Duteronome 13:1-18

  • Kafa batlhanogi ba tshwanetseng go tshwarwa ka gone (1-18)

13  “Fa go direga gore go nne le moporofeti kgotsa motho yo o bolelelang dilo pele ka ditoro mo go lona a bo a lo naya sesupo kgotsa kgakgamatso,  mme sesupo seo kgotsa kgakgamatso eo e a lo e boleletseng e bo e diragala, e a neng a e bua a re, ‘A re saleng medimo e mengwe morago, medimo e lo sa e itseng, mme a re e direleng,’  ga lo a tshwanela go reetsa mafoko a moporofeti yoo kgotsa a molori+ yoo ka gonne Jehofa, Modimo wa lona o a lo leka+ gore a itse gore a lo rata Jehofa, Modimo wa lona ka pelo yotlhe ya lona le ka moya otlhe wa lona.+  Lo sale Jehofa, Modimo wa lona morago, lo mmoife, lo boloke ditaelo tsa gagwe, lo reetse lentswe la gagwe; ke ene yo lo tshwanetseng go mo direla le go mo ngaparela.+  Mme moporofeti yoo kgotsa molori yoo a bolawe,+ ka gonne o ne a lo kgothaletsa gore lo tlhanogele Jehofa, Modimo wa lona yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto a bo a lo golola kwa lefatsheng la bokgoba. Moporofeti yoo kgotsa molori yoo o lekile go lo faposa mo tseleng e Jehofa, Modimo wa lona a laetseng gore lo tsamaye mo go yone. Mme lo tshwanetse go tlosa se se bosula mo go lona.+  “Fa morwarrago, morwammago kgotsa morwao kgotsa morwadio kgotsa mosadi wa gago yo o mo ratang kgotsa tsala e e atamalaneng thata le wena,* a leka go go raela mo sephiring a re, ‘A re tsamaye mme re ye go direla medimo e mengwe,’+ medimo e wena kgotsa borragomogolo ba sa e itseng,  go tswa mo medimong ya ditšhaba tse di lo dikologileng, di ka tswa di le gaufi le lona kgotsa di le kgakala le lona, go tswa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya ntlheng e nngwe ya lefatshe,  ga o a tshwanela go dumalana le ene kgotsa go mo reetsa+ e bile o se ka wa mo utlwela botlhoko kgotsa wa mo tlhomogela pelo kgotsa wa mo sireletsa;  go na le moo, o tshwanetse go mmolaya.+ Seatla sa gago e nne sone sa ntlha go tla mo go ene gore o mmolaye, mme morago ga moo go latele seatla sa batho botlhe.+ 10  O tshwanetse go mo kgobotletsa ka maje gore a bo a swe,+ ka gonne o ne a batla go go faposa mo go Jehofa, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba. 11  Foo Baiseraele botlhe ba tla utlwa ba bo ba boifa, mme ga ba kitla ba dira sepe gape se se bosula se se tshwanang le seno mo go lona.+ 12  “Fa go direga gore lo utlwe go buiwa mo go mongwe wa metse ya lona, e Jehofa, Modimo wa lona a e lo nayang gore lo nne mo go yone go twe, 13  ‘Banna ba ba se nang molemo wa sepe ba ne ba tswa mo go lona gore ba fapose banni ba motse wa bone ba re: “A re tsamayeng mme re ye go direla medimo e mengwe,” medimo e lo sa e itseng,’ 14  lo batlisise kgang eo, lo e sekaseke thata lo bo lo botsolotse;+ mme fa go fitlhelwa gore ke boammaaruri gore mongwe mo go lona o dirile selo seno se se makgapha, 15  lo tshwanetse go kgemetha banni ba motse oo ka tšhaka.+ Lo o senye+ le sengwe le sengwe se se mo go one ka tšhaka, go akaretsa le leruo la one. 16  Go tswa foo, lo phuthele dilo tsotlhe tsa one tse di gapilweng mo gare ga patlelo ya one lo bo lo fisa motse oo ka molelo, mme dilo tsa one tse di gapilweng di tla nna setlhabelo se se feletseng se se yang kwa go Jehofa, Modimo wa lona. E tla nna mokoa wa marope a a tla nnelang ruri. O se ka wa tlhola o agiwa sesha. 17  O se ka wa tsaya sepe se se neng se tshwanetse go senngwa,*+ gore Jehofa a tle a boe mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang mme a lo bontshe kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi a bo a lo ntsifatse, fela jaaka a ikanetse borraalonamogolo.+ 18  Gonne lo tshwanetse go ikobela* Jehofa, Modimo wa lona ka go boloka ditaelo tsotlhe tsa gagwe tse ke di lo laelang gompieno, ka go dira jalo lo tla bo lo dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa lona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “molekane wa gago yo o mo ratang jaaka o ithata.”
Kgotsa “se se dirilweng boitshepo ka go thibelwa.”
Kgotsa “go reetsa lentswe la ga.”