Dipalo 27:1-23

  • Bomorwadia Selofehade (1-11)

  • Joshua o a tlhomiwa gore a tlhatlhame Moshe (12-23)

27  Go tswa foo, bomorwadia Selofehade,+ morwa Hefere, morwa Gileade, morwa Makire, morwa Manase, ba malapa a ga Manase morwa Josefa, ba ne ba atamela. Maina a bomorwadie e ne e le Mahela, Noa, Hogola, Mileka le Tiresa.  Ba ne ba ema fa pele ga ga Moshe, moperesiti Eliasare, dikgosana+ le phuthego yotlhe kwa kgorong ya tente ya bokopanelo mme ba re:  “Rraarona o swetse kwa nageng, mme gone o ne a se mo setlhopheng sa ba ba neng ba ikopanya mmogo gore ba ganetsane le Jehofa, ba ba neng ba eme Kora+ nôkeng, mme gone o ne a swela boleo jwa gagwe mme o ne a se na bana bape ba basimane.  Ke ka ntlha yang fa leina la ga rraarona le tshwanetse go nyelela mo lelapeng la gagwe ka gonne a ne a se na ngwana wa mosimane? Re neyeng boswa jwa naga jo bo tshwanang le jwa bomorwarraagwe rraarona.”  Ka jalo, Moshe o ne a isa kgang ya bone fa pele ga ga Jehofa.+  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re:  “Bomorwadia Selofehade ba nepile. O tshwanetse go ba naya naga e le boswa jo bo tshwanang le jwa bomorwarraagwe rraabone, mme o fetisetse boswa jwa ga rraabone mo go bone.+  Mme o reye Baiseraele o re, ‘Fa monna a swa a se na ngwana wa mosimane, lo tshwanetse go dira gore boswa jwa gagwe bo fetele mo go morwadie.  Fa a se na ngwana wa mosetsana, lo tla naya bomorwarraagwe boswa jwa gagwe. 10  Mme fa a se na bomorwarraagwe, lo tla naya bomorwarraagwe rraagwe boswa jwa gagwe. 11  Fa rraagwe a se na bomorwarraagwe, boswa joo lo tla bo naya wa losika lwa gagwe yo o gaufi thata le ene mo lelapeng la gagabo, mme e tla nna jwa gagwe. Ono e tla nna molao mo Baiseraeleng go ya ka tshwetso ya boatlhodi, fela jaaka Jehofa a laetse Moshe.’” 12  Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tlhatlogela mo thabeng eno ya Abarime+ mme o lebe lefatshe le ke tla le nayang Baiseraele.+ 13  Fa o sena go le bona, le wena o tla phuthelwa kwa bathong ba gaeno,*+ fela jaaka Arone mogoloo,+ 14  ka gonne fa phuthego e ne e nkomanya kwa nageng ya Tsine, lo ne lwa se ka lwa ikobela taelo ya me ya gore lo bontshe gore ke boitshepo fa pele ga bone ka metsi.+ Ke raya metsi a Meriba+ kwa Kadeshe+ kwa nageng ya Tsine.”+ 15  Foo Moshe o ne a raya Jehofa a re: 16  “Mma Jehofa, Modimo yo o nayang batho botlhe botshelo,* a tlhome monna yo o tla okamelang phuthego 17  yo o tla tswang a bo a tsena fa pele ga bone le yo o tla ba kaelang fa ba tswa a bo a ba tsenya, gore phuthego ya ga Jehofa e se ka ya nna jaaka dinku tse di se nang modisa.” 18  Ka jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Tsaya Joshua morwa Nune, monna yo moya o leng mo go ene, mme o beye seatla sa gago mo go ene.+ 19  Go tswa foo, o mo emise fa pele ga ga moperesiti Eliasare le fa pele ga phuthego yotlhe, mme o tshwanetse go mo tlhoma ba ntse ba lebile.+ 20  Mme o mo neye bontlhanngwe jwa taolo* ya gago,+ gore phuthego yotlhe ya Baiseraele e tle e mo reetse.+ 21  A eme fa pele ga ga moperesiti Eliasare, yo a tla mmoletsang fa pele ga ga Jehofa a dirisa Urime.+ Ba tla tswa ka taelo ya gagwe e bile ba tla tsena ka taelo ya gagwe, ene mmogo le Baiseraele botlhe le phuthego yotlhe.” 22  Ka jalo, Moshe o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. O ne a tsaya Joshua a bo a mo emisa fa pele ga ga moperesiti Eliasare le fa pele ga phuthego yotlhe, 23  mme o ne a baya diatla tsa gagwe mo go ene a bo a mo tlhoma,+ fela jaaka Jehofa a ne a buile ka Moshe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.
Seheb., “Modimo wa meya ya nama yotlhe.”
Kgotsa “seriti.”