Dipalo 34:1-29

  • Melelwane ya lefatshe la Kanana (1-15)

  • Go tlhophiwa banna gore ba kgaoganye lefatshe (16-29)

34  Mme Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re:  “Naya Baiseraele ditaelo tseno: ‘Fa lo tsena mo lefatsheng la Kanana,+ leno ke lefatshe le e tla nnang la lona e le boswa, lefatshe la Kanana go ya ka melelwane ya lone.+  “‘Molelwane wa lona o o kwa borwa o tla simologa kwa nageng ya Tsine go bapa le Edoma, mme molelwane wa lona o o kwa borwa ka fa botlhaba o tla simologa kwa bofelelong jwa Lewatle la Letswai.*+  Molelwane wa lona o tla fapoga o bo o ya go feta ka fa borwa jwa thotana ya Akarabime+ mme o fetele kwa Tsine, mme o tla felela kwa borwa jwa Kadeshe-barenea.+ Go tswa foo, o tla fetela kwa Hasare-adare+ o bo o ya kwa Asemone.  Molelwane oo o tla fapoga kwa Asemone o bo o ya kwa Molapong wa Egepeto, mme o tla felela kwa Lewatleng.*+  “‘Molelwane wa lona o o kwa bophirima e tla nna Lewatle le Legolo* le lotshitshi. Ono e tla nna molelwane wa lona o o kwa bophirima.+  “‘Jaanong ono e tla nna molelwane wa lona o o kwa bokone: Go tswa kwa Lewatleng le Legolo lo tla tshwaya molelwane wa lona go ya go fitlha kwa Thabeng ya Hore.  Go tswa kwa Thabeng ya Hore, lo tla tshwaya molelwane go ya go fitlha kwa Lebo-hamathe,*+ mme molelwane oo o tla felela kwa Sedade.+  Mme molelwane oo o tla ya kwa Siferone, mme o tla felela kwa Hasare-enane.+ Ono e tla nna molelwane wa lona o o kwa bokone. 10  “‘Morago ga moo, lo tshwaye molelwane wa lona o o kwa botlhaba go simologa kwa Hasare-enane go ya go fitlha kwa Shefame. 11  Molelwane oo o tla tswa kwa Shefame o bo o fetela kwa Ribela ka fa botlhaba jwa Aine, mme o tla fologela o bo o kgabaganya mokgokolosa o o ka fa botlhaba jwa Lewatle la Kinerethe.*+ 12  Molelwane oo o tla fetela kwa Joredane, mme o tla felela kwa Lewatleng la Letswai.+ Leno e tla nna lefatshe la lona+ le melelwane e e le dikologileng.’” 13  Ka jalo, Moshe o ne a laela Baiseraele a re: “Leno ke lefatshe le lo tla le kgaoganyang ka bola+ gore e nne la lona, fela jaaka Jehofa a laetse gore o tla le naya ditso di le robongwe le halofo. 14  Gonne lotso lwa Barubene go ya ka dikgotla tsa bone, lotso lwa Bagada go ya ka dikgotla tsa bone le halofo ya lotso lwa ga Manase ba setse ba tsere boswa jwa bone.+ 15  Ditso tseno tse pedi le halofo di setse di tsere boswa jwa tsone kwa kgaolong e e kwa botlhaba jwa Joredane gaufi le Jeriko go ela kwa botlhabatsatsi.”+ 16  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 17  “Ano ke maina a banna ba ba tla lo kgaoganyetsang lefatshe gore lo nne mo go lone: moperesiti Eliasare+ le Joshua+ morwa Nune. 18  Mme lo tla tsaya kgosana e le nngwe mo lotsong longwe le longwe gore e kgaoganye lefatshe gore e nne boswa jwa lona.+ 19  Maina a banna bao ke ano: go tswa mo lotsong lwa ga Juda,+ Kalebe+ morwa Jefune; 20  go tswa mo lotsong lwa bomorwa Simeone,+ Shemuele morwa Amihude; 21  go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine,+ Elidade morwa Kiselone; 22  go tswa mo lotsong lwa bomorwa Dana,+ kgosana Buki morwa Jogeli; 23  go tswa mo go bomorwa Josefa,+ yo o tswang mo lotsong lwa bomorwa Manase,+ kgosana Haniele morwa Efode; 24  yo o tswang mo lotsong lwa bomorwa Eferaime,+ kgosana Kemuele morwa Shifetane; 25  go tswa mo lotsong lwa bomorwa Sebulone,+ kgosana Elisafane morwa Paranake; 26  go tswa mo lotsong lwa bomorwa Isakare,+ kgosana Palatiele morwa Asane; 27  go tswa mo lotsong lwa bomorwa Ashera,+ kgosana Ahihude morwa Shelomi; 28  go tswa mo lotsong lwa bomorwa Nafetali,+ kgosana Pedahele morwa Amihude.” 29  Bano ke bone ba Jehofa a neng a ba laela gore ba kgaoganyetse Baiseraele lefatshe mo lefatsheng la Kanana.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa Lewatle le le Suleng.
Go tewa Lewatle le Legolo, Lewatle la Mediterranean.
Go tewa Lewatle la Mediterranean.
Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”
Go tewa letšha la Genesareta kgotsa Lewatle la Galalea.