Dipalo 5:1-31

  • Batho ba ba itshekologileng ba bewe kwa thoko (1-4)

  • Go ipolela le tuelo (5-10)

  • Metsi a go leka motho yo go belaelwang gore o dirile boaka (11-31)

5  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re:  “Laela Baiseraele gore ba ntshetse motho mongwe le mongwe yo o nang le lepero kwa ntle ga kampa+ le monna yo o tswang boladu mo serweng sa gagwe sa tsalo le mosadi yo o elelang madi ka tsela e e sa tlwaelegang+ le mongwe le mongwe yo o itshekologileng ka ntlha ya motho yo o suleng.*+  E ka tswa e le monna kgotsa mosadi, lo ba ntshetse kwa ntle. Lo ba ntshetse kwa ntle ga kampa gore ba se ka ba leswafatsa+ dikampa tsa batho ba ke nnang mo gare ga bone.”+  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba dira jalo mme ba ba ntshetsa kwa ntle ga kampa. Baiseraele ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a boleletse Moshe.  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re:  “Bolelela Baiseraele o re, ‘Fa monna kgotsa mosadi a dira boleo bongwe jo batho ba tleng ba bo dire a bo a sa ikanyege mo go Jehofa, motho yoo o molato.+  O* tshwanetse go ipolela+ boleo jo a* bo dirileng a bo a tlisa tlhwatlhwa e e feletseng e le tuelo ya molato wa gagwe, gape a ntshe karolwana* ya tlhwatlhwa eo mo godimo ga yone;+ a e neye motho yo a mo diretseng phoso.  Mme fa motho yo o diretsweng phoso a se na wa losika yo a atamalaneng le ene yo a ka amogelang tuelo e e ntshiwang, e busediwe kwa go Jehofa mme e tla nna ya moperesiti, ntle le phelefu ya setlhabelo sa go itshwarelwa maleo e a tla mo direlang setlhabelo ka yone.+  “‘Moneelo mongwe le mongwe wa dilo tse di boitshepo+ o o tswang mo Baiseraeleng o o isiwang kwa moperesiting, e nne wa gagwe.+ 10  Dilo tse di boitshepo tsa motho mongwe le mongwe e tla nna e le tsa gagwe. Sepe fela se mongwe le mongwe a se nayang moperesiti, e tla nna sa moperesiti.’” 11  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 12  “Bua le Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Seno ke se se tla dirwang fa mosadi mongwe a fapoga a bo a sa ikanyege mo monneng wa gagwe 13  e bile monna yo mongwe a tlhakanetse dikobo le ene,+ le fa go ntse jalo, monna wa gagwe a sa itse ka seno mme se bo se tswelela se sa lemogiwe, mo a neng a iteswafatsa mme go se na ope yo o mmoneng e bile a sa tshwarwa: 14  Fa monna a fufega e bile a belaela gore mosadi wa gagwe ga a ikanyege mme mosadi a iteswafaditse kgotsa fa monna wa gagwe a fufega e bile a belaela gore mosadi wa gagwe ga a ikanyege mme mosadi ene a sa iteswafatsa, 15  monna o tshwanetse go tlisa mosadi wa gagwe kwa moperesiting mmogo le setlhabelo se se tla ntshediwang mosadi, kilogerama e ka nna nngwe* ya bupi jwa barele.* Ga a tshwanela go tshela leokwane mo go yone kgotsa go baya borekhu jo bo nkgang monate* mo go sone ka gonne ke setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa lefufa, e leng setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se dirang gore motho a gakologelwe molato wa gagwe. 16  “‘Moperesiti a mo atametse a bo a mo emisa fa pele ga ga Jehofa.+ 17  Moperesiti a tseye metsi a a boitshepo ka sejana sa letsopa a bo a tsaya lorole fa fatshe mo teng ga motlaagana a bo a lo tsenya mo metsing ao. 18  Mme moperesiti a emise mosadi yoo fa pele ga ga Jehofa a bo a bofolola moriri wa mosadi yoo a bo a baya setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa go gakologelwa molato mo diatleng tsa gagwe, e leng setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa lefufa+ mme moperesiti o tla bo a tshotse metsi a a bogalaka a a tlisang phutso.+ 19  “‘Go tswa foo, moperesiti a ikanise mosadi yoo mme a mo reye a re: “Fa go se na monna ope yo o tlhakanetseng dikobo le wena fa o ne o sa ntse o le mo taolong ya monna wa gago+ e bile o sa fapoga, gape o sa iteswafatsa, a metsi ano a a bogalaka a se ka a go dira sepe. 20  Mme fa o fapogile o ne o sa ntse o le mo taolong ya monna wa gago ka go iteswafatsa e bile o tlhakanetse dikobo le monna yo mongwe . . .”+ 21  Foo moperesiti a ikanise mosadi yoo ka maikano a a akaretsang phutso, mme moperesiti a reye mosadi yoo a re: “E kete Jehofa a ka dira gore batho ba gaeno ba dirise leina la gago fa ba hutsa ba bangwe le fa ba dira maikano, mme Jehofa a dire gore o se ka wa nna le bana* a bo a dire gore mpa ya gago e ruruge. 22  Metsi ano a a tlisang phutso a tla tsena mo maleng a gago gore a dire gore mpa ya gago e ruruge a bo a dire gore o se ka wa nna le bana.” Foo mosadi a bue a re: “Amen! Amen!”* 23  “‘Go tswa foo, moperesiti a kwale diphutso tseno mo bukeng a bo a di tlhatswetsa mo metsing a a bogalaka. 24  Morago ga moo, a laele mosadi yoo gore a nwe metsi ano a a bogalaka a a tlisang phutso, mme metsi a a tlisang phutso a tla tsena mo go ene a bo a dira gore a nne le ditlhabi. 25  Mme moperesiti a tseye setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa lefufa+ mo seatleng sa mosadi a bo a se fokisetsa kwa morago le kwa pele fa pele ga ga Jehofa, mme a se tlise gaufi le sebeso. 26  Moperesiti a tabole setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka ka seatla se tletse gore e nne karolo e e emelang setlhabelo sotlhe a bo a se fisa gore se kuise mosi mo sebesong,+ morago ga moo, a laele mosadi yoo gore a nwe metsi ao. 27  Fa moperesiti a laela mosadi yono gore a nwe metsi, fa e le gore o iteswafaditse e bile ga a ka a ikanyega mo monneng wa gagwe, metsi a a tlisang phutso a tla tsena mo go ene mme a tla nna selo se se bogalaka mme mpa ya gagwe e tla ruruga e bile ga a kitla a nna le bana, mme leina la mosadi yoo le tla dirisiwa ke batho ba gagabo fa ba hutsa ba bangwe. 28  Le fa go ntse jalo, fa mosadi yoo a sa iteswafatsa e bile a le phepa, foo o tla gololesega mo kotlhaong eo mme o tla kgona go ima le go tshola bana. 29  “‘Ono ke molao o o amanang le lefufa,+ fa mosadi a ka fapoga a bo a iteswafatsa fa a sa ntse a le mo taolong ya monna wa gagwe 30  kgotsa mo maemong a fa monna a fufega e bile a belaela gore mosadi wa gagwe ga a ikanyege; o tshwanetse go dira gore mosadi wa gagwe a eme fa pele ga ga Jehofa mme moperesiti o tshwanetse go diragatsa molao ono otlhe mo go ene. 31  Monna yoo o tla bo a se molato, mme mosadi wa gagwe ene o tla otlhaelwa molato wa gagwe.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “Ba.”
Seheb., “ba.”
Seheb., “nngwetlhanong (1/5).”
Seheb., “nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Semela se se tshwanang le korong.
Seheb., “lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “gore serope sa gago se we.”
Kgotsa “A go nne jalo! A go nne jalo!”