Dipalo 15:1-41

  • Melao e e amanang le ditlhabelo (1-21)

    • Baiseraele le batswakwa ba nne le molao o le mongwe (15, 16)

  • Ditlhabelo tsa maleo a a dirilweng ka phoso (22-29)

  • Kotlhao ya maleo a a dirilweng ka boomo (30, 31)

  • Yo o tlolang molao wa Sabata a bolawe (32-36)

  • Diaparo di nne le makgabenyana mo momenong o o kwa tlase (37-41)

15  Jehofa o ne a bua gape le Moshe a re:  “Bua le Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Fa lo setse lo gorogile mo lefatsheng le ke le lo nayang gore lo age mo go lone+  mme lo isetsa Jehofa setlhabelo se se dirwang ka molelo go tswa mo motlhapeng kgotsa mo letsomaneng, e ka tswa e le setlhabelo se se fisiwang+ kgotsa setlhabelo sa go dira maikano a a kgethegileng kgotsa se se ntshiwang ka go rata+ kgotsa setlhabelo se se ntshiwang ka nako ya meletlo ya lona ya dipaka,+ gore lo dire lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa,+  motho yo o isang setlhabelo sa gagwe, gape o tshwanetse go isetsa Jehofa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa bupi jo bo boleta,+ jwa kilogerama e ka nna nngwe* bo tlhakantswe le leokwane la selekanyo sa litara e le nngwe.*  Gape o ise beine ya selekanyo sa litara e le nngwe e le setlhabelo sa senô, mmogo le setlhabelo se se fisiwang+ kgotsa le setlhabelo sa kwanyana nngwe le nngwe e tonanyana.  Kgotsa fa o isa phelefu, o dire setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa bupi jo bo boleta jwa dikilogerama di ka nna pedi jo bo tlhakantsweng le leokwane la selekanyo sa litara e le nngwe.*  Mme o ise beine e le setlhabelo sa senô, sa litara e le nngwe e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.  “‘Mme gone, fa o isetsa Jehofa phologolo e tonanyana e e tswang mo motlhapeng e le setlhabelo se se fisiwang+ kgotsa e le setlhabelo sa go dira maikano a a kgethegileng+ kgotsa e le ditlhabelo tsa go abelana,+  gape o ise phologolo eo e tonanyana e e tswang mo motlhapeng mmogo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ sa bupi jo bo boleta jwa dikilogerama di ka nna tharo le halofo jo bo tlhakantsweng le leokwane la dilitara di le tharo le halofo. 10  O ise le beine e le setlhabelo sa senô,+ dilitara di ka nna pedi, e le setlhabelo se se dirwang ka molelo, e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa. 11  Seno ke se se tla dirwang fa go ntshiwa poo nngwe le nngwe kgotsa phelefu nngwe le nngwe kgotsa kwanyana nngwe le nngwe e tonanyana kgotsa podi nngwe le nngwe. 12  Le fa lo ka tswa lo ntsha palo e e kana kang, seo ke se se tla dirwang fa go ntshiwa nngwe le nngwe ya tsone, go ya ka palo ya tsone. 13  Eno ke tsela e Moiseraele mongwe le mongwe a tla isang setlhabelo se se dirwang ka molelo ka yone, e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa. 14  “‘Fa motswakwa yo o agileng le lona kgotsa mongwe yo o ntseng a na le lona mo dikokomaneng tsa lona tse dintsi le ene a isa setlhabelo se se dirwang ka molelo, e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa, a dire fela jaaka lo dira.+ 15  Lona ba phuthego le motswakwa yo o agileng le lona lo tla nna le molao o le mongwe fela. E tla nna molao o o tla nnelang ruri mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona. Motswakwa o tla tshwana fela le lona fa pele ga ga Jehofa.+ 16  Go nne le molao o le mongwe le tshwetso e le nngwe ya boatlhodi mo go lona le mo mothong yo o agileng le lona e le motswakwa.’” 17  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 18  “Bua le Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Fa lo goroga mo lefatsheng le ke lo tlisang mo go lone 19  mme lo ja senkgwe* sa lefatshe leo,+ lo ntshetse Jehofa moneelo. 20  Lo ntshe moneelo wa mabutswapele+ a bupi jwa lona jo bo seng boleta e le dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka. Lo o ntshe fela jaaka fa lo ntsha moneelo wa seboana. 21  Lo ntshe mangwe a mabutswapele a bupi jwa lona jo bo seng boleta e le moneelo o o yang kwa go Jehofa go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona. 22  “‘Jaanong fa lo dira phoso mme lo palelwa ke go ikobela ditaelo tseno tsotlhe tse Jehofa a di buileng le Moshe, 23  sotlhe se Jehofa a neng a se lo laela ka Moshe go tloga ka letsatsi le Jehofa a neng a laela ka lone le go ya pele le dikokomana tsotlhe tsa lona, 24  mme fa phoso eo e sa dirwa ka boomo e bile phuthego e sa itse ka yone, phuthego yotlhe e tshwanetse go ntsha powana e le nngwe e le setlhabelo se se fisiwang gore e nne lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa, mmogo le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô go ya ka fa thulaganyong ya ka metlha+ le potsane e le nngwe e le setlhabelo sa boleo.+ 25  Moperesiti a ntshetse phuthego yotlhe ya Baiseraele setlhabelo sa go itshwarelwa maleo, mme ba tla itshwarelwa+ ka gonne e ne e le phoso, e bile ba ile ba tlisetsa Jehofa setlhabelo sa bone, e le setlhabelo se se dirwang ka molelo, gape ba ile ba tlisa setlhabelo sa bone sa boleo fa pele ga ga Jehofa ka ntlha ya phoso ya bone. 26  Phuthego yotlhe ya Baiseraele e tla itshwarelwa go akaretsa le motswakwa yo o agileng mo go bone, ka gonne e ne e le phoso ya batho botlhe. 27  “‘Fa motho a leofa ka phoso, foo o tshwanetse go isa podi e namagadi e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase e le setlhabelo sa boleo.+ 28  Mme moperesiti o tla ntsha setlhabelo sa go itshwarelwa maleo, a se ntshetsa motho yo o dirileng phoso ka go leofela Jehofa e se ka boomo, mme o tla itshwarelwa.+ 29  Baiseraele le motswakwa yo o agileng le bone, ba kaelwe ke molao o le mongwe o o amanang le kgang ya go dira sengwe e se ka boomo.+ 30  “‘Mme motho yo o dirang sengwe ka boomo,+ e ka tswa e le motho wa mo lefelong la lona kgotsa motswakwa, o tlhapatsa Jehofa mme o tshwanetse go bolawa. 31  E re ka motho yoo a nyaditse lefoko la ga Jehofa e bile a tlodile taelo ya gagwe, o tshwanetse go bolawa.+ O tshwanetse go otlhaelwa molato wa gagwe.’”+ 32  Fa Baiseraele ba ne ba sa ntse ba le mo nageng, ba ne ba fitlhela motho a rwalela dikgong ka letsatsi la Sabata.+ 33  Ba ba neng ba mo fitlhela a rwalela dikgong ba ne ba mo tlisa kwa go Moshe le Arone le kwa phuthegong yotlhe. 34  Ba ne ba mo tsenya mo kgolegelong+ ka gonne go ne go ise go tlhalosiwe gore a dirwe eng. 35  Mme Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Monna yoo o tshwanetse go bolawa+ mme phuthego yotlhe e mo kgobotletse ka maje kwa ntle ga kampa.”+ 36  Ka jalo, phuthego yotlhe e ne ya mo ntshetsa kwa ntle ga kampa mme ya mo kgobotletsa ka maje mme a swa, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 37  Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re: 38  “Bua le Baiseraele mme o ba bolelele gore ba tshwanetse go itirela makgabenyana mo momenong o o kwa tlase mo diaparong tsa bone go ya le dikokomana tsotlhe tsa bone, mme ba rokelele thapo e e botala jwa loapi mo godimo ga makgabenyana a seaparo.+ 39  ‘Lo tshwanetse go nna le makgabenyana ano gore lo nne lo a bona mme lo gakologelwe ditaelo tsotlhe tsa ga Jehofa lo bo lo di boloke.+ Ga lo a tshwanela go sala dipelo tsa lona le matlho a lona morago, tse di dirang gore lo se ka lwa ikanyega mo go nna.*+ 40  Seno se tla lo thusa gore lo gakologelwe mme lo tla ikobela ditaelo tsa me tsotlhe e bile lo tla nna boitshepo mo Modimong wa lona.+ 41  Ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke itshupe ke le Modimo wa lona.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “jwa nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa nngwennêng (1/4) ya hine.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa nngwetharong (1/3) ya hine.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “dijo.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “lo gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso.”