Duteronome 8:1-20

  • Masego a a tswang kwa go Jehofa a a boelediwa (1-9)

    • “Ga a tshele ka senkgwe fela” (3)

  • O se ka wa lebala Jehofa (10-20)

8  “Lo tlhomamise gore lo boloka taelo nngwe le nngwe e ke e lo nayang gompieno, gore lo tswelele lo tshela+ lo bo lo oketsege mme lo tsene lo rue lefatshe le Jehofa a neng a le ikanela borraalonamogolo.+  Gakologelwa tsela e telele e Jehofa, Modimo wa gago a neng a dira gore o tsamaye mo go yone mo nageng dingwaga tseno tse 40,+ gore a go kokobetse a bo a go leke+ e le gore a itse se se neng se le mo pelong ya gago,+ gore a o ne o tla boloka ditaelo tsa gagwe kgotsa nnyaa.  Ka jalo, o ne a go kokobetsa a bo a dira gore o tshwarwe ke tlala+ mme a go fepa ka mana,+ a o neng o sa a itse le a borrago ba neng ba sa a itse e le gore a go lemotshe gore motho ga a tshele ka senkgwe fela mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.+  Diaparo tse o neng o di apara ga di a ka tsa onala e bile dinao tsa gago ga di a ka tsa ruruga mo dingwageng tseno tse 40.+  O itse sentle mo pelong ya gago gore fela jaaka motho a otlhaya morwawe, Jehofa, Modimo wa gago o ne a go otlhaya.+  “Jaanong o tshwanetse go boloka ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa gago ka go mo ikobela le ka go mmoifa.  Gonne Jehofa, Modimo wa gago o go tsenya mo lefatsheng le le molemo,+ lefatshe la dinokana tsa metsi,* metswedi le madiba* a a elelang mo lebaleng le mo kgaolong e e dithaba,  lefatshe la korong le barele,* la ditlhare tsa morara,* ditlhare tsa difeige le digaranata,+ lefatshe la leokwane la motlhware le tswina ya dinotshe,+  lefatshe le mo go lone o se kitlang o tlhoka dijo e bile o se kitla o tlhoka sepe, lefatshe le maje a lone a nang le tshipi le le o tla epang kopore mo dithabeng tsa lone. 10  “Fa o jele e bile o kgotsofetse, o tshwanetse go baka Jehofa, Modimo wa gago ka ntlha ya lefatshe le le molemo le a le go neileng.+ 11  O nne kelotlhoko gore o se ka wa lebala Jehofa, Modimo wa gago mme wa palelwa ke go boloka ditaelo tsa gagwe, ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le melao ya gagwe e ke go e laelang gompieno. 12  Fa o ja o bo o kgotsofala, mme o aga matlo a mantle o bo o nna mo go one,+ 13  fa motlhape wa gago le matsomane a gago a nna mantsi e bile selefera le gauta ya gago e oketsega e bile sengwe le sengwe se o nang le sone se nna sentsi, 14  o se ka wa letla pelo ya gago gore e nne mabela+ mme ya dira gore o lebale Jehofa, Modimo wa gago yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba,+ 15  yo o neng a dira gore o tsamaye mo nageng e kgolo le e e boitshegang,+ e e nang le dinoga tse di botlhole le diphepheng le e e nang le mmu o o omeletseng o o se nang metsi. O ne a dira gore metsi a tswe mo lefikeng le le thata+ 16  a bo a go fepa ka mana+ mo nageng, a borrago ba neng ba sa a itse, e le gore a go kokobetse+ le gore a go leke gore o tle o solegelwe molemo mo nakong e e tlang.+ 17  Fa o ka bua mo pelong ya gago wa re, ‘Ke na le dikhumo tseno ka ntlha ya maatla a me le bokgoni jwa me,’+ 18  o gakologelwe gore Jehofa, Modimo wa gago, ke ene a go nayang maatla a gore o dire dikhumo,+ e le gore o diragatse kgolagano ya gagwe e a neng a e ikanela borragomogolo jaaka go ntse gompieno.+ 19  “Fa o ka lebala Jehofa, Modimo wa gago ka tsela epe fela mme wa sala medimo e mengwe morago o bo o e direla le go e ikobela, ke a lo tlhagisa gompieno gore ruri lo tla nyelela.+ 20  Fela jaaka ditšhaba tse Jehofa a di nyeletsang fa pele ga lona, le lona lo tla nyelela jalo ka gonne lo tla bo lo sa utlwe lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “melapo ya metsi.”
Kgotsa “metswedi e e boteng ya metsi.”
Semela se se tshwanang le korong.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”