Duteronome 27:1-26

  • Molao o kwalwe mo majeng (1-10)

  • Kwa Thabeng ya Ebale le kwa Thabeng ya Gerisime (11-14)

  • Diphutso di a boelediwa (15-26)

27  Go tswa foo, Moshe mmogo le bagolwane ba Iseraele ba ne ba laela batho ba re: “Ikobeleng taelo nngwe le nngwe e ke lo e nayang gompieno.  Mme mo letsatsing la fa lo tla bo lo kgabaganya Joredane lo tsena mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang, lo itlhomele maje a magolo lo bo lo a poleisetera.*+  Go tswa foo, lo kwale mafoko otlhe a Molao ono mo go one fa lo setse lo kgabagantse, gore lo tsene mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang, lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe, fela jaaka Jehofa, Modimo wa borraalonamogolo, a lo solofeditse.+  Fa lo setse lo kgabagantse Joredane, lo tlhome maje ao mo Thabeng ya Ebale+ lo bo lo a poleisetera,* fela jaaka ke lo laela gompieno.  Gape lo agele Jehofa, Modimo wa lona sebeso gone, sebeso sa maje. Lo se ka lwa dirisa didirisiwa tsa tshipi mo go one.+  Lo age sebeso sa ga Jehofa, Modimo wa lona ka maje a a sa segiwang mme lo isetse Jehofa, Modimo wa lona ditlhabelo tse di fisiwang mo go sone.  Lo ntshe ditlhabelo tsa go abelana+ lo bo lo di jela gone koo,+ mme lo itumele fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa lona.+  Mme lo kwale mafoko otlhe a Molao ono mo majeng ao+ ka tsela e e bonalang sentle.”  Go tswa foo, Moshe le baperesiti ba Balefi ba ne ba bua le Iseraele yotlhe, ba re: “Didimala wena Iseraele mme o reetse. Mo letsatsing leno o fetogile setšhaba sa ga Jehofa, Modimo wa gago.+ 10  O tshwanetse go reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago o bo o diragatse ditaelo+ tsa gagwe le melao ya gagwe, e ke go e laelang gompieno.” 11  Mo letsatsing leo, Moshe o ne a laela batho a re: 12  “Ditso tse di latelang di tla ema mo Thabeng ya Gerisime+ gore di segofatse batho fa lo setse lo kgabagantse Joredane: Simeone, Lefi, Juda, Isakare, Josefa le Benjamine. 13  Mme tse di latelang di tla ema mo Thabeng ya Ebale+ gore di bolele phutso: Rubene, Gada, Ashera, Sebulone, Dana le Nafetali. 14  Mme Balefi ba tla araba motho mongwe le mongwe wa Iseraele ka lentswe le le kwa godimo ba re:+ 15  “‘Go hutsegile motho yo o dirang setshwantsho se se betlilweng+ kgotsa sefikantswe se se bopilweng,+ selo se se makgapha mo go Jehofa,+ tiro ya diatla tsa motho yo o betlang* le yo o se fitlhileng.’ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’*) 16  “‘Go hutsegile motho yo o nyatsang rraagwe kgotsa mmaagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 17  “‘Go hutsegile motho yo o sutisang letshwao la molelwane wa moagelani wa gagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 18  “‘Go hutsegile motho yo o dirang gore sefofu se timelelwe ke tsela.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 19  “‘Go hutsegile motho yo o sokamisang katlholo+ ya motswakwa, ya khutsana* kgotsa ya motlholagadi.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 20  “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le mosadi wa ga rraagwe, ka gonne o tlontlolotse rraagwe.’*+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 21  “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le phologolo epe fela.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 22  “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le kgaitsadie, e ka ne e le kgaitsadie yo ba tlhakanetseng rre kgotsa mmê.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 23  “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le mmaagwe mosadi wa gagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 24  “‘Go hutsegile motho yo o iphitlhelang moagelani wa gagwe a bo a mmolaya.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 25  “‘Go hutsegile motho yo o amogelang pipamolomo gore a bolaye motho yo o se nang molato.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’) 26  “‘Go hutsegile motho yo o se kitlang a ikobela mafoko a Molao ono e bile a sa a diragatse.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lo a tshasa kalaka.”
Kgotsa “lo a tshasa kalaka.”
Kgotsa “A go nne jalo!”
Kgotsa “motho yo o dirang ka logong le tshipi.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Seheb., “o bipolotse seaparo sa ga rraagwe.”