Dipalo 17:1-13

  • Thobane ya ga Arone e e ntshitseng matlhogela ke sesupo (1-13)

17  Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re:  “Bua le Baiseraele mme o tseye thobane e le nngwe mo go bone e e emelang lotso longwe le longwe lwa bone, go tswa mo dikgosaneng tsa lotso longwe le longwe lwa bone,+ tsotlhe e le dithobane di le 12. O kwale leina la mongwe le mongwe wa bone mo thobaneng ya gagwe.  O kwale leina la ga Arone mo thobaneng ya ga Lefi, ka gonne tlhogo nngwe le nngwe ya lotso lwa bone e na le thobane e le nngwe.  O beye dithobane tseo mo tenteng ya bokopanelo fa pele ga letlole la kgolagano,*+ kwa ke nnang ke itlhagisa teng mo go lona.+  Mme thobane ya monna yo ke mo tlhophang+ e tla ntsha matlhogela, mme ruri ke tla emisa dingongorego tsa Baiseraele ka nna,+ tse gape ba di ngongoregang ka lona.”+  Ka jalo, Moshe o ne a bua le Baiseraele mme dikgosana tsotlhe tsa bone tsa mo naya dithobane, kgosana nngwe le nngwe ya mo naya thobane e le nngwe ya lotso lwa bone, dithobane di le 12, mme thobane ya ga Arone e ne e le mo gare ga dithobane tsa bone.  Go tswa foo, Moshe o ne a baya dithobane tseo fa pele ga ga Jehofa mo tenteng e e nang le letlole la kgolagano.*  Mo letsatsing le le latelang, fa Moshe a ne a tsena mo tenteng, thobane ya ga Arone e e emelang lotso lwa ga Lefi e ne e tlhogile, mme e ne e ntsha matlhogela le malômô* e bile e ntsha maungo a a buduleng a dithamane.  Foo Moshe o ne a ntsha dithobane tsotlhe fa pele ga ga Jehofa a di isa kwa bathong botlhe ba Iseraele. Ba ne ba di leba mme monna mongwe le mongwe a tsaya thobane ya gagwe. 10  Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Busetsa thobane ya ga Arone+ fa pele ga letlole la kgolagano gore e nne selo se se tshwanetseng go bolokwa gore e nne sesupo+ mo batlhanoging bano,+ gore dingongorego tsa bone ka nna di fele le gore ba se ka ba swa.” 11  Ka yone nako eo, Moshe o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. O ne a dira fela jalo. 12  Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba raya Moshe ba re: “Jaanong re tlile go swa, ruri re tlile go nyelela, re tlile go nyelela rotlhe fela! 13  Ope fela yo o tla tlang gaufi le motlaagana wa ga Jehofa o tla swa!+ A re tla tshwanelwa ke go swa ka tsela eo?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ga Tshupo.”
Seheb., “mo tenteng ya Tshupo.”
Kgotsa “dithunya.”