Dipalo 21:1-35

  • Kgosi ya kwa Arada e a fenngwa (1-3)

  • Noga ya kopore (4-9)

  • Baiseraele ba dikologa Moabe (10-20)

  • Kgosi Sihone wa Baamore o a fenngwa (21-30)

  • Kgosi Oge wa Baamore o a fenngwa (31-35)

21  Fa kgosi ya Mokanana ya kwa Arada,+ e e neng e nna kwa Negebe, e utlwa gore Baiseraele ba ne ba tlile ka tsela ya Atharime, e ne ya tlhasela Baiseraele ya bo ya gapa bangwe ba bone ya ba isa botshwarwa.  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba ikanela Jehofa ba re: “Fa o ka tsenya batho bano mo diatleng tsa rona, ruri re tla nyeletsa metse ya bone.”  Ka jalo, Jehofa o ne a reetsa lentswe la Baiseraele mme a tsenya Bakanana mo diatleng tsa bone, mme ba ne ba ba nyeletsa le metse ya bone. Ka jalo, ba ne ba bitsa lefelo leo Horema.*+  Fa ba ntse ba tsweletse le loeto lwa bone go tswa kwa Thabeng ya Hore+ ba tsamaya ka tsela ya Lewatle le Lehibidu gore ba dikologe lefatshe la Edoma,+ batho ba ne ba lapisiwa ke loeto.  Mme batho ba ne ba nna ba ngongorega ka Modimo le Moshe+ ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo re ntshitse kwa Egepeto gore re tle go swela mo nageng? Ga go na dijo, gape ga go na metsi+ e bile re setse re ila* senkgwe seno se se nyatsegang.”+  Ka jalo, Jehofa o ne a romela dinoga tse di nang le botlhole* mo gare ga batho mme di ne tsa nna tsa loma batho, mo Baiseraele ba le bantsi ba neng ba swa.+  Ka jalo, batho ba ne ba tla kwa go Moshe mme ba re: “Re leofile ka go ngongorega ka Jehofa le ka go ngongorega ka wena.+ Re buelele mo go Jehofa gore a tlose dinoga tseno mo go rona.” Mme Moshe o ne a buelela batho.+  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Dira sefikantswe sa noga e e nang le botlhole* o bo o se pega mo koteng. Mme fa motho ope a lomilwe, o tla tshwanelwa ke go leba kwa go sone gore a tswelele a tshela.”  Ka yone nako eo, Moshe o ne a dira noga ya kopore+ a bo a e pega mo koteng,+ mme nako epe fela fa motho a ne a lomilwe ke noga a bo a leba noga eo ya kopore, o ne a tshela.+ 10  Morago ga moo, Baiseraele ba ne ba fuduga mme ba nna kwa Obothe.+ 11  Go tswa foo, ba ne ba fuduga mo Obothe mme ba nna kwa Aye-abarime,+ mo nageng e e lebaganeng le Moabe, go ela kwa botlhaba. 12  Ba ne ba fuduga koo mme ba nna gaufi le Mokgatšha* wa Serede.+ 13  Ba ne ba fuduga ba tswa koo mme ba nna mo kgaolong ya Arenone,+ e e mo nageng e e simololang mo molelwaneng wa Baamore, ka gonne Arenone ke molelwane wa Moabe, fa gare ga Moabe le Baamore. 14  Ke gone ka moo buka ya Dintwa Tsa ga Jehofa e buang ka “Fahebe kwa Sufahe le mekgatšha* ya Arenone 15  le mokgokolosa* wa mekgatšha,* o o yang ntlheng ya motse wa Ara e bile o kopana le molelwane wa Moabe.” 16  Go tswa koo ba ne ba ya kwa Beere. Seno ke sediba se Jehofa a neng a bolelela Moshe ka sone a re: “Phutha batho gore ke ba neye metsi.” 17  Ka nako eo, Baiseraele ba ne ba opela pina eno: “Pomponyega wena sediba! (Se arabeng!)* 18  Sediba se dikgosana di neng tsa se epa, se batlotlegi ba batho ba neng ba se gaba,Ka thobane ya molaodi le ka dithobane tsa bone.” Go tswa foo, ba ne ba tswa mo nageng ba ya kwa Matana, 19  go tswa kwa Matana ba ne ba ya kwa Nahaliele, mme go tswa kwa Nahaliele ba ne ba ya kwa Bamothe.+ 20  Ba ne ba tswa mo Bamothe ba ya kwa mokgatšheng o o mo nageng ya Moabe,+ kwa godimo ga Pisega,+ e e okameng Jeshimone.*+ 21  Jaanong Baiseraele ba ne ba romela barongwa kwa go Sihone kgosi ya Baamore mme ba re:+ 22  “Mma re kgabaganye mo lefatsheng la gago. Ga re kitla re fapogela mo tshimong epe kgotsa mo lefelong le o jetseng morara* mo go lone. Ga re kitla re nwa metsi a sediba sepe. Re tla tsamaya mo Tseleng ya Kgosi go fitlha re kgabaganya naga ya gago.”+ 23  Mme Sihone o ne a se ka a letla Baiseraele go kgabaganya mo nageng ya gagwe. Go na le moo, Sihone o ne a phutha batho botlhe ba gagwe mme a tswa a ya go tlhasela Baiseraele kwa nageng, mme o ne a goroga kwa Jahase a bo a simolola go tlhabana le Baiseraele.+ 24  Mme gone, Baiseraele ba ne ba mo kgemetha ka tšhaka+ ba bo ba gapa lefatshe la gagwe+ go tswa kwa Arenone+ go fitlha kwa Jaboke,+ gaufi le Baamone, ka gonne Jasere+ e bapile le naga ya Baamone.+ 25  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba gapa metse eno yotlhe, mme ba ne ba simolola go nna mo metseng yotlhe ya Baamore,+ kwa Heshebone le metsana yotlhe e e e dikologileng. 26  Gonne Heshebone e ne e le motse wa ga Sihone, kgosi ya Baamore, yo o neng a tlhabana le kgosi ya Moabe a bo a gapa lefatshe lotlhe la gagwe mo go ene go ya go fitlha kwa Arenone. 27  Ke sone se se neng sa dira gore go nne le seane sa tshotlo se se reng: “Tlang mo Heshebone. A motse wa ga Sihone o agiwe o bo o tiisiwe thata. 28  Gonne molelo o ne wa tswa mo Heshebone, kgabo ya molelo ya tswa mo motseng wa ga Sihone. O ne wa laila Ara wa Moabe, barena ba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a Arenone. 29  Ruri go latlhega wena Moabe! Lo tla senngwa, lona batho ba ga Kemoshe!+ O dira bomorwawe batshabi le bomorwadie batshwarwa ba ga Sihone, kgosi ya Baamore. 30  A re ba huleng;Heshebone o tla senngwa go ya go fitlha kwa Dibone;+A re e senyeng go ya go fitlha kwa Nofa;Molelo o tla anama go ya go fitlha kwa Medeba.”+ 31  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba simolola go nna mo lefatsheng la Baamore. 32  Go tswa foo, Moshe o ne a roma banna bangwe go ya go tlhola Jasere.+ Ba ne ba gapa metsana ya yone e e e dikologileng ba bo ba leleka Baamore ba ba neng ba nna mo go yone. 33  Morago ga moo, ba ne ba tsamaya ka Tsela ya Bashana. Mme Oge+ kgosi ya Bashana o ne a tswa le batho botlhe ba gagwe go ya go ba kgatlhantsha gore ba tlhabane le bone kwa Ederei.+ 34  Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O se ka wa mmoifa+ ka gonne ke tla mo tsenya mo seatleng sa gago,+ ene le batho botlhe ba gagwe le lefatshe la gagwe mme o tla mo dira fela jaaka o dirile Sihone, kgosi ya Baamore, yo o neng a nna kwa Heshebone.”+ 35  Ka jalo, ba ne ba nna ba mo kgemetha, mmogo le bomorwawe le batho botlhe ba gagwe, go fitlha go se na ope wa batho ba gagwe yo o falotseng,+ mme ba ne ba gapa lefatshe la gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Go Neelwa Tshenyego.”
Kgotsa “tlhoile.”
Kgotsa “molelo.”
Kgotsa “molelo.”
Kgotsa “Molapo.”
Kgotsa “melapo.”
Seheb., “molomo.”
Kgotsa “melapo.”
Kgotsa “Se opeleleng.”
Kgotsa gongwe “sekaka; naga.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”