Duteronome 33:1-29

  • Moshe o segofatsa ditso (1-29)

    • ‘Mabogo a ga Jehofa a a nnang ka bosakhutleng’ (27)

33  Jaanong eno ke tshegofatso e Moshe monna wa Modimo wa boammaaruri a neng a e bolelela Baiseraele pele ga loso+ lwa gagwe.  O ne a re: “Jehofa o ne a tla a tswa kwa Sinai,+Mme o ne a ba phatsimela go tswa kwa Seire. O ne a phatsima ka kgalalelo go tswa kwa kgaolong e e dithaba ya Parana,+Mme o ne a na le baengele ba ba boitshepo ba le bantsintsi,*+Batlhabani ba gagwe ba le ka fa seatleng sa gagwe sa moja.+   O ne a rata batho ba gagwe;+Batho bao botlhe ba ba boitshepo ba mo seatleng sa gago.+ Ba ne ba ntse fa dinaong tsa gago;+Ba ne ba simolola go reetsa mafoko a gago.+   (Moshe o ne a re naya taelo, molao,+E le thuo ya phuthego ya ga Jakobe.)+   O ne a nna kgosi mo Jeshurune,*+Fa ditlhogo tsa batho di ne di phuthegile mmogo,+Di na le ditso tsotlhe tsa Iseraele.+   A Rubene a tshele mme a se ka a swa,+Mme e kete banna ba gagwe ba ka se nne mmalwa.”+   Mme o ne a bolela tshegofatso eno mo go Juda:+ “Utlwa lentswe la ga Juda+ tlhe Jehofa,Mme e kete o ka mmusetsa kwa bathong ba gagabo. Mabogo a gagwe a ne a femela* se e leng sa gagwe,Mme e kete o ka mo thusa mo babeng+ ba gagwe.”   O ne a bua jaana ka Lefi:+ “Thumime le Urime+ tsa gago* ke tsa monna yo a ikanyegang mo go wena,+Yo o neng wa mo leka kwa Masa.+ O ne wa simolola go lwa le ene fa metsing a Meriba,+   Monna yo o neng a raya rraagwe le mmaagwe a re, ‘Ga ke a ka ka ba tlotla.’ Tota le bomorwarraagwe o ne a sa re sepe ka bone,+E bile o ne a itlhokomolosa bomorwawe. Gonne ba ne ba boloka lefoko la gago,E bile ba ne ba boloka kgolagano+ ya gago. 10  A ba kaele Jakobe ka ditshwetso tsa gago tsa boatlhodi+Le Iseraele ka Molao+ wa gago. A ba ise maswalo e le lonko lo lo itumedisang lo lo yang kwa go wena*+Le setlhabelo se se feletseng mo sebesong+ sa gago. 11  Segofatsa nonofo ya gagwe, tlhe Jehofa,E bile e kete o ka itumelela tiro ya diatla tsa gagwe. Roba maoto* a ba ba mo tlhaselang,Gore ba ba mo tlhoileng ba se tlhole ba ema.” 12  O ne a bua jaana ka Benjamine:+ “A moratwa wa ga Jehofa a age fa go ene ka polokesego;Fa a ntse a mo sireleditse letsatsi lotlhe,O tla aga fa gare ga magetla a gagwe.” 13  O ne a bua jaana ka Josefa:+ “E kete Jehofa a ka segofatsa lefatshe la gagwe+Ka dilo tse dintle tsa legodimo,Ka monyo le ka metsi a a tswang mo metsweding e e kwa tlase,+ 14  Ka dilo tse dintle tse di tlhagisiwang ke letsatsi,Le maungo a mantle kgwedi le kgwedi,+ 15  Ka dilo tse di di gaisang tsotlhe tse di tswang kwa dithabeng tsa bogologolo,*+Le ka dilo tse dintle tsa dithota tse di nnetseng ruri, 16  Ka dilo tse dintle tsa lefatshe le se se tletseng mo go lone,+Le ka go amogelwa ke Ene yo o agileng mo setlhatshaneng se se mmitlwa.+ E kete di ka tla mo tlhogong ya ga Josefa,Mo tlhogong ya yo o tlhaotsweng mo go bomorwarraagwe.+ 17  Bontlentle jwa gagwe bo tshwana le jwa leitibolo la poo,Mme dinaka tsa gagwe ke dinaka tsa poo ya naga. O tla kgorometsa* ditšhaba ka tsoneA di kgoromeletsa kwa mafelelong a lefatshe. Ke diketekete di le masome tsa ga Eferaime,+E bile ke diketekete tsa ga Manase.” 18  O ne a bua jaana ka Sebulone:+ “Itumele, wena Sebulone ka ntlha ya go tswa ga gago,Le wena Isakare, mo ditenteng tsa gago.+ 19  Ba tla biletsa ditšhaba kwa thabeng. Fa ba le koo ba tla isa ditlhabelo tsa tshiamo. Gonne ba tla ntsha khumo e ntsi ya* mawatleLe matlotlo a a fitlhegileng a motlhaba.”* 20  O ne a bua jaana ka Gada:+ “Go sego yo o atolosang melelwane ya ga Gada.+ O rapame foo jaaka tau,A ipaakanyeditse go gagola lebogo, mmogo le tlhogo. 21  O tla itlhophela karolo ya ntlha,+Gonne ke gone kwa go beilweng kabelo ya moneimolao.+ Ditlhogo tsa batho di tla phuthega mmogo. O tla diragatsa tshiamo ya ga Jehofa,Le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi mo go Iseraele.” 22  O ne a bua jaana ka Dana:+ “Dana ke ngwana wa tau.+ O tla tlola a tswa kwa Bashana.”+ 23  O ne a bua jaana ka Nafetali:+ “Nafetali o kgotsofaditswe ke go amogelwaE bile tshegofatso ya ga Jehofa e tletse mo go ene. Aga kwa bophirima le kwa borwa.” 24  O ne a bua jaana ka Ashera:+ “Ashera o segofaditswe ka bana ba basimane. E kete a ka ratiwa ke bomorwarraagwe,E bile e kete a ka ina* dinao tsa gagwe mo leokwaneng. 25  Dilloko tsa kgoro ya gago ke tshipi le kopore,+Mme o tla nna o sireletsegile malatsi otlhe a gago.* 26  Ga go na ope yo o tshwanang le Modimo wa boammaaruri+ wa ga Jeshurune,+Yo o ralalang legodimo gore a go thuseLe yo o palamang mo marung mo tlotlomalong ya gagwe.+ 27  Modimo ke botshabelo go tswa metlheng ya bogologolo,+Mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng a ka fa tlase ga gago.+ Mme o tla leleka mmaba fa pele ga gago,+Mme o tla re, ‘Ba fedise!’+ 28  Iseraele o tla nna ka polokesego,Mme motswedi wa ga Jakobe o tla nna o le nosiMo lefatsheng la dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha,+Yo magodimo a gagwe a tla rothisang monyo.+ 29  Go itumela wena Iseraele!+ Ke mang yo o tshwanang le wena,+Setšhaba se se itumelelang go bolokwa ke Jehofa,+Thebe ya gago e e go sireletsang+Le tšhaka ya gago e kgolo? Baba ba gago ba tla ikhutaganya fa pele ga gago,+Mme wena o tla gata mekwatla ya bone.”*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “o ne a na le diketekete di le masome tsa ba ba boitshepo.”
Mo go kayang “Yo o Siameng,” sereto se se dirisiwang go bontsha Iseraele tlotlo.
Kgotsa “lwela.”
Mo temaneng eno “gago” le “o” di kaya Modimo.
Seheb., “kwa dinkong tsa gago.”
Kgotsa “dinôka.”
Kgotsa gongwe “dithabeng tsa kwa botlhaba.”
Kgotsa “tlhaba.”
Seheb., “ba tla anya mo letlotlong la.”
Kgotsa “moshawa.”
Kgotsa “tlhapa.”
Seheb., “Mme nonofo ya gago e tla nna jaaka malatsi a gago.”
Kgotsa gongwe “mafelo a a kwa godimo.”