Dipalo 2:1-34

  • Kampa e rulaganngwa ka ditlhopha tsa ditso tse tharo (1-34)

    • Setlhopha sa ga Juda se ntlheng ya botlhabatsatsi (3-9)

    • Setlhopha sa ga Rubene se ntlheng ya borwa (10-16)

    • Kampa ya ga Lefi e mo gare (17)

    • Setlhopha sa ga Eferaime se ntlheng ya bophirima (18-24)

    • Setlhopha sa ga Dana se ntlheng ya bokone (25-31)

    • Palogotlhe ya banna ba ba kwadisitsweng (32-34)

2  Jaanong Jehofa o ne a bua le Moshe le Arone a re:  “Baiseraele ba nne fa setlhopha sa bone sa ditso tse tharo+ se abetsweng gone, motho mongwe le mongwe a nne gaufi le letshwao la kgotla ya bone. Ba nne go lebagana le tente ya bokopanelo go e dikologa.  “Ba ba tla nnang ntlheng ya botlhaba, go ela kwa botlhabatsatsi, e tla nna setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Juda go ya ka mephato ya bone;* kgosana ya bomorwa Juda ke Nashone+ morwa Aminadabe.  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 74 600.+  Ba ba tla nnang fa thoko ga gagwe e tla nna lotso lwa ga Isakare; kgosana ya bomorwa Isakare ke Nethanele+ morwa Suare.  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 54 400.+  Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Sebulone; kgosana ya bomorwa Sebulone ke Eliabe+ morwa Helone.  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 57 400.+  “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo ditsong tsa kampa ya ga Juda ba 186 400. E nne bone ba ntlha go tsamaya fa go fudugiwa.+ 10  “Setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Rubene+ go ya ka mephato ya bone* se tla nna ntlheng ya borwa; kgosana ya bomorwa Rubene ke Elisure+ morwa Shedeure. 11  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 46 500.+ 12  Ba ba tla nnang fa thoko ga gagwe e tla nna lotso lwa ga Simeone; kgosana ya bomorwa Simeone ke Shelumiele+ morwa Surishadai. 13  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 59 300.+ 14  Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Gada; kgosana ya bomorwa Gada ke Eliasafe+ morwa Reuele. 15  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 45 650.+ 16  “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo ditsong tsa kampa ya ga Rubene ba 151 450, mme e nne bone ba bobedi go tsamaya fa go fudugiwa.+ 17  “Fa tente ya bokopanelo e fudusiwa,+ kampa ya Balefi e nne mo gare ga dikampa tse dingwe. “Ba nne ka thulaganyo e e tshwanang le ya fa ba tsamaya,+ mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe, go ya ka ditlhopha tsa bone tsa ditso tse tharo. 18  “Setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Eferaime go ya ka mephato ya bone* se tla nna ntlheng ya bophirima; kgosana ya bomorwa Eferaime ke Elishama+ morwa Amihude. 19  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 40 500.+ 20  Go bapa le ene go bo go latela lotso lwa ga Manase;+ kgosana ya bomorwa Manase ke Gamaliele+ morwa Pedasure. 21  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 32 200.+ 22  Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Benjamine; kgosana ya bomorwa Benjamine ke Abidane+ morwa Gideoni. 23  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 35 400.+ 24  “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo ditsong tsa kampa ya ga Eferaime ba 108 100, mme e nne bone ba boraro go tsamaya fa go fudugiwa.+ 25  “Setlhopha sa ditso tse tharo tsa kampa ya ga Dana go ya ka mephato ya bone* se tla nna ntlheng ya bokone; kgosana ya bomorwa Dana ke Ahiesere+ morwa Amishadai. 26  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 62 700.+ 27  Ba ba tla nnang fa thoko ga gagwe e tla nna lotso lwa ga Ashera; kgosana ya bomorwa Ashera ke Pagiele+ morwa Okerane. 28  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 41 500.+ 29  Go tswa foo, go bo go latela lotso lwa ga Nafetali; kgosana ya bomorwa Nafetali ke Ahira+ morwa Enane. 30  Ba ba kwadisitsweng mo lotsong lwa gagwe ba 53 400.+ 31  “Botlhe ba ba kwadisitsweng mo kampeng ya ga Dana ke 157 600. E nne bone ba bofelo go tsamaya fa go fudugiwa,+ go ya ka setlhopha sa bone sa ditso tse tharo.” 32  Bano e ne e le Baiseraele ba ba neng ba kwadisitswe go ya ka dikgotla tsa bone; palo ya botlhe ba ba neng ba kwadisitswe mo dikampeng tsa bone gore e nne masole e ne e le 603 550.+ 33  Mme Balefi ba ne ba se ka ba kwadisiwa+ le Baiseraele ba bangwe,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 34  Baiseraele ba ne ba dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se laetse Moshe. Eno ke tsela e ba neng ba nna ka yone go ya ka ditlhopha tsa bone tsa ditso tse tharo+ le e ba neng ba tsamaya ka yone fa ba fuduga,+ mongwe le mongwe go ya ka malapa le go ya ka dikgotla tsa bone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ka masomosomo a bone.”
Seheb., “ka masomosomo a bone.”
Seheb., “ka masomosomo a bone.”
Seheb., “ka masomosomo a bone.”