Dipalo 24:1-25

  • Polelo ya seane ya ga Balaame ya boraro (1-11)

  • Polelo ya seane ya ga Balaame ya bonê (12-25)

24  Fa Balaame a ne a bona gore Jehofa o itumedisiwa ke* go segofatsa Iseraele, ga a ka a tsamaya gape go ya go batla ditshupo tsa bomadimabe,+ go na le moo o ne a lebisa sefatlhego sa gagwe kwa nageng.  E rile Balaame a tsholetsa matlho mme a bona Baiseraele ba kampile go ya ka ditso tsa bone,+ moya wa Modimo o ne wa tla mo go ene.+  Go tswa foo, o ne a bua polelo eno ya seane:+ “Eno ke polelo ya ga Balaame morwa Beore,Le polelo ya monna yo matlho a gagwe a neng a bulegile,   Polelo ya motho yo o utlwang lefoko la Modimo,Yo o neng a bona ponatshegelo ya Mothatayotlhe,Yo o neng a ikoba matlho a gagwe a sa siriwa ke sepe:+   Ruri ditente tsa gago di dintle, wena Jakobe,Metlaagana ya gago, wena Iseraele!+   Di anametse kgakala jaaka mekgatšha,*+Jaaka ditshingwana tse di fa nokeng,Jaaka mekgwapha* e Jehofa a e jadileng,Jaaka masedara a a fa metsing.   Metsi a nna a rotha mo dikgamelong tsa gagwe tse pedi tsa letlalo,Mme peo* ya gagwe e jadilwe fa metsing a mantsi.+ Kgosi+ ya gagwe le yone e tla nna kgolo go feta Agage,+Le bogosi jwa gagwe bo tla tlotlomadiwa.+   Modimo o mo ntshitse kwa Egepeto;O ntse jaaka dinaka tsa poo ya naga mo go bone. O tla kometsa ditšhaba, bagateledi ba gagwe,+Mme o tla phura marapo a bone e bile o tla a thubaganya ka metswi ya gagwe.   O ne a rapama, o ne a namalala jaaka tau,Mme jaaka tau, ke mang yo o pelokgale go mo tsosa? Ba ba go segofatsang ba segofetse,Mme ba ba go hutsang ba hutsegile.”+ 10  Foo Balake o ne a galefela Balaame fela thata. Balake o ne a opa diatla tsa gagwe ka tshotlo a bo a raya Balaame a re: “Ke ne ke go bileditse go tla go hutsa baba ba me,+ mme jaanong ke fano o ba segofaditse makgetlo ano a mararo. 11  Boela kwa gaeno gone jaanong. Ke ne ke batla go go tlotlomatsa thata,+ mme jaanong Jehofa o go thibetse gore o se ka wa tlotlomadiwa.” 12  Balaame o ne a araba Balake a re: “A ga ke a ka ka raya barongwa ba o neng o ba rometse kwa go nna ka re, 13  ‘Le fa Balake a ne a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gauta, ke ne nka se dire sepe se ke se ratang* se se sa dumalaneng le taelo ya ga Jehofa, se ka tswa se le molemo kgotsa se le bosula. Ke tla bua fela se Jehofa a tla se mpolelelang’?+ 14  Mme jaanong ke a tsamaya ke ya kwa bathong ba gaetsho. Tla kwano mme mma ke go bolelele se setšhaba seno se tla se dirang batho ba gago mo nakong e e tlang.”* 15  Ka jalo, o ne a bua polelo eno ya seane:+ “Eno ke polelo ya ga Balaame morwa Beore,Le polelo ya monna yo matlho a gagwe a neng a bulegile,+ 16  Polelo ya motho yo o utlwang lefoko la Modimo,Le yo o nang le kitso ka Mogodimodimo,Yo o neng a bona ponatshegelo ya MothatayotlheFa a ne a ikobile matlho a gagwe a sa siriwa ke sepe: 17  Ke tla mmona, mme e seng gone jaanong;Ke tla mo leba, mme e seng mo bogautshwaneng. Naledi+ e tla tswa mo go Jakobe,Le lore lwa segosi+ lo tla tswa mo Iseraele.+ Mme ruri o tla thubaganya phatla ya ga Moabe*+Le magata a batlhabani botlhe ba ba ratang ntwa. 18  Mme Edoma o tla gapiwa,+Ruri Seire+ o tla gapiwa ke baba ba gagwe,+Fa Iseraele a tla bo a bontsha bopelokgale jwa gagwe. 19  Mme go tswa mo go Jakobe, mongwe o tla fenya,+Mme o tla nyeletsa ope fela yo o falotseng mo motseng.” 20  Fa a bona Amaleke, o ne a tswelela ka polelo ya gagwe ya seane a re: “Amaleke e ne e le wa ntlha mo ditšhabeng,+Mme kwa bokhutlong o tla nyelela.”+ 21  E rile a bona Bakene,+ o ne a tswelela ka polelo ya gagwe ya seane a re: “Lefelo la gago le sireletsegile e bile bonno jwa gago bo tlhomilwe mo lefikeng. 22  Mme mongwe o tla fisa Kaine. E tla nna lobaka lo lo kae pele Asiria a go isa botshwarwa?” 23  Mme o ne a tswelela ka polelo ya gagwe ya seane a re: “Ijoo! Ke mang yo o tla falolang fa Modimo a dira seno? 24  Dikepe di tla tswa kwa losing lwa Kitime,+Mme di tla bogisa Asiria,+E bile di tla bogisa Ebere. Mme le ene o tla nyelediwa setlhogo.” 25  Go tswa foo, Balaame+ o ne a ema mme a boela kwa lefelong la gagabo. Balake le ene o ne a tsamaya.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “gore go ne go le molemo mo matlhong a ga Jehofa.”
Kgotsa “melapo.”
Kgotsa “mekgopha; lekgala; thugwe.”
Kgotsa “losika.”
Seheb., “se se tswang mo pelong ya me.”
Kgotsa “mo bokhutlong jwa metlha.”
Kgotsa “matlhakore a tlhogo ya ga Moabe.”