo20 la kgwedi eo,+ leru le ne la tsholetsega la tswa mo godimo ga motlaagana+ o o nang le letlole la kgolagano.* 12  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba simolola go fuduga ba tswa mo nageng ya Sinai ka thulaganyo e ba neng ba e diretswe gore ba e latele fa ba fuduga,+ mme leru la nna mo nageng ya Parana.+ 13  Leno e ne e le lekgetlo la ntlha ba fuduga ba latela thulaganyo ya ga Jehofa e a neng a e laetse Moshe.+ 14  Ka jalo, setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya bomorwa Juda se ne sa tsamaya pele go ya ka mephato ya sone,* mme Nashone+ morwa Aminadabe o ne a okametse mophato wa sone. 15  Mophato wa lotso lwa bomorwa Isakare o ne o okametswe ke Nethanele+ morwa Suare. 16  Mophato wa lotso lwa bomorwa Sebulone o ne o okametswe ke Eliabe+ morwa Helone. 17  E ne e re fa motlaagana o tlhatlhamololwa,+ bomorwa Gereshone+ le bomorwa Merari,+ ba ba neng ba tsaya motlaagana, ba ne ba tsamaya. 18  Go tswa foo, setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Rubene se ne se tsamaya go ya ka mephato ya sone,* mme Elisure+ morwa Shedeure o ne a okametse mophato wa sone. 19  Mophato wa lotso lwa bomorwa Simeone o ne o okametswe ke Shelumiele+ morwa Surishadai. 20  Mophato wa lotso lwa bomorwa Gada o ne o okametswe ke Eliasafe+ morwa Duele. 21  Morago ga moo, go ne go tsamaya Bakohathe, ba ba neng ba tsaya dilwana tsa lefelo le le boitshepo.+ Motlaagana o ne o tla bo o tlhomilwe ka nako ya fa ba goroga. 22  Go tswa foo, setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya bomorwa Eferaime se ne sa tsamaya go ya ka mephato ya sone,* mme Elishama+ morwa Amihude o ne a okametse mophato wa sone. 23  Mophato wa lotso lwa bomorwa Manase o ne o okametswe ke Gamaliele+ morwa Pedasure. 24  Mophato wa lotso lwa bomorwa Benjamine o ne o okametswe ke Abidane+ morwa Gideoni. 25  Morago ga moo, setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya bomorwa Dana se ne sa tsamaya go ya ka mephato ya sone,* e ne ya nna sone se se sireletsang dikampa tsotlhe kwa morago, mme Ahiesere+ morwa Amishadai o ne a okametse mophato wa sone. 26  Mophato wa lotso lwa bomorwa Ashera o ne o okametswe ke Pagiele+ morwa Okerane. 27  Mophato wa lotso lwa bomorwa Nafetali o ne o okametswe ke Ahira+ morwa Enane. 28  Eno e ne e le thulaganyo ya go fuduga e Baiseraele le mephato ya bone* ba neng ba e latela fa ba ne ba fuduga.+ 29  Foo Moshe o ne a raya Hobabe morwa Reuele*+ wa Momidiana, mogwegadiagwe Moshe a re: “Re fudugela kwa lefelong le Jehofa a neng a bua ka lone a re, ‘Ke tla le lo naya.’+ Tsamaya le rona,+ mme re tla go tshwara sentle ka gonne Jehofa o solofeditse Iseraele dilo tse di molemo.”+ 30  Mme ene a mo raya a re: “Ga nkitla ke tsamaya le lona. Ke tla boela kwa nageng ya gaetsho le kwa go ba losika lwa me.” 31  Foo Moshe o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, o se ka wa re tlogela ka gonne o itse kwa re yang go nna gone mo nageng e bile o ka nna mokaedi wa* rona. 32  Mme fa o ka tsamaya le rona,+ molemo ope fela o Jehofa a tla re o bontshang, ruri le rona re tla go o bontsha.” 33  Ka jalo, ba ne ba simolola go tswa kwa thabeng ya ga Jehofa+ ba tsamaya malatsi a le mararo mme letlole+ la kgolagano ya ga Jehofa le ne le tsamaya kwa pele ga bone mo loetong lono lwa malatsi a le mararo gore le ba batlele lefelo la boikhutso.+ 34  Mme leru la ga Jehofa+ le ne le le kwa godimo ga bone motshegare fa ba ne ba tswa mo kampeng. 35  Nako epe fela fa Letlole le ne le fudusiwa, Moshe o ne a tle a re: “Dira sengwe tlhe Jehofa,+ mme o gasamise baba ba gago, a ba ba go tlhoileng ba tshabe fa pele ga gago.” 36  Mme fa le ne le ema, o ne a tle a re: “Boela mo diketeketeng tsa Baiseraele tse di se nang palo* tlhe Jehofa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “motlaagana wa Tshupo.”
Seheb., “ka masomosomo a sone.”
Seheb., “ka masomosomo a sone.”
Seheb., “ka masomosomo a sone.”
Seheb., “ka masomosomo a sone.”
Seheb., “go ya ka masomosomo a bone.”
Go tewa Jethero.
Kgotsa “matlho a.”
Kgotsa “tse e leng dimiriate.”