Dipalo 8:1-26

  • Arone o tshuba dipone tse supa (1-4)

  • Balefi ba a phepafadiwa, ba simolola go direla (5-22)

  • Dingwaga tsa tirelo ya Bolefi (23-26)

8  Jehofa o ne a bua le Moshe a re:  “Bua le Arone mme o mo reye o re, ‘Fa o tshuba dipone, dipone tse supa di bonese mo lefelong le le fa pele ga setlhomo sa dipone.’”+  Ka jalo, Arone o ne a dira jaana: O ne a tshuba dipone tsa sone, a di tshubela lefelo le le fa pele ga setlhomo sa dipone,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.  Eno ke tsela e setlhomo sa dipone se neng se dirilwe ka yone: E ne e le sa gauta e e papetlilweng; go tswa kwa kutung ya sone go ya kwa malômông* a sone, e ne e le sa gauta e e papetlilweng.+ Setlhomo seno sa dipone se ne se dirilwe go ya ka ponatshegelo+ e Jehofa a neng a e bontshitse Moshe.  Jehofa o ne a bua gape le Moshe a re:  “Tsaya Balefi mo Baiseraeleng mme o ba dire phepa.+  Eno ke tsela e o tla ba dirang phepa ka yone: Ba kgatšhe ka metsi a a tlhatswang boleo, mme ba tshwanetse go beola mebele yotlhe ya bone ka legare, ba tlhatswe diaparo tsa bone ba bo ba dira gore ba nne phepa.+  Morago ga moo, ba tseye powana+ le setlhabelo sa yone sa dijo tsa ditlhaka+ sa bupi jo bo boleta jo bo tlhakantsweng le leokwane, mme o tseye powana e nngwe gore e nne setlhabelo sa boleo.+  Mme o ise Balefi fa pele ga tente ya bokopanelo o bo o phutha phuthego yotlhe ya Baiseraele.+ 10  Fa o isa Balefi fa pele ga ga Jehofa, Baiseraele ba beye diatla tsa bone mo Balefing.+ 11  Mme Arone o tshwanetse go tlisa* Balefi fa pele ga ga Jehofa e le setlhabelo se se fokwang+ se se tswang mo Baiseraeleng, mme ba tla dira tirelo ya ga Jehofa.+ 12  “Go tswa foo, Balefi ba beye diatla tsa bone mo ditlhogong tsa dipoo.+ Morago ga moo, o ntshe poo e nngwe e le setlhabelo sa boleo e nngwe yone e le setlhabelo se se fisiwang se se yang kwa go Jehofa gore o direle Balefi setlhabelo sa go itshwarelwa maleo.+ 13  Mme o laele Balefi gore ba eme fa pele ga ga Arone le bomorwawe o bo o ba ntsha* e le setlhabelo se se fokwang se se yang kwa go Jehofa. 14  O tshwanetse go tlhaola Balefi mo Baiseraeleng, mme Balefi e tla nna ba me.+ 15  Morago ga moo, Balefi ba tla tsena gore ba direle mo tenteng ya bokopanelo. Eno ke tsela e o tla ba dirang phepa ka yone le go ba ntsha* e le setlhabelo se se fokwang. 16  Gonne ke ba ba abilweng, ba ke ba abetsweng go tswa mo Baiseraeleng. Ke tla ba itseela mo boemong jwa maitibolo* otlhe a Baiseraele.+ 17  Gonne leitibolo lengwe le lengwe mo Baiseraeleng ke la me, la motho mmogo le la phologolo.+ Ke ne ka a itlhaolela gore a nne boitshepo mo letsatsing la fa ke ne ke bolaya leitibolo lengwe le lengwe kwa lefatsheng la Egepeto.+ 18  Ke tla tsaya Balefi mo boemong jwa maitibolo otlhe mo Baiseraeleng. 19  Ke tla ntsha Balefi go tswa mo Baiseraeleng ke bo ke ba naya Arone le bomorwawe e le ba ba abilweng, gore ba dire tirelo kwa tenteng ya bokopanelo+ mo boemong jwa Baiseraele le gore ba ntshetse Baiseraele setlhabelo sa go itshwarelwa maleo, gore Baiseraele ba se ka ba tlelwa ke petso epe+ ka gonne batho ba Iseraele ba atametse lefelo le le boitshepo.” 20  Moshe le Arone le phuthego yotlhe ya Baiseraele ba ne ba dira sotlhe se Jehofa a neng a laetse Moshe gore se dirwe ka Balefi. 21  Ka jalo, Balefi ba ne ba iitshekisa ba bo ba tlhatswa diaparo tsa bone+ mme morago ga moo, Arone o ne a ba ntsha* e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa.+ Go tswa foo, Arone o ne a ntsha setlhabelo sa gore maleo a bone a phimolwe mme ba nne phepa.+ 22  Morago ga moo, Balefi ba ne ba tsena gore ba dire tiro e ba e dirang mo tenteng ya bokopanelo fa pele ga ga Arone le bomorwawe. Mme batho ba ne ba dira fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe gore go dirwe ka Balefi. 23  Jaanong Jehofa o ne a bua le Moshe a re: 24  “Eno ke thulaganyo e e amanang le Balefi: Monna yo dingwaga tsa gagwe di simololang ka 25 go ya kwa godimo, a tsene mo setlhopheng sa ba ba direlang mo tenteng ya bokopanelo. 25  Mme fa a sena go feta dingwaga di le 50, a tswe mo setlhopheng sa ba ba direlang mme ga a kitla a tlhola a direla. 26  A ka nna a direla bomorwarraagwe ba ba nang le maikarabelo kwa tenteng ya bokopanelo, mme ga a tshwanela go dira tirelo epe koo. Seno ke se o tla se dirang ka Balefi le maikarabelo a bone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dithunyeng.”
Seheb., “foka,” go tewa go isa kwa morago le kwa pele.
Seheb., “foka,” go tewa go isa kwa morago le kwa pele.
Seheb., “foka,” go tewa go isa kwa morago le kwa pele.
Kgotsa “maitibolo otlhe a a bulang dipopelo.”
Seheb., “foka,” go tewa go isa kwa morago le kwa pele.