Dipalo 16:1-50

  • Botlhanogi jwa ga Kora, Dathane le Abirame (1-19)

  • Batlhanogi bano ba a atlholwa (20-50)

16  Go tswa foo, Kora+ morwa Isehare,+ morwa Kohathe,+ morwa Lefi,+ o ne a ema mmogo le Dathane le Abirame bomorwa Eliabe+ le One morwa Pelethe, ba ba tswang mo go bomorwa Rubene.+  Ba ne ba ganetsana le Moshe, ba na le banna ba Baiseraele ba le 250, dikgosana tsa phuthego, ba ba tlhophilweng mo phuthegong, banna ba ba itsegeng.  Ka jalo, ba ne ba phuthega mmogo+ mme ba ya kwa go Moshe le Arone ba bo ba ba raya ba re: “Re utlwile ke lona! Phuthego yotlhe e boitshepo,+ botlhe fela, e bile Jehofa o na le bone.+ Ke ka ntlha yang fa lo ikgodisetsa phuthego ya ga Jehofa?”  Fa Moshe a utlwa seno, ka yone nako eo o ne a wela fa fatshe ka sefatlhego.  Go tswa foo, o ne a raya Kora le botlhe ba ba neng ba mo eme nôkeng a re: “Mo mosong Jehofa o tla itsise gore ke mang yo e leng wa gagwe+ le gore ke mang yo o boitshepo le gore ke mang yo o tla mo atamelang,+ mme ope fela yo a tla mo tlhophang+ o tla mo atamela.  Dirang seno: Itseeleng ditsholamolelo,+ wena Kora le botlhe ba ba go emeng nôkeng,+  mme lo tsenye molelo mo go tsone lo bo lo baya maswalo mo go tsone fa pele ga ga Jehofa kamoso, mme motho yo Jehofa a tla mo tlhophang,+ ke ene yo o boitshepo. Go lekane ka lona bomorwa Lefi!”+  Morago ga moo, Moshe o ne a raya Kora a re: “Tsweetswee, reetsang lona bomorwa Lefi.  A lo tsaya seno e le selo se sennye mo go lona go bo Modimo wa Iseraele a lo tlhaotse mo phuthegong ya Iseraele+ e bile a lo letlile gore lo mo atamele gore lo dire tirelo ya mo motlaaganeng wa ga Jehofa le gore lo eme fa pele ga phuthego lo e direle,+ 10  le go bo a lo atameditse gaufi le ene mmogo le bomorwarraalona botlhe, e bong bomorwa Lefi? A jaanong lo leka go tsaya le boperesiti?+ 11  Ka lebaka leno, wena le botlhe ba ba go emeng nôkeng ba ba phuthegileng mmogo, lo ganetsana le Jehofa. Fa e le Arone ene, tota ke mang go bo lo ngongorega ka ene?”+ 12  Moragonyana Moshe o ne a roma gore go bidiwe Dathane le Abirame+ bomorwa Eliabe, mme ba ne ba re: “Ga re na go tla! 13  A ke selo se sennye jalo go bo o re ntshitse kwa lefatsheng le le elelang mashi le tswina ya dinotshe go tla go re bolaela mo nageng?+ Jaanong, a gape o batla go itira mmusi o le nosi mo go rona?* 14  Tota e bile, ga o a re tlisa mo lefatsheng lepe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe+ e bile ga o a re naya boswa bope jwa tshimo le tshimo ya morara.* A o batla go gonya matlho a banna bao? Ga re na go tla!” 15  Ka jalo, Moshe o ne a galefa fela thata mme a raya Jehofa a re: “O se ka wa retologa wa leba setlhabelo sa bone sa dijo tsa ditlhaka. Ga ke a tsaya tonki epe mo go bone e bile ga ke a gobatsa ope wa bone.”+ 16  Go tswa foo, Moshe o ne a raya Kora a re: “Wena le botlhe ba ba go emeng nôkeng, lo tle fa pele ga ga Jehofa kamoso, wena le bone le Arone. 17  Mongwe le mongwe a tseye setsholamolelo sa gagwe a bo a tsenya maswalo mo go sone, mme mongwe le mongwe o tla isa setsholamolelo sa gagwe fa pele ga ga Jehofa, ditsholamolelo di le 250, mmogo le wena le Arone, mongwe le mongwe a tshotse setsholamolelo sa gagwe.” 18  Ka jalo, mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya setsholamolelo sa gagwe mme ba ne ba tsenya molelo le maswalo mo go tsone ba bo ba ema fa kgorong ya tente ya bokopanelo mmogo le Moshe le Arone. 19  Fa Kora a sena go phuthela botlhe ba ba mo emeng nôkeng+ ba ba ganetsanang le Moshe le Arone kwa tenteng ya bokopanelo, kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya bonala mo phuthegong yotlhe.+ 20  Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: 21  “Tswang mo gare ga setlhopha seno, gore ke tle ke ba nyeletse ka ponyo ya leitlho.”+ 22  Foo ba wela fa fatshe ka difatlhego mme ba re: “Ao tlhe Modimo, Modimo yo o nayang batho botlhe botshelo,*+ a boleo jwa motho a le mongwe fela bo tla dira gore o galefele phuthego yotlhe?”+ 23  Go tswa foo, Jehofa o ne a bua le Moshe a re: 24  “Bua le phuthego eno mme o ba reye o re, ‘Tswang mo tikologong ya ditente tsa ga Kora, Dathane le Abirame!’”+ 25  Morago ga moo, Moshe o ne a ema mme a ya kwa go Dathane le Abirame, mme bagolwane+ ba Iseraele ba ne ba tsamaya le ene. 26  O ne a raya phuthego a re: “Tsweetswee, katogelang kgakala le ditente tsa banna bano ba ba bosula mme lo se ka lwa kgoma sepe sa bone, gore lo se ka lwa gogolwa mo boleong jotlhe jwa bone.” 27  Ka yone nako eo, ba ne ba tloga fa ditenteng tsa ga Kora, Dathane le Abirame, mo matlhakoreng otlhe, mme Dathane le Abirame ba ne ba tswa, ba ema fa kgorong ya ditente tsa bone mmogo le basadi ba bone, le bomorwaabone le bana ba bone ba bannye. 28  Go tswa foo, Moshe o ne a re: “Lo tla itse ka seno gore Jehofa o nthomile gore ke dire dilo tseno tsotlhe, gore ga se tse di tswang mo pelong ya me:* 29  Fa e le gore batho bano ba tla swa loso lo lo tshwanang le lwa batho botlhe e bile fa kotlhao ya bone e tshwana le ya batho botlhe, foo Jehofa e tla bo e se ene a nthomileng.+ 30  Mme fa Jehofa a dira sengwe se se sa tlwaelegang ka bone mme lefatshe le bulega* le bo le ba kometsa le sengwe le sengwe sa bone mme ba fologela mo teng ga Lebitla* ba tshela, ruri lo tla itse gore banna bano ba ne ba se ka ba tlotla Jehofa.” 31  Fela fa a fetsa go bua mafoko ano otlhe, lefatshe le ne la phatloga ka fa tlase ga bone.+ 32  Mme lefatshe le ne la bulega* le bo le ba kometsa mmogo le ba matlo a bone le mongwe le mongwe yo e neng e le wa ga Kora+ le dithoto tsotlhe tsa bone. 33  Ka jalo, bone le botlhe ba e neng e le ba bone ba ne ba fologela mo Lebitleng* ba tshela mme lefatshe le ne la ba khurumetsa, mo ba neng ba nyelela ba tswa mo phuthegong.+ 34  Fa ba goa, Baiseraele botlhe ba ba neng ba ba dikologile ba ne ba tshaba, ka gonne ba ne ba re: “Re boifa gore lefatshe le ka nna la re kometsa!” 35  Go tswa foo, molelo o ne wa tswa kwa go Jehofa+ mme wa laila banna ba ba 250 ba ba neng ba isa maswalo.+ 36  Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: 37  “Raya Eliasare morwa moperesiti Arone o re a ntshe ditsholamolelo+ mo molelong, ka gonne di boitshepo. Gape o mmolelele gore a gasetse molelo oo kgakala. 38  Ditsholamolelo tsa banna bano ba ba neng ba leofa mme ba bolawa, di papetliwe di nne ditshesane gore di manegwe mo sebesong,+ ka gonne ba ne ba di isa fa pele ga ga Jehofa mme di ne tsa nna boitshepo. Di nne sesupo mo Baiseraeleng.”+ 39  Ka jalo, moperesiti Eliasare o ne a tsaya ditsholamolelo tsa kopore, tse di neng di tlisitswe ke ba ba neng ba fisiwa mme a di papetla gore go manegwe sebeso ka tsone, 40  fela jaaka Jehofa a ne a mmoleletse ka Moshe. E ne ya nna selo se se gopotsang Baiseraele gore motho ope yo o sa tshwanelegeng* yo e seng wa losika lwa ga Arone a se ka a atamela gore a fise maswalo fa pele ga ga Jehofa,+ le gore ope a se ka a tshwana le Kora le ba ba neng ba mo eme nôkeng.+ 41  Mo letsatsing le le latelang, phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya simolola go ngongorega ka Moshe le Arone,+ e re: “Lona ba babedi, lo bolaile batho ba ga Jehofa.” 42  Fa phuthego e sena go phuthega mmogo gore e ganetsane le Moshe le Arone, foo ba ne ba retologela kwa tenteng ya bokopanelo, mme leru le ne le e khurumeditse, mme kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya simolola go bonala.+ 43  Moshe le Arone ba ne ba ya fa pele ga tente ya bokopanelo+ 44  mme Jehofa o ne a raya Moshe a re: 45  “Tswang mo phuthegong eno, gore ke e fedise ka ponyo ya leitlho.”+ Fa ba utlwa seno ba wela fa fatshe ka difatlhego.+ 46  Go tswa foo, Moshe o ne a raya Arone a re: “Tsaya setsholamolelo mme o tseye molelo mo sebesong+ o o tsenye mo go sone o bo o baya maswalo mo go sone mme o itlhaganelele kwa bathong o ye go kopa gore ba itshwarelwe maleo a bone+ ka gonne Jehofa o galefile. Petso e setse e simologile!” 47  Ka yone nako eo, Arone o ne a se tsaya fela jaaka Moshe a ne a mmoleletse a bo a sianela kwa bathong mme petso e ne e setse e simolotse. Ka jalo, o ne a baya maswalo mo setsholamolelong e le gore a kope gore ba itshwarelwe maleo a bone. 48  O ne a tswelela a eme fa gare ga baswi le batshedi mme la bofelo petso e ne ya emisiwa. 49  Ba ba neng ba swa ka ntlha ya petso ba ne ba le 14 700, kwantle ga ba ba suleng ka ntlha ya ga Kora. 50  Fa Arone a boela kwa go Moshe kwa kgorong ya tente ya bokopanelo, petso e ne e setse e emisitswe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go rena mo go rona?”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “Modimo wa meya ya nama yotlhe.”
Kgotsa “ga se tsa go rata ga me.”
Seheb., “le bula molomo wa lone.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “la bula molomo wa lone.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “motho ope o sele.”