Dipalo 22:1-41

  • Balake o thapa Balaame (1-21)

  • Tonki ya ga Balaame e a bua (22-41)

22  Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba fuduga mme ba nna mo sekakeng sa Moabe ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane go lebagana le Jeriko.+  Jaanong Balake+ morwa Sipore o ne a utlwela ka sotlhe se Baiseraele ba neng ba se dirile Baamore,  mme Moabe o ne a boifa fela thata ka ntlha ya batho bano ka gonne ba ne ba le bantsi; ruri Moabe o ne a aparelwa ke letshogo ka ntlha ya Baiseraele.+  Moabe o ne a raya bagolwane ba Midiana+ a re: “Jaanong phuthego eno e tla kometsa tikologo yotlhe ya rona fela jaaka poo e kometsa bojang mo nageng.” Balake morwa Sipore e ne e le kgosi ya Moabe ka nako eo.  O ne a romela barongwa kwa go Balaame morwa Beore kwa Pethore,+ e e fa Nokeng* kwa lefatsheng la gagabo. O ne a laela gore a bidiwe, a re: “Setšhaba se dule kwa Egepeto. Se khurumeditse sefatlhego* sa lefatshe*+ leno e bile se nna fela fa pele ga me.  Tsweetswee, jaanong tla kwano mme o mphutsetse batho bano+ ka gonne ba maatla go mpheta. Gongwe nka ba fenya mme ka ba leleka mo lefatsheng leno ka gonne ke itse sentle gore yo o mo segofatsang o segofetse e bile yo o mo hutsang o hutsegile.”  Ka jalo, bagolwane ba Moabe le bagolwane ba Midiana ba ne ba tsamaya ba tshotse tuelo ya go duelela boitseanape mme ba ya kwa go Balaame+ ba bo ba mmolelela molaetsa wa ga Balake.  Foo o ne a ba raya a re: “Robalang fano bosigo jono mme ke tla tla go lo bolelela lefoko lepe fela le Jehofa a le buang le nna.” Ka jalo, dikgosana tsa Moabe di ne tsa nna le Balaame.  Go tswa foo, Modimo o ne a tla kwa go Balaame mme a re:+ “Banna bano ba ba nang le wena ke bomang?” 10  Balaame o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Balake morwa Sipore, kgosi ya Moabe, o nthomeletse molaetsa a re, 11  ‘Batho ba ba tswang kwa Egepeto ba khurumeditse sefatlhego* sa lefatshe* leno. Jaanong tla kwano, mme o ba mphutsetse.+ Gongwe nka kgona go tlhabana le bone ke bo ke ba leleka.’” 12  Mme Modimo o ne a raya Balaame a re: “O se ka wa tsamaya le bone. O se ka wa hutsa batho bao ka gonne ba segofaditswe.”+ 13  Balaame o ne a tsoga mo mosong mme a raya dikgosana tsa ga Balake a re: “Yang kwa nageng ya lona, ka gonne Jehofa o ganne gore ke tsamaye le lona.” 14  Ka jalo, dikgosana tsa Moabe di ne tsa tsamaya tsa boela kwa go Balake mme tsa mo raya tsa re: “Balaame o ganne go tla le rona.” 15  Le fa go ntse jalo, Balake o ne a romela dikgosana tse dingwe gape, di le dintsi ka palo e bile di tlotlega go gaisa setlhopha sa ntlha. 16  Di ne tsa tla mo go Balaame mme tsa mo raya tsa re: “Seno ke se Balake morwa Sipore a se buileng, ‘Tsweetswee, o se ka wa letla sepe se go thibela go tla kwa go nna, 17  ka gonne ke tla go tlotlomatsa fela thata e bile ke tla dira sengwe le sengwe se o mpolelelang gore ke se dire. Ka jalo, tsweetswee tla kwano mme o mphutsetse batho bano.’” 18  Mme gone, Balaame o ne a araba batlhanka ba ga Balake a re: “Le fa Balake a ne a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gauta, ke ne nka se dire sepe se se sa dumalaneng le taelo ya ga Jehofa, Modimo wa me, se ka tswa se le sennye kgotsa se le segolo.+ 19  Mme tsweetswee, le lona nnang fano bosigo jono, gore ke tle ke utlwe gore ke eng gape se Jehofa a tla se buang le nna.”+ 20  Go tswa foo, Modimo o ne a tla mo go Balaame bosigo mme a mo raya a re: “Fa e le gore banna bano ba tlile go go bitsa, tsamaya le bone. Mme gone, o bue fela mafoko a ke go bolelelang gore o a bue.”+ 21  Ka jalo, Balaame o ne a tsoga mo mosong mme a belesa tonki ya gagwe a bo a tsamaya le dikgosana tsa Moabe.+ 22  Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a mo galefela fela thata ka gonne a ile a tsamaya, mme moengele wa ga Jehofa o ne a ema mo tseleng gore a mo thibele. Jaanong Balaame o ne a palame tonki ya gagwe, mme batlhokomedi ba gagwe ba le babedi ba ne ba na le ene. 23  Fa tonki e ne e bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng a somotse tšhaka a e tshwere ka seatla, e ne ya leka go fapoga mo tseleng gore e ye mo nageng. Mme Balaame o ne a simolola go itaya tonki gore a e busetse mo tseleng. 24  Go tswa foo, Moengele wa ga Jehofa o ne a ema mo tselaneng e tshesane fa gare ga masimo a mabedi a morara* go na le dipota tsa maje mo matlhakoreng oomabedi. 25  E rile tonki e bona moengele wa ga Jehofa, e ne ya simolola go ipatisa* mo loboteng mme ya patisa lonao lwa ga Balaame le lobota, mme Balaame o ne a simolola go e itaya gape. 26  Jaanong moengele wa ga Jehofa o ne a feta gape a bo a ema mo lefelong le le pitlaganeng, le go neng go se na tsela ya go fapogela ka fa mojeng kgotsa ka fa molemeng. 27  E rile tonki e bona moengele wa ga Jehofa, ya rapama fa fatshe Balaame a ntse a e palame, ka jalo Balaame o ne a tlala bogale mme a nna a itaya tonki ka thobane. 28  La bofelo Jehofa o ne a dira gore tonki e bue*+ mme e ne ya raya Balaame ya re: “Ke go dirile eng se se dirang gore o ntiteye makgetlo ano a mararo?”+ 29  Balaame o ne a araba tonki a re: “Ke ka gonne o ntirile sematla. Fa nkabo ke tshotse tšhaka mo seatleng sa me, nkabo ke go bolaya!” 30  Foo tonki e ne ya raya Balaame ya re: “A ga ke tonki ya gago e o ntseng o e palama botshelo jotlhe jwa gago go fitlha gompieno? A nkile ka go tshwara jaana pele?” O ne a araba jaana: “Nnyaa!” 31  Go tswa foo, Jehofa o ne a bula matlho a ga Balaame,+ mme o ne a bona moengele wa ga Jehofa a eme mo tseleng a somotse tšhaka a e tshwere ka seatla sa gagwe. Ka yone nako eo, o ne a inama mme a obama sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe. 32  Foo moengele wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o ne o itaya tonki ya gago makgetlo ano a mararo? Ke tlile go go thibela ka gonne tsela ya gago ga e dumalane le thato ya me.+ 33  Tonki eno e ne ya mpona mme ya leka go fapoga e tswa fa go nna makgetlo ano a mararo.+ A re tseye gore e ne e sa fapoga ya tswa fa go nna! Gone jaanong nkabo ke go bolaile mme ka tlogela tonki e tshela.” 34  Balaame o ne a raya moengele wa ga Jehofa a re: “Ke leofile, ka gonne ke ne ke sa itse gore e ne e le wena yo o emeng mo tseleng go tla go nkgatlhantsha. Mme jaanong, fa e le gore seno se bosula mo matlhong a gago, ke tla boela morago.” 35  Mme moengele wa ga Jehofa o ne a raya Balaame a re: “Tsamaya le banna bano, mme gone o bue fela mafoko a ke go a bolelelang.” Ka jalo, Balaame o ne a tswelela a tsamaya le dikgosana tsa ga Balake. 36  Fa Balake a ne a utlwa gore Balaame o tlile, ka yone nako eo o ne a tswa a ya go mo kgatlhantsha kwa motseng wa Moabe, o o fa losing lwa Arenone mo molelwaneng wa naga eno. 37  Balake o ne a raya Balaame a re: “A ga ke a ka ka laela gore o bidiwe? Ke ka ntlha yang fa o ne o sa tle kwa go nna? A o ne o akanya gore nka se kgone go go tlotlomatsa thata?”+ 38  Balaame o ne a araba Balake a re: “Jaanong ke tlile mo go wena. A mme gone ke tla letlwa go bua sengwe? Ke tla bua fela mafoko a Modimo a a tsenyang mo molomong wa me.”+ 39  Ka jalo, Balaame o ne a tsamaya le Balake mme ba tla mo Kiriathe-husothe. 40  Balake o ne a ntsha dikgomo le dinku setlhabelo a bo a romela dingwe tsa tsone kwa go Balaame le dikgosana tse di neng di na le ene. 41  Mo mosong Balake o ne a tsaya Balaame mme a mo tlhatlosetsa kwa Bamothe-baale; fa a le koo o ne a kgona go bona batho botlhe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go lebega go tewa Euferatese.
Seheb., “leitlho.”
Kgotsa “naga.”
Seheb., “leitlho.”
Kgotsa “naga.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “iphaphatha.”
Seheb., “o ne a bula molomo wa tonki e namagadi.”