Dipalo 26:1-65

  • Ditso tsa Iseraele di balwa lekgetlo la bobedi (1-65)

26  Morago ga petso,+ Jehofa o ne a raya Moshe le Eliasare morwa moperesiti Arone a re:  “Balang phuthego yotlhe ya Baiseraele go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo, go ya ka dikgotla tsa bone, lo bale botlhe ba ba ka nnang masole mo Iseraele.”+  Ka jalo, Moshe le moperesiti Eliasare+ ba ne ba bua le batho mo sekakeng sa Moabe+ gaufi le Joredane kwa Jeriko,+ ba re:  “Tsayang palo ya botlhe go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo, fela jaaka Jehofa a laetse Moshe.”+ Jaanong bomorwa Iseraele ba ba neng ba tswa mo lefatsheng la Egepeto e ne e le:  Rubene,+ leitibolo la ga Iseraele; bomorwa Rubene+ e ne e le: ba ga Hanoke, lelapa la Bahanoke; ba ga Palu, lelapa la Bapalu;  ba ga Heserone, lelapa la Baheserone; ba ga Karami, lelapa la Bakarami.  Ano e ne e le malapa a Barubene, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 43 730.+  Morwa Palu e ne e le Eliabe.  Mme bomorwa Eliabe e ne e le Nemuele, Dathane le Abirame. Dathane yono le Abirame e ne e le ba ba tlhophilweng ba phuthego, ba ba neng ba lwa le Moshe+ le Arone ba na le setlhopha sa ga Kora+ fa ba ne ba lwa le Jehofa.+ 10  Mme lefatshe le ne la bulega,* la ba kometsa. Kora ene, o ne a swa le ba ba neng ba mo eme nôkeng fa molelo o ne o laila banna ba le 250.+ Mme ba ne ba nna sekao se se tlhagisang.+ 11  Le fa go ntse jalo, bomorwa Kora ba ne ba se ka ba swa.+ 12  Bomorwa Simeone+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Nemuele, lelapa la Banemuele; ba ga Jamine, lelapa la Bajamine; ba ga Jakine, lelapa la Bajakine; 13  ba ga Sera, lelapa la Basera; ba ga Shaulo, lelapa la Bashaulo. 14  Ano e ne e le malapa a Basimeone: Ba ne ba le 22 200.+ 15  Bomorwa Gada+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Sefone, lelapa la Basefone; ba ga Hagi, lelapa la Bahagi; ba ga Shuni, lelapa la Bashuni; 16  ba ga Oseni, lelapa la Baoseni; ba ga Eri, lelapa la Baeri; 17  ba ga Arode, lelapa la Baarode; ba ga Areli, lelapa la Baareli. 18  Ano e ne e le malapa a bomorwa Gada, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 40 500.+ 19  Bomorwa Juda+ e ne e le Ere le Onane.+ Le fa go ntse jalo, Ere le Onane ba ne ba swela mo lefatsheng la Kanana.+ 20  Mme bomorwa Juda go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Shela,+ lelapa la Bashela; ba ga Perese,+ lelapa la Baperese; ba ga Sera,+ lelapa la Basera. 21  Mme bomorwa Perese e ne e le: ba ga Heserone,+ lelapa la Baheserone; ba ga Hamule,+ lelapa la Bahamule. 22  Ano e ne e le malapa a ga Juda, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 76 500.+ 23  Bomorwa Isakare+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Tola,+ lelapa la Batola; ba ga Pufa, lelapa la Bapune; 24  ba ga Jashube, lelapa la Bajashube; ba ga Shimerone, lelapa la Bashimerone. 25  Ano e ne e le malapa a ga Isakare, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 64 300.+ 26  Bomorwa Sebulone+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Serede, lelapa la Baserede; ba ga Elone, lelapa la Baelone; ba ga Jahaleele, lelapa la Bajahaleele. 27  Ano e ne e le malapa a Basebulone, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 60 500.+ 28  Bomorwa Josefa+ go ya ka malapa a bone e ne e le: Manase le Eferaime.+ 29  Bomorwa Manase+ e ne e le: ba ga Makire,+ lelapa la Bamakire; mme Makire o ne a nna rraagwe Gileade; ba ga Gileade, lelapa la Bagileade.+ 30  Bano e ne e le bomorwa Gileade: ba ga Iesere, lelapa la Baiesere; ba ga Heleke, lelapa la Baheleke; 31  ba ga Aseriele, lelapa la Baaseriele; ba ga Shekema, lelapa la Bashekema; 32  ba ga Shemida, lelapa la Bashemida; ba ga Hefere, lelapa la Bahefere. 33  Jaanong Selofehade morwa Hefere o ne a se na bana ba basimane, mme o ne a na le bana ba basetsana fela,+ mme maina a bomorwadia Selofehade+ e ne e le Mahela, Noa, Hogola, Mileka le Tiresa. 34  Ano e ne e le malapa a ga Manase, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 52 700.+ 35  Bano e ne e le bomorwa Eferaime+ go ya ka malapa a bone: ba ga Shuthela,+ lelapa la Bashuthela; ba ga Bekere, lelapa la Babekere; ba ga Tahane, lelapa la Batahane. 36  Mme bano e ne e le bomorwa Shuthela: ba ga Erane, lelapa la Baerane. 37  Ano e ne e le malapa a bomorwa Eferaime, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 32 500.+ Bano e ne e le bomorwa Josefa go ya ka malapa a bone. 38  Bomorwa Benjamine+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Bela,+ lelapa la Babela; ba ga Ashebele, lelapa la Baashebele; ba ga Ahirame, lelapa la Baahirame; 39  ba ga Shefufame, lelapa la Bashufame; ba ga Hufame, lelapa la Bahufame. 40  Bomorwa Bela e ne e le Arede le Naamane:+ ba ga Arede, lelapa la Baarede; ba ga Naamane, lelapa la Banaamane. 41  Bano e ne e le bomorwa Benjamine go ya ka malapa a bone, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 45 600.+ 42  Bano e ne e le bomorwa Dana+ go ya ka malapa a bone: ba ga Shuhame, lelapa la Bashuhame. Ano e ne e le malapa a ga Dana go ya ka malapa a bone. 43  Ba ba kwadisitsweng mo malapeng otlhe a Bashuhame ba ne ba le 64 400.+ 44  Bomorwa Ashera+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Imina, lelapa la Baimina; ba ga Ishefi, lelapa la Baishefi; ba ga Beria, lelapa la Baberia; 45  ba bomorwa Beria: ba ga Hebere, lelapa la Bahebere; ba ga Malekiele, lelapa la Bamalekiele. 46  Leina la ga morwadia Ashera e ne e le Sera. 47  Ano e ne e le malapa a bomorwa Ashera, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 53 400.+ 48  Bomorwa Nafetali+ go ya ka malapa a bone e ne e le: ba ga Jahaseele, lelapa la Bajahaseele; ba ga Guni, lelapa la Baguni; 49  ba ga Jesere, lelapa la Bajesere; ba ga Shileme, lelapa la Bashileme. 50  Ano e ne e le malapa a ga Nafetali go ya ka malapa a bone, mme ba ba kwadisitsweng ba bone ba ne ba le 45 400.+ 51  Baiseraele botlhe ba ba neng ba kwadisitswe ba ne ba le 601 730.+ 52  Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: 53  “Bano ba kgaoganyediwe lefatshe gore e nne boswa go ya ka lenaane la maina a bone.*+ 54  O oketse boswa jwa ditlhopha tse dikgolo, mme o fokotse boswa jwa ditlhopha tse dinnye.+ Boswa jwa setlhopha sengwe le sengwe bo abiwe go lekana le palo ya ba ba kwadisitsweng. 55  Le fa go ntse jalo, lefatshe le kgaoganngwe ka bola.+ Ba amogele boswa jwa bone go ya ka maina a ditso tsa borraabone. 56  Boswa bongwe le bongwe bo tla sekasekiwa ka bola mme bo tla kgaoganyediwa ditlhopha tse dikgolo le ditlhopha tse dinnye.” 57  Jaanong bano e ne e le ba ba kwadisitsweng ba Balefi+ go ya ka malapa a bone: ba ga Gereshone, lelapa la Bagereshone; ba ga Kohathe,+ lelapa la Bakohathe; ba ga Merari, lelapa la Bamerari. 58  Ano e ne e le malapa a Balefi: lelapa la Balibeni,+ lelapa la Baheberone,+ lelapa la Bamaheli,+ lelapa la Bamushi,+ lelapa la Bakora.+ Kohathe o ne a nna rraagwe Amerame.+ 59  Mme leina la mosadi wa ga Amerame e ne e le Jokebede,+ morwadia Lefi, yo Lefi a neng a mo tsholelwa ke mosadi wa gagwe kwa Egepeto. Fa nako e ntse e tsamaya, Jokebede o ne a tsholela Amerame Arone, Moshe le Miriame kgaitsadiabone.+ 60  Mme Arone o ne a tsholelwa Nadabe, Abihu, Eliasare le Ithamare.+ 61  Mme gone, Nadabe le Abihu ba ne ba swa ka ntlha ya go isa molelo o o seng ka fa molaong fa pele ga ga Jehofa.+ 62  Palo ya botlhe ba ba kwadisitsweng e ne e le 23 000, banna botlhe go simolola ka ba ba nang le kgwedi go ya kwa godimo.+ Gonne ba ne ba sa kwadisiwa mo Baiseraeleng+ ka ntlha ya gore ba ne ba sa tshwanela go newa boswa bope mo Baiseraeleng.+ 63  Bano ke ba ba neng ba kwadisiwa ke Moshe le moperesiti Eliasare fa ba ne ba kwadisa Baiseraele kwa sekakeng sa Moabe gaufi le Joredane kwa Jeriko. 64  Mme mo go bone, go ne go se na ope yo o neng a kwadisitswe ke Moshe le moperesiti Arone fa ba ne ba bala Baiseraele kwa nageng ya Sinai.+ 65  Gonne Jehofa o ne a buile ka ga bone a re: “Ruri ba tla swela mo nageng.”+ Ka jalo, go ne go se na monna ope wa bone yo o neng a setse, kwantle ga ga Kalebe morwa Jefune le Joshua morwa Nune.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “le ne la bula molomo wa lone.”
Kgotsa “go lekana le palo ya maina a a kwadisitsweng.”