Dipalo 13:1-33

  • Ditlhola tse 12 di romelwa kwa Kanana (1-24)

  • Ditlhola tse di lesome di tlisa pego e e sa siamang (25-33)

13  Jaanong Jehofa o ne a bua le Moshe a re:  “Romela banna gore ba ye go tlhola* lefatshe la Kanana, le ke tla le nayang Baiseraele. Lo romele monna a le mongwe gore a emele lotso lwa ga rraagwe, mongwe le mongwe e le kgosana+ ya bone.”+  Ka jalo, Moshe o ne a ba roma go tswa mo nageng ya Parana+ ka taelo ya ga Jehofa. Banna bano botlhe e ne e le ditlhogo tsa Baiseraele.  Ano ke maina a bone: wa lotso lwa ga Rubene, Shammua morwa Sakure;  wa lotso lwa ga Simeone, Shafate morwa Hori;  wa lotso lwa ga Juda, Kalebe+ morwa Jefune;  wa lotso lwa ga Isakare, Igale morwa Josefa;  wa lotso lwa ga Eferaime, Hoshea+ morwa Nune;  wa lotso lwa ga Benjamine, Palati morwa Rafu; 10  wa lotso lwa ga Sebulone, Gadiele morwa Sodi; 11  wa lotso lwa ga Josefa,+ yo o emelang lotso lwa ga Manase,+ Gadi morwa Susi; 12  wa lotso lwa ga Dana, Amiele morwa Gemali; 13  wa lotso lwa ga Ashera, Sethure morwa Mikaele; 14  wa lotso lwa ga Nafetali, Nabi morwa Fofesi; 15  wa lotso lwa ga Gada, Geuele morwa Maki. 16  Ano ke maina a banna ba Moshe a neng a ba roma go ya go tlhola lefatshe. Mme Moshe o ne a bitsa Hoshea morwa Nune a re Joshua.*+ 17  Fa Moshe a ne a ba roma go ya go tlhola lefatshe la Kanana, o ne a ba raya a re: “Tlhatlogang lo tsene mo Negebe, go tswa foo, lo tlhatlogele kwa kgaolong e e dithaba.+ 18  Lo ye go tlhola lefatshe leo gore le ntse jang+ le gore a batho ba ba nnang mo go lone ba nonofile kgotsa ba bokoa, a ba mmalwa kgotsa ba bantsi, 19  le gore a lefatshe le ba nnang mo go lone le molemo kgotsa le bosula le gore a metse e ba nnang mo go yone ke dikampa kgotsa e ageletswe ka dipota. 20  Gape lo tlhole gore a lefatshe leo le humile* kgotsa le humanegile,*+ le gore a go na le ditlhare mo go lone kgotsa nnyaa. Lo tshwanetse go nna pelokgale+ mme lo tseye mangwe a maungo a lefatshe leo.” Jaanong e ne e le ka paka ya morara* o o buduleng pele.+ 21  Ka jalo, ba ne ba tlhatloga mme ba tlhola lefatshe go tswa kwa nageng ya Tsine+ go ya kwa Rehobe,+ gaufi le Lebo-hamathe.*+ 22  Fa ba tlhatlogela kwa Negebe, ba ne ba goroga kwa Heberone,+ kwa Ahimane, Sheshai le Talemai,+ ba e leng Baanake,+ ba neng ba nna gone. Mme Heberone e ne e agilwe dingwaga di le supa pele ga Soane e e kwa Egepeto. 23  Fa ba fitlha mo Mokgatšheng* wa Eshekole,+ ba ne ba kgaola kala ya morara, e banna ba le babedi ba bone ba neng ba tshwanelwa ke go e rwala ka kota, mmogo le digaranata le difeige.+ 24  Ba ne ba bitsa lefelo leo Mokgatšha* wa Eshekole,*+ ka ntlha ya kala e Baiseraele ba neng ba e kgaotse koo. 25  Kwa bokhutlong jwa malatsi a le 40,+ ba ne ba boa ba tswa go tlhola lefatshe. 26  Ka jalo, ba ne ba boela kwa go Moshe le Arone le kwa phuthegong yotlhe ya Baiseraele kwa nageng ya Parana, kwa Kadeshe.+ Ba ne ba tlisa pego kwa phuthegong yotlhe e bile ba ne ba ba bontsha maungo a lefatshe leo. 27  Eno ke pego e ba neng ba e bolelela Moshe: “Re ne ra tsena mo lefatsheng le o neng o re romile kwa go lone, mme ruri le elela mashi le tswina ya dinotshe+ e bile ano ke maungo a lone.+ 28  Le fa go ntse jalo, batho ba ba nnang mo lefatsheng leo ba nonofile e bile metse ya bone e e sireletsegileng e megolo thata. Gape re bone Baanake koo.+ 29  Baamaleke+ ba nna mo lefatsheng la Negebe,+ mme Bahite, Bajebuse+ le Baamore+ ba nna mo kgaolong e e dithaba, mme Bakanana+ ba nna gaufi le lewatle+ le fa thoko ga Joredane.” 30  Foo Kalebe o ne a leka go ritibatsa batho fa ba ntse ba eme fa pele ga ga Moshe, a re: “A re tlhatlogeng ka bonako, mme re tla le rua, ka gonne ruri re ka kgona go le gapa.”+ 31  Le fa go ntse jalo, banna ba ba neng ba tsamaile le ene ba ne ba re: “Re ka se kgone go tlhatloga re ya go tlhasela batho bao ka gonne ba nonofile go re feta.”+ 32  Mme ba ne ba nna ba naya Baiseraele pego e e sa siamang+ ka lefatshe le ba neng ba ile go le tlhola, ba re: “Lefatshe le re neng ra tsamaya mo go lone re le tlhola, ke lefatshe le le jang banni ba lone, mme batho botlhe ba re ba boneng mo go lone ke banna ba bogolo jo bo sa tlwaelegang.+ 33  Gape re bone Banefilime gone, bomorwa Anake,+ ba ba tswang mo* Banefilimeng, mme fa re ipapisa le bone re ne re ntse jaaka ditsiakgope fela, le bone ba ne ba re bona re ntse jaaka ditsiakgope.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “sekaseka.”
Kgotsa “Jehoshua,” mo go kayang “Jehofa ke Poloko.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “bopame; otile.”
Seheb., “nonne.”
Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”
Kgotsa “Molapo.”
Kgotsa “Molapo.”
Mo go kayang “Lesitlha la Morara.”
Kgotsa “ditlogolwana tsa.”