Dipalo 29:1-40

  • Dithulaganyo tsa ditlhabelo tse di farologaneng (1-40)

    • Letsatsi la go lediwa ga terompeta (1-6)

    • Letsatsi la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo (7-11)

    • Moletlo wa Diobo (12-38)

29  “‘Mme mo kgweding ya bosupa, ka letsatsi la ntlha la kgwedi eo, lo tshware kopano e e boitshepo. Ga lo a tshwanela go dira tiro epe e e boima.+ Mo letsatsing leo, lo tla letsa terompeta.+  Lo ntshe setlhabelo se se fisiwang gore e nne lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa ka powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le dikwanyana di le supa tse ditonanyana nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka sa bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane, dikilogerama di ka nna tharo le halofo* di ntshiwe le poo, dikilogerama di ka nna pedi* di ntshiwe le phelefu  mme kilogerama e ka nna nngwe* e ntshiwe le kwanyana nngwe le nngwe e tonanyana ya dikwanyana tse supa tse ditonanyana  le potsane e tonanyana e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo gore lo itshwarelwe maleo.  Seno se ntshiwe kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang kgwedi le kgwedi le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka+ le setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka,+ mmogo le ditlhabelo tsa tsone tsa senô,+ go ya ka thulaganyo ya ka metlha e di e diretsweng. Se ntshiwe e le lonko lo lo itumedisang,* setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.  “‘Mme mo letsatsing la bolesome la kgwedi eno ya bosupa, lo tshware kopano e e boitshepo,+ mme lo ipogise.* Ga lo a tshwanela go dira tiro epe.+  Mme lo tla ntshetsa Jehofa setlhabelo se se fisiwang e le lonko lo lo itumedisang* ka powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le dikwanyana tse ditonanyana di le supa nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe di itekanetse sentle.+  Mme lo ntshe setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka sa bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane, dikilogerama di ka nna tharo le halofo di ntshiwe le poo, dikilogerama di ka nna pedi di ntshiwe le phelefu e le nngwe, 10  kilogerama e ka nna nngwe e ntshiwe le kwanyana nngwe le nngwe e tonanyana ya dikwanyana tse supa tse ditonanyana, 11  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo sa boleo se se ntshiwang ka letsatsi la go ntsha ditlhabelo tsa go itshwarelwa maleo+ le setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka, mmogo le ditlhabelo tsa tsone tsa senô. 12  “‘Mme mo letsatsing la bo15 la kgwedi ya bosupa, lo tshware kopano e e boitshepo. Ga lo a tshwanela go dira tiro epe e e boima, mme lo tshwanetse go ketekela Jehofa moletlo malatsi a le supa.+ 13  Mme lo ntshe setlhabelo se se fisiwang,+ setlhabelo se se dirwang ka molelo e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa, ka dipowana di le 13, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle.+ 14  Mme lo ntshe setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka sa bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane, dikilogerama di ka nna tharo le halofo di ntshiwe le poo nngwe le nngwe ya dipoo tse 13, dikilogerama di ka nna pedi di ntshiwe le phelefu nngwe le nngwe ya diphelefu tse 2, 15  mme kilogerama e ka nna nngwe e ntshiwe le kwanyana nngwe le nngwe e tonanyana ya dikwanyana tse 14 tse ditonanyana, 16  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha, setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô.+ 17  “‘Mme mo letsatsing la bobedi, lo ntshe dipowana di le 12, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,+ 18  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le dipoo, diphelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha, 19  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka, mmogo le ditlhabelo tsa tsone tsa senô.+ 20  “‘Mme mo letsatsing la boraro, lo ntshe dipoo di le 11, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,+ 21  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le dipoo, diphelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha, 22  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô.+ 23  “‘Mme mo letsatsing la bonê, lo ntshe dipoo di le 10, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,+ 24  setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le dipoo, diphelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha, 25  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha, setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô.+ 26  “‘Mme mo letsatsing la botlhano, lo ntshe dipoo di le 9, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,+ 27  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le dipoo, diphelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha, 28  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô.+ 29  “‘Mme mo letsatsing la borataro, lo ntshe dipoo di le 8, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,+ 30  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le dipoo, diphelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha, 31  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha, setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô.+ 32  “‘Mme mo letsatsing la bosupa, lo ntshe dipoo di le 7, diphelefu di le 2 le dikwanyana tse ditonanyana di le 14 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe e le tse di itekanetseng sentle,+ 33  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le dipoo, diphelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha e di e tlhometsweng, 34  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha, setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô.+ 35  “‘Mme mo letsatsing la borobedi, lo tshware kopano e e kgethegileng. Lo se ka lwa dira tiro epe e e boima.+ 36  Lo ntshe setlhabelo se se fisiwang, setlhabelo se se dirwang ka molelo e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa, ka poo e le nngwe, phelefu e le nngwe le dikwanyana tse ditonanyana di le supa nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, tsotlhe di itekanetse sentle,+ 37  le setlhabelo sa tsone sa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa tsone tsa senô tse di ntshiwang le poo, phelefu le dikwanyana tse ditonanyana ka fa palong ya tsone go ya ka thulaganyo ya ka metlha, 38  mmogo le potsane e le nngwe e le ya setlhabelo sa boleo, kwantle ga setlhabelo se se fisiwang se se ntshiwang ka metlha le setlhabelo sa sone sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa sone sa senô.+ 39  “‘Tseno lo di ntshetse Jehofa kwa meletlong ya lona ya dipaka,+ kwantle ga ditlhabelo tsa lona tsa maikano+ le ditlhabelo tse di ntshiwang ka go rata,+ e le ditlhabelo tsa lona tse di fisiwang+ le ditlhabelo tsa lona tsa dijo tsa ditlhaka+ le ditlhabelo tsa lona tsa senô+ le ditlhabelo tsa lona tsa go abelana.’”+ 40  Moshe o ne a bolelela Baiseraele sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se mo laetse.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “tharosomeng (3/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “pedisomeng (2/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Go “ipogisa” gantsi go tlhaloganngwa e le ditsela tse di farologaneng tsa go itima dilo dingwe, go akaretsa le go itima dijo.
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”