Duteronome 28:1-68

  • Masego a go nna kutlo (1-14)

  • Diphutso tsa go tlhoka kutlo (15-68)

28  “Mme fa e le gore o tla reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago ka go diragatsa ditaelo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang gompieno, ruri Jehofa, Modimo wa gago o tla go baya kwa godimo ga ditšhaba tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe.+  Ditshegofatso tseno tsotlhe di tla tla mo go wena di le dintsi,+ ka gonne o nna o reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago:  “O tla segofala mo motseng e bile o tla segofala mo tshimong.+  “Bana ba gago* ba tla segofala+ le leungo la mmu wa gago le bana ba leruo la gago, e leng dinamane le dikwanyana tsa gago.+  “O tla segofatsa mmanki wa gago le sekotlele se o dubelang mo go sone.+  “O tla segofala mo go sengwe le sengwe se o se dirang.  “Jehofa o tla dira gore baba ba gago ba ba lwang le wena ba fenngwe fa pele ga gago.+ Ba tla go tlhasela ba tswa kwa ntlheng e le nngwe, mme ba tla tshaba ba tswa fa go wena ka ditsela di le supa tse di farologaneng.+  Jehofa o tla laela gore mabolokelo+ a gago le tiro nngwe le nngwe ya gago di segofale, mme ruri o tla go segofatsa mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang.  Jehofa o tla go tlhoma gore o nne setšhaba sa gagwe se se boitshepo,+ fela jaaka a ile a go ikanela,+ ka gonne o tswelela o boloka ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa gago e bile o tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. 10  Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tshwanelwa ke go bona gore o ntse o bidiwa ka leina la ga Jehofa,+ mme di tla go boifa.+ 11  “Jehofa o tla dira gore o nne le bana ba bantsi thata le leruo le lentsi thata le mmu o o ungwang thata+ mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borragomogolo gore o tla le go naya.+ 12  Jehofa o tla go bulela mabolokelo a gagwe a a molemo, e leng magodimo, gore a nese pula mo lefatsheng la gago ka paka ya yone+ le gore a segofatse sotlhe se o se dirang. O tla adima ditšhaba di le dintsi, mme wena ga o kitla o tlhoka go adimiwa.+ 13  Jehofa o tla go dira tlhogo mme e seng mogatla; mme o tla nna kwa godimo+ e seng kwa tlase, fa o nna o ikobela ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa gago tse ke di go laelang gompieno gore o di boloke o bo o di dire. 14  Ga o a tshwanela go fapoga mo mafokong otlhe a ke go a laelang gompieno, o tsaya tsela e e phoso,+ o sala medimo e mengwe morago gore o e direle.+ 15  “Mme fa o sa reetse lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago e bile o sa diragatse ditaelo tsotlhe tsa gagwe le melao ya gagwe e ke go e laelang gompieno, diphutso tseno tsotlhe di tla tla mo go wena di le dintsi:+ 16  “O tla hutsega mo motseng e bile o tla hutsega mo tshimong.+ 17  “Mmanki wa gago le sekotlele se o dubelang mo go sone di tla hutsega.+ 18  “Bana ba gago* ba tla hutsega+ le leungo la mmu wa gago le dinamane le dikwanyana tsa gago.+ 19  “O tla hutsega mo go sengwe le sengwe se o se dirang. 20  “Jehofa o tla go tlisetsa phutso, tlhakatlhakano le kotlhao mo tirong nngwe le nngwe ya gago go fitlha o fedisitswe e bile o nyeletse ka bonako, ka ntlha ya ditiro tsa gago tse di bosula le ka ntlha ya go bo o ntlogetse.+ 21  Jehofa o tla dira gore bolwetse bo go ngaparele go fitlha a go fedisitse mo lefatsheng le o yang go le rua.+ 22  Jehofa o tla go otlhaya ka thiibii, letshoroma le le fisang,+ go ruruga, mogote o o tseneletseng, tšhaka,+ phefo e e fisang le mouta;+ mme di tla go latelela go fitlha o nyelela. 23  Ke tla tswala magodimo gore a se ka a nesa pula* e bile ke tla dira gore lefatshe la gago le se ka la ungwa.*+ 24  Jehofa o tla dira gore pula ya lefatshe la gago e nne motlhaba* le lorole tse di tla tlang mo go wena di tswa kwa magodimong go fitlha o nyeleditswe. 25  Jehofa o tla dira gore o fenngwe fa pele ga baba ba gago.+ O tla ba tlhasela o tswa ntlheng e le nngwe, mme o tla tshaba o tswa fa go bone ka ditsela di le supa tse di farologaneng; mme o tla nna selo se se tshosang magosi otlhe a lefatshe.+ 26  Ditopo tsa lona di tla nna dijo tsa nonyane nngwe le nngwe ya loapi le phologolo nngwe le nngwe ya naga, go se na ope yo o di lelekang.+ 27  “Jehofa o tla go otlhaya ka mathopa* a Egepeto, go ruruga ga ditshika tsa marago, motshweetshwee le bogwata, tse di se kitlang di fola. 28  Jehofa o tla go otlhaya ka botsenwa, ka bofofu+ le ka tlhakatlhakano.* 29  O tla apaapa go le sethoboloko, fela jaaka motho yo o foufetseng a apaapa mo lefifing+ mme ga o kitla o atlega mo go sepe se o se dirang; e bile o tla nna o tsiediwa le go thukuthiwa, go se na ope yo o go bolokang.+ 30  O tla beeletsa mosadi, mme monna yo mongwe o tla mmetelela. O tla aga ntlo, mme ga o kitla o nna mo go yone.+ O tla jala tshimo ya morara,* mme ga o kitla o simolola go e dirisa.+ 31  Poo ya gago e tla tlhabelwa fa pele ga gago, mme ga o kitla o ja sepe sa yone. Tonki ya gago e tla utswiwa fa pele ga gago, mme ga e kitla e boela kwa go wena. Dinku tsa gago di tla newa baba ba gago, mme ga o kitla o nna le mmoloki ope. 32  Bomorwao le bomorwadio ba tla newa batho ba bangwe+ o ntse o lebile, mme o tla ba tlhologelelwa ka metlha, mme o tla bo o sa kgone go dira sepe. 33  Maungo a lefatshe la gago le thobo yotlhe ya se o se jadileng di tla jewa ke setšhaba se o sa se itseng,+ mme o tla nna o tsiediwa le go gatelelwa. 34  O tla tsenwa ka ntlha ya se o se bonang. 35  “Jehofa o tla go otlhaya ka mathopa a a botlhoko le a a sa foleng mo mangoleng le mo maotong, go simologa mo lonaong go fitlha kwa tlhogong ya gago. 36  Jehofa o tla lelekela wena le kgosi e o neng wa e tlhoma gore e go okamele kwa setšhabeng se wena le borragomogolo lo sa se itseng,+ mme fa lo le koo lo tla direla medimo e mengwe, medimo ya logong le ya leje.+ 37  Mme o tla nna selo se se tshosang le sa go kgobiwa,* le sengwe sa go sotliwa mo ditšhabeng tsotlhe tse Jehofa a go lelekelang kwa go tsone.+ 38  “O tla jala peo e ntsi kwa tshimong, mme o tla phutha dijalo di le dinnye+ ka gonne di tla jewa ke tsie. 39  O tla jala masimo a morara o bo o a baakanya, mme ga o kitla o nwa beine epe e bile ga o kitla o phutha sepe,+ ka gonne seboko se tla ja morara oo. 40  O tla nna le ditlhare tsa motlhware mo kgaolong yotlhe ya naga ya gago, mme ga o kitla o itshasa leokwane lepe, ka gonne maungo a gago a motlhware a tla tlhotlhorega. 41  O tla tshola bana ba basimane le bana ba basetsana, mme ga ba kitla ba tswelela e le ba gago, ka gonne ba tla isiwa botshwarwa.+ 42  Ditlhopha tsa ditshenekegi* di tla tlala mo ditlhareng tsotlhe tsa gago le mo maungong a lefatshe la gago. 43  Motswakwa yo o nnang le ene o tla nna a nonofela pele, fa wena o tla nna o koafalela pele. 44  O tla go adima, mme wena ga o kitla o mo adima.+ Ene o tla nna tlhogo, mme wena o tla nna mogatla.+ 45  “Ruri diphutso tseno tsotlhe+ di tla tla mo go wena di le dintsi go fitlha o fedisiwa,+ ka gonne o ne wa se ka wa reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago e bile o ne wa se ka wa boloka ditaelo tsa gagwe le melao ya gagwe e a e go laetseng.+ 46  Mme di tla tswelela di le mo go wena le mo baneng ba gago e le sesupo le kgakgamatso tse di tla nnelang ruri,+ 47  ka gonne o ne wa se ka wa direla Jehofa, Modimo wa gago ka boitumelo le ka pelo e e itumetseng fa o ne o na le letlotlo la sengwe le sengwe.+ 48  Jehofa o tla go romelela baba ba gago, mme o tla ba direla+ o tshwerwe ke tlala+ le lenyora, o apere diaparo tse e seng tsa sepe e bile o tlhoka sengwe le sengwe. O tla baya jokwe ya tshipi mo molaleng wa gago go fitlha a go nyeletsa. 49  “Jehofa o tla dira gore setšhaba se se kgakala,+ se se tswang kwa bofelelong jwa lefatshe se go tlhasele; se tla tlhasela jaaka ntsu,+ setšhaba se o se kitlang o tlhaloganya puo ya sone,+ 50  setšhaba se tebego ya sone e tshosang, se se se kitlang se rekegela mogolo kgotsa se bontsha mosha kutlwelobotlhoko.+ 51  Ba tla ja leruo la gago le maungo a lefatshe la gago go fitlha o nyelela. Ga ba kitla ba go tlogelela dijo dipe tsa ditlhaka, beine e ntšha kgotsa leokwane, dinamane kgotsa dikwanyana go fitlha ba go fedisa.+ 52  Ba tla go tlhasela, ba go tswalela mo teng ga metse* yotlhe ya gago mo lefatsheng lotlhe la gago go fitlha dipota tsa gago tse di kwa godimo le tse di sireletsegileng tse o di ikantseng di wa. Ruri ba tla go tlhasela mo metseng yotlhe ya gago mo lefatsheng lotlhe la gago le Jehofa, Modimo wa gago a le go neileng.+ 53  Foo o tla tshwanelwa ke go ja bana ba gago,* nama ya bomorwao le bomorwadio+ ba Jehofa, Modimo wa gago a go ba neileng, ka gonne tlhaselo eo e tla bo e le maswe thata e bile mmaba wa gago o tla bo a go tlisetsa matshwenyego. 54  “Tota le monna yo o lorato thata le yo o neng a tlwaetse go tshela monate mo go wena, ga a kitla a bontsha morwarraagwe kgotsa mosadi wa gagwe yo a mo ratang kgotsa bomorwawe ba ba setseng kutlwelobotlhoko, 55  e bile ga a kitla a kgaogana le bone nama epe ya bomorwawe e a tla e jang, ka gonne a se na sepe se sengwe ka ntlha ya gore tlhaselo eo e tla bo e le maswe thata e bile mmaba wa gago o tla bo a go tlisetsa matshwenyego mo metseng ya gago.+ 56  Mme mosadi yo o bonolo le yo o neng a tlwaetse go tshela monate mo go wena yo o ka se kang a akanya go gata fa fatshe ka gonne a le bonolo,+ ga a kitla a bontsha monna wa gagwe yo a mo ratang kgotsa morwawe kgotsa morwadie kutlwelobotlhoko, 57  tota le motlhana o o tswang fa gare ga maoto a gagwe le bomorwawe ba a ba tshotseng ga a kitla a ba utlwela botlhoko, ka gonne o tla ba ja mo sephiring ka gore tlhaselo eo e tla bo e le maswe thata e bile mmaba wa gago o tla bo a go tlisetsa matshwenyego mo metseng ya gago. 58  “Fa e le gore ga o kitla o ikobela ka kelotlhoko mafoko otlhe a Molao ono a a kwadilweng mo bukeng eno+ e bile o se kitla o boifa leina leno le le galalelang le le le boitshegang+ la ga Jehofa,+ Modimo wa gago, 59  Jehofa o tla tlisetsa wena le bana ba gago dipetso tse di botlhoko thata, e leng dipetso tse dikgolo tse di sa feleng,+ le malwetse a a botlhoko a a sa foleng. 60  O tla busetsa malwetse otlhe a Egepeto mo go wena a o neng o a tshaba, mme ga o kitla o fodisiwa. 61  Mo godimo ga moo, Jehofa o tla go tlisetsa le bolwetse bongwe le bongwe kgotsa petso nngwe le nngwe e e sa kwalwang mo bukeng ya Molao ono go fitlha o nyelediwa. 62  Le fa gone jaanong lo le bantsi jaaka dinaledi tsa magodimo,+ go tla sala ba le mmalwa fela+ ba lona ka gonne lo ne lwa se ka lwa reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona. 63  “Mme fela jaaka Jehofa a ile a itumelela go dira gore lo atlege lo bo lo nne bantsi, ka tsela e e tshwanang Jehofa o tla itumelela go lo senya le go lo nyeletsa; mme lo tla kumolwa mo lefatsheng le lo tlogang lo ya go le rua. 64  “Jehofa o tla lo gasamisetsa mo ditšhabeng tsotlhe, go tswa ntlheng e nngwe ya lefatshe go ya ntlheng e nngwe ya lefatshe,+ mme fa lo le koo lo tla tshwanelwa ke go direla medimo ya logong le ya leje, e lona le borraalonamogolo lo neng lo sa e itse.+ 65  Ga lo kitla lo nna le kagiso mo ditšhabeng tseo+ kgotsa lefelo la boikhutso. Go na le moo, fa lo le koo Jehofa o tla dira gore pelo ya lona e tlhobaele+ le matlho a lona a nne bokoa lo bo lo tshwenyege mo maikutlong.+ 66  Botshelo jwa lona bo tla nna mo kotsing e e seng kana ka sepe e bile lo tla nna ka poifo bosigo le motshegare; mme ga lo kitla lo itse gore a lo tla falola. 67  Mo mosong lo tla re, ‘E kete go ka bo go ne go le maitseboa!’ mme mo maitseboeng lo tla re, ‘E kete go ka bo go ne go le mo mosong!’ ka ntlha ya poifo e e tla bong e le mo pelong ya lona le ka ntlha ya se matlho a lona a tla se bonang. 68  Mme ruri Jehofa o tla lo busetsa kwa Egepeto ka sekepe ka tsela e ke neng ka lo bolelela ka yone ka re, ‘Ga lo kitla lo tlhola lo e bona gape,’ mme fa lo le koo lo tla tshwanelwa ke go ithekisa mo babeng ba lona gore lo nne batlhanka le malata, mme ga go kitla go nna le yo o lo rekang.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Leungo la popelo ya gago.”
Seheb., “Leungo la popelo ya gago.”
Seheb., “Loapi lo lo kwa godimo ga tlhogo ya gago lo tla nna kopore.”
Seheb., “lefatshe le le fa tlase ga gago le tla nna tshipi.”
Kgotsa “moshawa.”
Kgotsa “dikaku; ditlhagala.”
Kgotsa “go akabala ga pelo.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “le seane.”
Kgotsa “Ditshenekegi tse di modumo.”
Seheb., “dikgoro.”
Seheb., “leungo la popelo ya gago.”