Dipalo 25:1-18

  • Boleo jwa Baiseraele le basadi ba Moabe (1-5)

  • Finease o tsaya kgato (6-18)

25  Fa Baiseraele ba ne ba nna kwa Shitime,+ batho ba ne ba simolola go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le bomorwadia Moabe.+  Basadi bano ba ne ba laletsa batho kwa ditlhabelong tsa medimo ya bone,+ mme batho ba ne ba simolola go ja le go ikobela medimo ya bone.+  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba kopanela mo kobamelong ya ga* Baale wa Peore,+ mme Jehofa o ne a galefela Baiseraele fela thata.  Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsaya baeteledipele* botlhe ba batho bano ba ba leofileng mme o ba kaletse fa pele ga ga Jehofa letsatsi le penne,* gore bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa bo tswe mo Iseraele.”  Foo Moshe o ne a raya baatlhodi ba Iseraele+ a re: “A mongwe le mongwe wa lona a bolaye banna ba gagwe ba ba neng ba kopanela mo kobamelong ya ga* Baale wa Peore.”+  Mme ka yone nako eo, Moiseraele mongwe o ne a tlisa mosadi wa Momidiana+ gaufi le bomorwarraagwe fa pele ga matlho a ga Moshe le phuthego yotlhe ya Baiseraele, fa ba ne ba ntse ba lela kwa kgorong ya tente ya bokopanelo.  E rile Finease+ morwa Eliasare morwa moperesiti Arone a bona seno, o ne a tswa mo phuthegong ka bonako a bo a tsaya lerumo.*  Go tswa foo, o ne a sala monna wa Moiseraele morago a tsena mo tenteng a bo a ba tlhaba boobabedi, monna wa Moiseraele le mosadi yoo mo dirweng tsa gagwe tsa tsalo. Mme petso eo e ne ya emisiwa mo Baiseraeleng.+  Ba ba neng ba swa ka ntlha ya petso ba ne ba le 24 000.+ 10  Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 11  “Finease+ morwa Eliasare morwa moperesiti Arone o tlositse tšhakgalo ya me mo bathong ba Iseraele ka gonne ga a ka a ba letlelela gore ba obamele Modimo ope kwantle ga me.+ Ka jalo, ga ke a fedisa Baiseraele le fa gone ke batla gore batho ba nkobamele ke le esi.+ 12  Ka ntlha ya seno, o mo reye o re, ‘Ke mo naya kgolagano ya me ya kagiso. 13  Mme e tla nna kgolagano ya boperesiti jo bo tla nnelang ruri mo go ene le mo baneng ba gagwe ba ba tla tlang morago ga gagwe,+ ka gonne ga a ka a ba letlelela gore ba obamele Modimo+ ope kwantle ga me. Se a se dirileng se ne sa dira gore Baiseraele ba itshwarelwe maleo.’” 14  Mme leina la monna wa Moiseraele yo o neng a bolawa mmogo le mosadi wa Momidiana e ne e le Simeri morwa Salu, kgosana ya Basimeone ya kgotla ya bone. 15  Leina la mosadi wa Momidiana yo o neng a bolawa e ne e le Kosebi morwadia Sure;+ Sure e ne e le moeteledipele wa malapa a kgotla ya bone kwa Midiana.+ 16  Moragonyana Jehofa o ne a raya Moshe a re: 17  “Lo tshwenye Bamidiana lo bo lo ba kgemethe,+ 18  ka gonne ba ntse ba lo tshwenya ka go dirisana le lona ka boferefere mo tiragalong e e amanang le Peore+ le mo tiragalong e e amanang le Kosebi morwadia kgosana ya Midiana, kgaitsadiabone yo o neng a bolawa+ mo letsatsing la petso e e neng ya tla ka ntlha ya tiragalo e e amanang le Peore.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ne ba ikgolaganya le.”
Seheb., “ditlhogo.”
Seheb., “fa pele ga letsatsi.”
Kgotsa “ba ba neng ba ikgolaganya le.”
Kgotsa “segai.”