Dipalo 36:1-13

  • Molao o o amanang le go nyala basadi ba e leng baruaboswa (1-13)

36  Ditlhogo tsa malapa a ditlogolwana tsa ga Gileade morwa Makire+ morwa Manase tsa malapa a bomorwa Josefa, di ne tsa atamela mme tsa bua fa pele ga ga Moshe le dikgosana, e leng ditlhogo tsa malapa a Baiseraele.  Di ne tsa re: “Morena wa me, Jehofa o ne a go laela gore o kgaoganye lefatshe ka bola+ gore e nne boswa jwa Baiseraele; mme Jehofa o ne a go laela gore o neye bomorwadia Selofehade morwarraarona boswa jwa gagwe.+  Fa ba nyalwa ke banna ba lotso lo longwe lwa Iseraele, boswa jwa basadi bano le jone bo tla ntshiwa mo bosweng jwa borraarona bo bo bo tsenngwa mo bosweng jwa lotso lo ba tla nyalwang mo go lone, ka jalo bo tla bo bo ntshiwa mo bosweng jwa rona jo re bo abetsweng ka bola.  Jaanong fa batho ba Iseraele ba nna le Jubile,+ boswa jwa basadi bano le jone bo tla tsenngwa mo bosweng jwa lotso lo ba tla nyalwang mo go lone, ka jalo boswa jwa bone bo tla bo bo ntshiwa mo bosweng jwa lotso lwa borraarona.”  Foo Moshe o ne a laela Baiseraele ka taelo ya ga Jehofa, a re: “Se lotso lwa bomorwa Josefa lo se buang se a utlwala.  Seno ke se Jehofa a neng a se laela bomorwadia Selofehade: ‘Ba ka nna ba nyalwa ke mongwe le mongwe yo ba mo ratang. Le fa go ntse jalo, ba nyalwe ke mongwe yo o tswang mo lelapeng la lotso lwa ga rraabone.  Go se ka ga nna le boswa bope jwa Baiseraele jo bo tswang mo lotsong lo longwe bo fetela kwa lotsong lo longwe, ka gonne Baiseraele ba tshwanetse go ngaparela boswa jwa lotso lwa borraabonemogolo.  Mme ngwana mongwe le mongwe wa mosetsana yo o abetsweng boswa mo ditsong tsa Iseraele, a nyalwe ke setlogolwana se se tswang mo lelapeng la lotso lwa ga rraagwe,+ gore Baiseraele ba tswelele ba ngaparetse boswa jwa borraabonemogolo.  Go se ka ga nna le boswa bope jo bo tswang mo lotsong lo longwe bo fetela kwa lotsong lo longwe, ka gonne ditso tsa Iseraele di tshwanetse go ngaparela boswa jwa tsone.’” 10  Bomorwadia Selofehade ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.+ 11  Ka jalo, Mahela, Tiresa, Hogola, Mileka le Noa, bomorwadia Selofehade,+ ba ne ba nyalwa ke barwa ba bomorwarraagwe rraabone. 12  Ba ne ba nyalwa ke banna ba ba tswang mo malapeng a ga Manase morwa Josefa, gore boswa jwa bone bo tswelele bo le mo lotsong lwa lelapa la ga rraabone. 13  Tseno ke ditaelo le ditshwetso tsa boatlhodi tse Jehofa a neng a di naya Baiseraele ka Moshe mo sekakeng sa Moabe gaufi le Joredane kwa Jeriko.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase