Dipalo 32:1-42

  • Metsana e e kwa botlhaba jwa Joredane (1-42)

32  Jaanong bomorwa Rubene+ le bomorwa Gada+ ba ne ba na le leruo le lentsi thata, mme ba ne ba bona gore lefatshe la Jasere+ le la Gileade e ne e le kgaolo e e siametseng leruo.  Ka jalo, bomorwa Gada le bomorwa Rubene ba ne ba ya kwa go Moshe, moperesiti Eliasare le dikgosana tsa phuthego ba bo ba re:  “Atarothe, Dibone, Jasere, Nimera, Heshebone,+ Eleale, Sebame, Nebo+ le Beone,+  lefatshe le Jehofa a neng a le fenya fa pele ga phuthego ya Iseraele,+ ke lefatshe le le siametseng leruo mme rona batlhanka ba lona re na le leruo le lentsi.”+  Ba ne ba tswelela ba re: “Fa e le gore lo a re amogela, mma re newe lefatshe leno gore re nne mo go lone. Lo se ka lwa dira gore re kgabaganye Joredane.”  Foo Moshe o ne a raya bomorwa Gada le bomorwa Rubene a re: “A bomorwarraalona ba tla ya ntweng lona lo setse fano?  Ke ka ntlha yang fa lo kgoba batho ba Iseraele marapo gore ba se ka ba kgabaganyetsa kwa lefatsheng le Jehofa a tla le ba nayang?  Seo ke se borraalona ba neng ba se dira fa ke ne ke ba roma go tswa kwa Kadeshe-barenea gore ba ye go tlhola lefatshe.+  E rile ba tlhatlogela kwa Mokgatšheng* wa Eshekole+ mme ba bona lefatshe leo, ba ne ba kgoba batho ba Iseraele marapo gore ba se ka ba tsena mo lefatsheng le Jehofa a neng a tla le ba naya.+ 10  Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a galefa fela thata mo a neng a ikana a re:+ 11  ‘Banna ba ba neng ba tswa kwa Egepeto go simolola ka ba ba nang le dingwaga di le 20 go ya kwa godimo ga ba kitla ba bona lefatshe+ le ke neng ka le ikanela Aborahame, Isake le Jakobe,+ ka gonne ga ba a ntshala morago ka pelo yotlhe, 12  kwantle ga ga Kalebe+ morwa Jefune wa Mokenise le Joshua+ morwa Nune, ka gonne bone ba setse Jehofa morago ka pelo yotlhe.’+ 13  Ka jalo, Jehofa o ne a galefela Baiseraele fela thata mme a dira gore ba kgarakgatshege mo nageng dingwaga di le 40,+ go fitlha kokomana yotlhe e e neng e dira bosula mo matlhong a ga Jehofa e fela.+ 14  Lona banna ke lona ba ba nang le boleo lo dira fela jaaka borraalona ba ne ba dira, lo oketsa bogale jwa ga Jehofa jo bo tukelang Iseraele. 15  Fa lo tlogela go mo sala morago, ruri o tla ba tlogela gape mo nageng, mme lo tla dira gore batho bano botlhe ba fedisiwe.” 16  Moragonyana ba ne ba mo atamela mme ba re: “Mma re agele leruo la rona masaka a maje fano le bana ba rona re ba agele metse fano. 17  Mme re tla tswelela re ipaakanyeditse ntwa+ e bile re tla tsamaya fa pele ga Baiseraele go fitlha re ba isa kwa lefelong la bone, fa bana ba rona bone ba tla bo ba nna mo metseng e e sireletsegileng, ba sireletsegile mo bathong ba ba nnang mo lefatsheng leno. 18  Ga re kitla re boela kwa matlong a rona go fitlha mongwe le mongwe wa Baiseraele a amogela karolo ya gagwe ya naga e le boswa.+ 19  Gonne ga re kitla re amogela boswa mmogo le bone ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane le go ya pele, ka gonne re amogetse boswa jwa rona ka fa letlhakoreng le le ka fa botlhaba jwa Joredane.”+ 20  Moshe o ne a ba araba a re: “Fa e le gore lo tla dira jaana: Lo tla tsaya dibetsa fa pele ga ga Jehofa lo ipaakanyetsa ntwa;+ 21  mme fa e le gore mongwe le mongwe wa lona o tla tsaya dibetsa a bo a kgabaganya Joredane fa pele ga ga Jehofa fa a ntse a leleka baba ba gagwe fa pele ga gagwe+ 22  go fitlha lefatshe le fentswe fa pele ga ga Jehofa,+ morago ga moo, lo ka nna lwa boa+ mme lo tla bo lo se na molato fa pele ga ga Jehofa le Iseraele. Foo lefatshe leno e tla nna la lona fa pele ga ga Jehofa.+ 23  Mme gone fa lo sa dire seo, lo tla bo lo leofetse Jehofa. Mme lo itse gore boleo jwa lona bo tla lo tshwara. 24  Ka jalo, lo ka nna lwa agela bana ba lona metse le matsomane a lona masaka,+ mme lo tshwanetse go dira se lo se solofeditseng.” 25  Bomorwa Gada le bomorwa Rubene ba ne ba raya Moshe ba re: “Rona batlhanka ba gago, re tla dira fela jaaka morena wa rona a laela. 26  Bana ba rona, basadi ba rona, leruo la rona le diruiwa tsa rona di tla nna kwa metseng ya Gileade,+ 27  mme rona batlhanka ba gago re tla kgabaganya, monna mongwe le mongwe a ipaakanyeditse tlhabano go ya go lwa fa pele ga ga Jehofa,+ fela jaaka morena wa rona a bua.” 28  Ka jalo, Moshe o ne a naya moperesiti Eliasare, Joshua morwa Nune le ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele tsa dikgotla tsa bone taelo. 29  Moshe o ne a ba raya a re: “Fa bomorwa Gada le bomorwa Rubene ba kgabaganya Joredane le lona, monna mongwe le mongwe a ipaakanyeditse tlhabano fa pele ga ga Jehofa, mme lefatshe le bo le fenngwa fa pele ga lona, foo lo ba neye lefatshe la Gileade gore e nne la bone.+ 30  Mme fa ba sa tseye dibetsa ba bo ba kgabaganya le lona, foo ba tla nna le lona mo lefatsheng la Kanana.” 31  Bomorwa Gada le bomorwa Rubene ba ne ba araba ba re: “Se Jehofa a se buileng le rona batlhanka ba gago, ke sone se re tla se dirang. 32  Re tla tsaya dibetsa re bo re kgabaganya fa pele ga ga Jehofa re ya kwa lefatsheng la Kanana,+ mme gone karolo e re tla e ruang e le boswa e tla nna ka fa letlhakoreng leno la Joredane.” 33  Ka jalo, Moshe o ne a naya bomorwa Gada, bomorwa Rubene+ le halofo ya lotso lwa ga Manase+ morwa Josefa bogosi jwa ga Sihone+ kgosi ya Baamore le bogosi jwa ga Oge+ kgosi ya kwa Bashana, lefatshe la metse ya bone mo dikarolong tseo tsa naga le metse ya naga e e di dikologileng. 34  Mme bomorwa Gada ba ne ba aga* Dibone,+ Atarothe,+ Aroere,+ 35  Aterothe-shofane, Jasere,+ Jogebeha,+ 36  Bethe-nimera+ le Bethe-harana,+ e leng metse e e sireletsegileng ba bo ba agela matsomane a bone masaka a maje. 37  Mme bomorwa Rubene ba ne ba aga Heshebone,+ Eleale,+ Kiriathaima,+ 38  Nebo+ le Baale-meone+ (maina a yone a ne a fetolwa) le Sibema; mme ba ne ba simolola go bitsa metse e ba neng ba e agile sesha ka maina a mangwe. 39  Bomorwa Makire+ morwa Manase ba ne ba ya go tlhasela Gileade mme ba e gapa ba bo ba leleka Baamore ba ba neng ba nna mo go yone. 40  Ka jalo, Moshe o ne a naya Makire morwa Manase Gileade, mme o ne a simolola go nna mo go yone.+ 41  Mme Jaire morwa Manase o ne a ya go lwa le bone mme a gapa metsana ya bone ya ditente, mme a simolola go e bitsa Hafotha-jaire.*+ 42  Mme Noba o ne a ya go tlhasela Kenathe a bo a e gapa le metsana ya yone e e e dikologileng, mme o ne a simolola go e bitsa ka leina la gagwe e bong Noba.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Molapong.”
Kgotsa “tsosolosa.”
Mo go kayang “Metsana ya Ditente ya ga Jaire.”