Dipalo 7:1-89

  • Ditlhabelo tsa go kgakolwa ga motlaagana (1-89)

7  Mo letsatsing le Moshe a neng a fetsa go tlhoma motlaagana+ ka lone, o ne a o tlotsa+ a bo a o dira boitshepo mmogo le dithoto tsotlhe tsa one, sebeso le dilwana+ tsotlhe tsa motlaagana. Fa a sena go tlotsa dilo tseno le go di dira boitshepo,+  dikgosana tsa Iseraele,+ ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, di ne tsa ntsha dimpho. Dikgosana tseno tsa ditso tse di neng di okametse go kwadisiwa ga batho  di ne tsa tlisa fa pele ga ga Jehofa mpho ya tsone ya dikara tse di khurumeditsweng di le thataro le dipholo di le 12, dikgosana tse pedi di ne di ntshitse kara e le nngwe mme kgosana nngwe le nngwe e ne e ntshitse poo;* mme ba ne ba di tlisa fa pele ga motlaagana.  Jehofa o ne a raya Moshe a re:  “Tsaya dilo tseno mo go bone ka gonne di tla dirisiwa mo tirelong e e dirwang mo tenteng ya bokopanelo, mme o di neye Balefi, o neye mongwe le mongwe se se tlhokegang mo tirong ya gagwe.”  Ka jalo, Moshe o ne a tsaya dikara le dikgomo mme a di naya Balefi.  O ne a naya bomorwa Gereshone dikara di le pedi le dipholo di le nnê go ya ka se se neng se tlhokega mo ditirong tsa bone;+  mme o ne a naya bomorwa Merari dikara di le nnê le dipholo di le robedi go ya ka se se neng se tlhokega mo ditirong tsa bone, ba okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone.+  Mme o ne a se ka a naya bomorwa Kohathe sepe ka gonne ditiro tsa bone di ne di akaretsa tirelo ya mo lefelong le le boitshepo+ mme ba ne ba rwala dilo tse di boitshepo mo magetleng a bone.+ 10  Jaanong dikgosana di ne tsa ntsha dimpho tsa tsone fa go ne go kgakolwa*+ sebeso mo letsatsing la fa se ne se tlodiwa. Fa dikgosana di ne di tlisa dimpho tsa tsone fa pele ga sebeso, 11  Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Mo letsatsing lengwe le lengwe kgosana e le nngwe e tlise mpho ya yone ya go kgakolwa ga sebeso, ba tle ka malatsi a a latelanang.” 12  Mo letsatsing la ntlha Nashone+ morwa Aminadabe wa lotso lwa ga Juda ke ene a neng a tlisa mpho ya gagwe. 13  Mpho ya gagwe e ne e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele* di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele* sa lefelo le le boitshepo,*+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 14  kopi* ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 15  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 16  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 17  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Nashone morwa Aminadabe.+ 18  Mo letsatsing la bobedi, Nethanele+ morwa Suare, kgosana ya lotso lwa ga Isakare, o ne a tlisa mpho. 19  O ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 20  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 21  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 22  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 23  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Nethanele morwa Suare. 24  Mo letsatsing la boraro, kgosana ya bomorwa Sebulone, Eliabe+ morwa Helone, 25  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 26  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 27  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 28  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 29  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Eliabe+ morwa Helone. 30  Mo letsatsing la bonê, kgosana ya bomorwa Rubene, Elisure+ morwa Shedeure, 31  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 32  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 33  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 34  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 35  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Elisure+ morwa Shedeure. 36  Mo letsatsing la botlhano, kgosana ya bomorwa Simeone, Shelumiele+ morwa Surishadai, 37  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 38  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 39  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 40  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 41  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Shelumiele+ morwa Surishadai. 42  Mo letsatsing la borataro, kgosana ya bomorwa Gada, Eliasafe+ morwa Duele, 43  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 44  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 45  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 46  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 47  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Eliasafe+ morwa Duele. 48  Mo letsatsing la bosupa, kgosana ya bomorwa Eferaime, Elishama+ morwa Amihude, 49  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 50  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 51  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 52  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 53  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Elishama+ morwa Amihude. 54  Mo letsatsing la borobedi, kgosana ya bomorwa Manase, Gamaliele+ morwa Pedasure, 55  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 56  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 57  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 58  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 59  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Gamaliele+ morwa Pedasure. 60  Mo letsatsing la borobongwe, kgosana+ ya bomorwa Benjamine, Abidane+ morwa Gideoni, 61  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 62  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 63  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 64  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 65  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Abidane+ morwa Gideoni. 66  Mo letsatsing la bolesome, kgosana ya bomorwa Dana, Ahiesere+ morwa Amishadai, 67  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 68  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 69  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 70  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 71  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Ahiesere+ morwa Amishadai. 72  Mo letsatsing la bo11, kgosana ya bomorwa Ashera, Pagiele+ morwa Okerane, 73  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 74  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 75  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 76  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 77  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Pagiele+ morwa Okerane. 78  Mo letsatsing la bo12, kgosana ya bomorwa Nafetali, Ahira+ morwa Enane, 79  o ne a tlisa mpho ya gagwe e le sejana sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele se sennye sa selefera se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 70 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo,+ tsoopedi di tletse bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane gore e nne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka;+ 80  kopi ya gauta e le nngwe ya bokete jwa dishekele di le 10 e tletse maswalo; 81  powana e le nngwe, phelefu e le nngwe le kwanyana e tonanyana e le nngwe e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase, e le tsa setlhabelo se se fisiwang;+ 82  potsane e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;+ 83  gape o ne a ntsha dikgomo tse pedi, diphelefu tse tlhano, diphoko tse tlhano le dikwanyana tse ditonanyana di le tlhano nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe, e le tsa setlhabelo sa go abelana.+ Eno e ne e le mpho ya ga Ahira+ morwa Enane. 84  Eno e ne e le mpho e e tswang mo dikgosaneng tsa Iseraele ya go kgakolwa+ ga sebeso fa se ne se tlodiwa: dijana tsa selefera di le 12, dikotlele tse dinnye tsa selefera di le 12, dikopi tsa gauta di le 12;+ 85  sejana sengwe le sengwe sa selefera se ne se le bokete jwa dishekele di le 130 le sekotlele sengwe le sengwe se sennye se ne se le bokete jwa dishekele di le 70, selefera yotlhe ya dilwana tseno e ne e le dishekele di le 2 400 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo;+ 86  nngwe le nngwe ya dikopi tsa gauta di le 12 tse di tletseng maswalo e ne e le bokete jwa dishekele di le 10 go ya ka selekanyashekele sa lefelo le le boitshepo, gauta yotlhe ya dikopi e ne e le dishekele di le 120. 87  Diruiwa tsotlhe tsa setlhabelo se se fisiwang e ne e le dipoo tse 12, diphelefu tse 12, dikwanyana tse ditonanyana di le 12 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe le ditlhabelo tsa tsone tsa dijo tsa ditlhaka le dipotsane di le 12 tsa setlhabelo sa boleo; 88  mme diruiwa tsotlhe tsa setlhabelo sa go abelana e ne e le dipoo tse 24, diphelefu tse 60, diphoko tse 60 le dikwanyana tse ditonanyana di le 60 nngwe le nngwe ya tsone e na le ngwaga o le mongwe. Eno e ne e le mpho ya go kgakolwa+ ga sebeso fa se sena go tlodiwa.+ 89  Nako epe fela fa Moshe a ne a tsena mo tenteng ya bokopanelo a ya go bua le Modimo,*+ o ne a tle a utlwe lentswe le tlotla le ene le tswa mo godimo ga sekhurumelo+ sa letlole la kgolagano, le tswa mo gare ga ditšheruba tse pedi;+ mme Modimo o ne a tle a bue le ene.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “pholo.”
Kgotsa “go neelwa.”
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “go ya ka shekele e e boitshepo.”
Kgotsa “sekotlele se sennye.”
Seheb., “ene.”