Dipalo 9:1-23

  • Thulaganyo ya go tshwara Tlolaganyo morago ga nako ya yone (1-14)

  • Leru le molelo kwa godimo ga motlaagana (15-23)

9  Jehofa o ne a bua le Moshe kwa nageng ya Sinai mo kgweding ya ntlha+ mo ngwageng wa bobedi ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto, a re:  “Baiseraele ba baakanye setlhabelo sa Tlolaganyo+ ka nako ya yone e e tlhomilweng.+  Lo se baakanye ka nako ya yone e e tlhomilweng, mo letsatsing la bo14 la kgwedi eno ka lotlatlana.* Lo se baakanye go ya ka melao yotlhe ya Tlolaganyo le dithulaganyo tsotlhe tsa yone tse di tlhomilweng.”+  Ka jalo, Moshe o ne a bolelela Baiseraele gore ba baakanye setlhabelo sa Tlolaganyo.  Ba ne ba baakanya setlhabelo sa Tlolaganyo mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la bo14 la kgwedi ka lotlatlana,* mo nageng ya Sinai. Baiseraele ba ne ba dira go ya ka fa go sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe.  Jaanong go ne go na le banna ba ba neng ba itshekologile ka ntlha ya go tshwara setopo+ mme ba ne ba se ka ba kgona go baakanya setlhabelo sa Tlolaganyo mo letsatsing leo. Ka jalo, banna bao ba ne ba tla fa pele ga ga Moshe le Arone mo letsatsing leo+  mme ba mo raya ba re: “Re itshekologile ka gonne re ne ra tshwara setopo. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go thibelwa go isetsa Jehofa setlhabelo ka nako ya yone e e tlhomilweng mo Baiseraeleng?”+  Ka yone nako eo, Moshe o ne a ba raya a re: “Letang fano, mme mma ke utlwe se Jehofa a tla se laelang ka lona.”+  Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: 10  “Bolelela Baiseraele o re, ‘Le fa motho ope mo go lona kgotsa mo dikokomaneng tsa lona tse di tla latelang a ka itshekologa ka ntlha ya go tshwara setopo+ kgotsa a tsere loeto lo loleele, le ene o sa ntse a tshwanelwa ke go baakanyetsa Jehofa setlhabelo sa Tlolaganyo. 11  Ba se baakanye mo kgweding ya bobedi,+ mo letsatsing la bo14 ka lotlatlana.* Ba se je mmogo le senkgwe se se se nang sebediso le merogo e e galakang.+ 12  Ga ba a tshwanela go sadisa sepe sa sone go fitlha mo mosong+ e bile ba se ka ba roba lerapo lepe mo go sone.+ Ba se baakanye go ya ka molao otlhe o o amanang le Tlolaganyo. 13  Mme gone, fa motho a ne a itshekile kgotsa a ne a sa tsaya loeto a bo a itlhokomolosa go baakanya setlhabelo sa Tlolaganyo, motho yoo o tshwanetse go bolawa+ ka gonne ga a ka a isa setlhabelo sa ga Jehofa ka nako ya yone e e tlhomilweng. Motho yoo o tla rwala boleo jwa gagwe. 14  “‘Mme fa motswakwa mongwe a agile le lona, le ene a baakanyetse Jehofa setlhabelo sa Tlolaganyo.+ A dire jalo go ya ka molao wa Tlolaganyo le thulaganyo ya yone e e tlhomilweng.+ Go nne le molao o le mongwe fela mo go lona, mo mothong yo e leng motswakwa mmogo le mo mothong wa lefatshe la lona.’”+ 15  Jaanong mo letsatsing la fa motlaagana o ne o tlhomiwa,+ leru le ne la khurumetsa motlaagana o o nang le letlole la kgolagano* mme mo maitseboeng se se neng se bonala e kete molelo se ne sa tswelela se le mo godimo ga motlaagana go fitlha mo mosong.+ 16  Seno ke se se neng se nna se direga: Leru le ne le o khurumetsa motshegare, mme bosigo go ne go bonala se e keteng molelo.+ 17  Nako epe fela fa leru le ne le tsholetsega le tswa mo tenteng, ka yone nako eo Baiseraele ba ne ba fuduga,+ mme mo lefelong le leru le neng le ema mo go lone, ke gone kwa Baiseraele ba neng ba tla nna gone.+ 18  Baiseraele ba ne ba fuduga ka taelo ya ga Jehofa e bile ba ne ba nna ka taelo ya ga Jehofa.+ Fa fela leru le ne le le mo godimo ga motlaagana, ba ne ba tla tswelela ba le gone foo. 19  Fa leru le ne le nna mo godimo ga motlaagana malatsi a le mantsi, Baiseraele ba ne ba ikobela Jehofa mme ba ne ba sa fuduge.+ 20  Ka dinako tse dingwe leru le ne le tswelela le le mo godimo ga motlaagana malatsi a le mmalwa. Ba ne ba tswelela ba le mo kampeng ka taelo ya ga Jehofa e bile ba ne ba fuduga ka taelo ya ga Jehofa. 21  Ka dinako tse dingwe leru le ne le ema fela go tloga maitseboa go fitlha mo mosong, mme fa leru le ne le tsholetsega mo mosong, ba ne ba tsamaya. Le fa leru le ne le ka tsholetsega motshegare kgotsa bosigo, ba ne ba fuduga.+ 22  E ka tswa e ne e le malatsi a mabedi, kgwedi kgotsa go feta, fa fela leru le ne le sa ntse le le mo godimo ga motlaagana, Baiseraele ba ne ba tswelela ba le mo kampeng mme ba ne ba sa fuduge. Le fa go ntse jalo, fa le ne le tsholetsega, ba ne ba fuduga. 23  Ba ne ba kampa ka taelo ya ga Jehofa e bile ba ne ba fuduga ka taelo ya ga Jehofa. Ba ne ba ikobela Jehofa ka go diragatsa se Jehofa a neng a se laetse ka Moshe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Seheb., “motlaagana, e leng tente ya Tshupo.”