Ditiro Tsa Baaposetoloi 25:1-27

  • Paulo o sekisiwa fa pele ga ga Feseto (1-12)

    • “Ke ikuela kwa go Kaesara!” (11)

  • Feseto o buisana le Kgosi Ageripa (13-22)

  • Paulo fa pele ga ga Ageripa (23-27)

25  Ka jalo, fa Feseto+ a sena go goroga mo porofenseng ya Judea le go nna molaodi wa yone, malatsi a le mararo moragonyana o ne a ya kwa Jerusalema a tswa mo Kaesarea.  Mme baperesiti ba bagolo le banna ba ba tseelwang kwa godimo ba Bajuda ba ne ba mo naya tshedimosetso e e latofatsang Paulo.+ Ka jalo, ba ne ba simolola go rapela Feseto  gore a reetse kopo ya bone mme a laele gore Paulo a ye go bidiwa a tle mo Jerusalema. Tota ba ne ba loga leano la go lalela Paulo gore ba tle ba mmolaele mo tseleng.+  Le fa go ntse jalo, Feseto o ne a ba bolelela gore Paulo o tshwanetse go tlogelwa kwa Kaesarea le gore ene o ne a tloga a boela teng mo bogautshwaneng.  O ne a re: “Ka jalo, a ba ba nang le taolo mo go lona ba tsamaye le nna mme ba ye go mo latofatsa, fa e le gore ruri monna yoo o dirile sengwe se se phoso.”+  E rile a sena go nna le bone malatsi a ka nna robedi kgotsa lesome, o ne a ya kwa Kaesarea, mme letsatsi le le latelang o ne a nna mo setulong sa katlholo a bo a laela gore Paulo a tlisiwe.  Fa Paulo a sena go tla, Bajuda ba ba neng ba tlile ba tswa kwa Jerusalema ba ne ba ema go mo dikologa, mme ba mo latofatsa ka dilo di le dintsi tse di masisi tse ba neng ba sa kgone go ntsha bosupi jwa tsone.+  Mme Paulo o ne a iphemela a re: “Ga ke a direla Molao wa Bajuda kgotsa tempele kgotsa Kaesara boleo bope.”+  E re ka Feseto a ne a batla go amogelwa ke Bajuda,+ o ne a raya Paulo a re: “A o batla go ya kwa Jerusalema mme o ye go atlholelwa gone fa pele ga me ka ntlha ya ditatofatso tseno?” 10  Paulo o ne a re: “Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara, fa ke tshwanetseng go atlholelwa gone. Ga ke a direla Bajuda phoso epe, fela jaaka le wena o lemoga sentle. 11  Fa e le gore tota ke modiraphoso e bile ke dirile dilo tse di ka dirang gore ke bolawe,+ lo ka nna lwa mpolaya; mme fa e le gore dilo tse banna bano ba ntatofatsang ka tsone ga di boammaaruri, ga go na motho ope yo o nang le tshwanelo ya go ntsenya mo diatleng tsa bone e le go ba kgotsofatsa. Ke ikuela kwa go Kaesara!”+ 12  E rile Feseto a sena go bua le setlhopha sa bagakolodi, o ne a re: “E re ka o ikuetse kwa go Kaesara, o tla ya kwa go Kaesara.” 13  Fa go sena go feta malatsinyana, kgosi Ageripa le Berenise ba ne ba goroga mo Kaesarea ba tlile go dumedisa Feseto. 14  Ba ne ba nna malatsi a le mmalwa koo, mme Feseto o ne a bolelela kgosi kgang ya ga Paulo a re: “Go na le monna mongwe yo Felise a mo tlogetseng fano e le legolegwa, 15  mme fa ke ne ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bagolwane ba Bajuda ba ne ba nnaya tshedimosetso ka ga gagwe,+ ba kopa gore ke mo atlhole ka go mmona molato. 16  Le fa go ntse jalo, ke ne ka ba bolelela gore molao wa Roma ga o letlelele gore motho ope a tsenngwe mo diatleng tsa balatofatsi ba gagwe a ise a kopane le bone e bile a ise a nne le tshono ya go iphemela ka se ba mo latofatsang ka sone.+ 17  Ka jalo, e rile ba goroga fano, ga ke a ka ka diega, mme letsatsi le le latelang ke ne ka nna mo setulong sa katlholo ke bo ke laela gore monna yoo a tlisiwe. 18  Fa balatofatsi ba gagwe ba sena go ema, ga ba a ka ba mo latofatsa ka sepe sa dilo tse di bosula tse ke neng ke solofetse gore a ka tswa a di dirile.+ 19  Ba ne ba ganetsana fela ka bodumedi jwa bone*+ le ka monna mongwe yo o bidiwang Jesu, yo o neng a sule mme Paulo ene a gatelela gore o a tshela.+ 20  E re ka ke ne ke sa itse gore nka rarabolola kgang eno jang, ke ne ka mmotsa gore a a ka rata go ya kwa Jerusalema mme a ye go atlholelwa teng ka dikgang tseno.+ 21  Mme e rile Paulo a ikuela a re a letele tshwetso ya ga Aguseto yo Mogolo* a le mo kgolegelong,+ ke ne ka laela gore a tsenngwe mo kgolegelong go fitlha ke mo romela kwa go Kaesara.” 22  Foo Ageripa o ne a raya Feseto a re: “Le nna nka rata go utlwa monna yoo.”+ O ne a re: “Kamoso o tla mo utlwa.” 23  Ka jalo, mo letsatsing le le latelang Ageripa le Berenise ba ne ba tla ka boikgantsho jo bogolo mme ba tsena mo kgotlatshekelong ba na le balaodi ba masole le banna ba ba tseelwang kwa godimo mo motseng; mme Feseto o ne a laela gore Paulo a tlisiwe. 24  Feseto o ne a re: “Kgosi Ageripa le lona lotlhe ba lo nang le rona fano, monna yono ke ene yo Bajuda botlhe kwa Jerusalema le ba ba fano ba nkopileng ba goa ba re o tshwanetse go swa.+ 25  Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore ga a dira sepe se se ka dirang gore a bolawe.+ Ka jalo, e rile monna yono a ikuela kwa go Aguseto yo Mogolo, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke mo romele kwa go ene. 26  Mme ga ke itse gore nka kwalela Morena wa me eng ka monna yono. Ka jalo, ke mo tlisitse fa pele ga lona, mme segolobogolo fa pele ga gago, Kgosi Ageripa, gore fa a sena go botsolodiwa, ke nne le sengwe se nka se kwalang. 27  Gonne nna ke bona go sa utlwale gore ke romele legolegwa mme gone ke sa tlhalosa dilo tse le latofadiwang ka tsone.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kobamelo ya bone mo modimong.”
Sereto sa mmusimogolo wa Roma.