Ekesodo 10:1-29

  • Petso 8: tsie (1-20)

  • Petso 9: lefifi (21-29)

10  Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ya kwa go Faro ka gonne ke letlile pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore di kgwaralale,+ gore ke tle ke dire ditshupo tseno tsa me fa pele ga gagwe,+  le gore o tle o bolelele bomorwao le barwa ba bomorwao kafa ke ileng ka dirisana le Egepeto ka bosetlhogo ka gone le ka ditshupo tse ke neng ka di dira mo gare ga bone;+ mme ruri lo tla itse gore ke nna Jehofa.”  Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba ya kwa go Faro mme ba mo raya ba re: “Jehofa, Modimo wa Bahebera o buile jaana, ‘O tla gana go inkobela ka lobaka lo lo kae?+ Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela.  Gonne fa o nna o gana go lesa batho ba me ba tsamaya, ke tlisa tsie mo melelwaneng ya gago kamoso.  Mme e tla khurumetsa lefatshe lotlhe mo lo se kitlang lo kgona go bona mmu. E tla ja mo go neng go sa senngwa ke sefako e bile go ne go lo saletse, gape e tla ja ditlhare tsotlhe tsa lona tse di tlhogang mo nageng.+  E tla tlala mo matlong a gago, mo matlong a batlhanka ba gago botlhe le mo matlong a Egepeto yotlhe ka selekanyo se borraago le borraagomogolo ba iseng ba ke ba se bone fa e sa le ba nna mo lefatsheng leno go fitlha gompieno.’”+ Fa a sena go rialo, o ne a retologa a tswa fa go Faro.  Foo batlhanka ba ga Faro ba ne ba mo raya ba re: “Monna yono o tla tswelela a re utlwisa botlhoko* ka lobaka lo lo kae? Lesa batho bano ba tsamaye gore ba ye go direla Jehofa, Modimo wa bone. A le jaanong ga o lemoge gore Egepeto e setse e sentswe?”  Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba busediwa kwa go Faro, mme a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go direla Jehofa, Modimo wa lona. Mme gone, go tla tsamaya mang?”  Foo Moshe a re: “Re tla tsamaya le basha ba rona, batsofe ba rona, bomorwaarona, bomorwadiarona, dinku tsa rona le dikgomo tsa rona+ ka gonne re tshwanetse go direla Jehofa moletlo.”+ 10  Faro o ne a ba raya a re: “Fa nka lesa lona le bana ba lona gore lo tsamaye, ruri Jehofa o tla bo a na le lona!+ Ke a bona gore lo ikaeletse go dira sengwe se se bosula. 11  Nnyaa! A go tsamaye banna ba lona fela mme ba ye go direla Jehofa ka gonne ke sone se lo se kopileng.” Foo ba ne ba ntshiwa fa pele ga ga Faro. 12  Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Otlololela seatla sa gago mo godimo ga lefatshe la Egepeto gore tsie e tle mo nageng eno yotlhe mme e je dimela tsotlhe tsa lefatshe, sengwe le sengwe se se tlogetsweng ke sefako.” 13  Ka yone nako eo, Moshe o ne a otlololela thobane ya gagwe mo godimo ga lefatshe la Egepeto, mme Jehofa a dira gore phefo ya botlhaba e foke mo lefatsheng letsatsi leo lotlhe le bosigo jotlhe. Mo mosong, phefo ya botlhaba e ne ya tlisa tsie. 14  Tsie eo e ne ya tla mo lefatsheng lotlhe la Egepeto e bo e nna mo karolong yotlhe ya naga ya Egepeto.+ E ne e le ntsi tota;+ go ne go ise go ke go nne le tsie e ntsi thata jalo e bile go ne go se kitla go tlhola go nna le e ntsi jaaka yone. 15  E ne ya khurumetsa lefatshe lotlhe, mme lefatshe la nna lefifi ka ntlha ya yone; e ne ya ja dimela tsotlhe tsa lefatshe le maungo otlhe a ditlhare a a neng a tlogetswe ke sefako; go ne go se na sepe se se tala se se setseng mo ditlhareng kgotsa mo dimeleng tsa naga mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 16  Ka jalo, Faro o ne a bitsa Moshe le Arone ka bonako a bo a ba raya a re: “Ke leofetse Jehofa, Modimo wa lona e bile ke lo leofetse. 17  Jaanong tsweetswee, intshwareleng boleo jwa me mo lekgetlong leno fela lo bo lo rapele Jehofa, Modimo wa lona, gore a tlose petso eno e e bakang loso mo go nna.” 18  Ka jalo, o* ne a tswa fa go Faro mme a rapela Jehofa.+ 19  Foo Jehofa o ne a dira gore phefo e fokele ntlheng e nngwe, e ne ya nna phefo e e maatla e e tswang kwa bophirima mme e ne ya tsaya tsie ya e latlhela mo Lewatleng le Lehibidu. Go ne ga se ka ga sala tsie epe mo karolong yotlhe ya naga ya Egepeto. 20  Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale,+ mme a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamaye. 21  Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Otlololela seatla sa gago kwa magodimong gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto, lefifi le lentshontsho mo e keteng le ka tshwarwa.” 22  Ka yone nako eo, Moshe o ne a otlololela seatla sa gagwe kwa magodimong, mme ga nna lefifi le lentshontsho mo lefatsheng lotlhe la Egepeto malatsi a le mararo.+ 23  Ba ne ba sa kgone go bonana e bile go ne go se ope wa bone yo o kgonang go tswa mo a neng a le gone malatsi a le mararo; mme kwa Baiseraele ba neng ba nna gone go ne go na le lesedi.+ 24  Go tswa foo, Faro o ne a bitsa Moshe a bo a mo raya a re: “Tsamayang lo ye go direla Jehofa.+ Dinku tsa lona le dikgomo tsa lona ke tsone fela tse di tla salang. Lo ka nna lwa tsamaya le bana ba lona.” 25  Mme Moshe o ne a mo raya a re: “Wena o tla tshwanelwa ke go re naya* diphologolo tse re tla di bolayang re bo re ntshetsa Jehofa, Modimo wa rona ditlhabelo.+ 26  Gape re tla tsamaya le diruiwa tsa rona. Ga go na phologolo* epe e e tla letlelelwang go sala ka gonne re tla dirisa dingwe tsa tsone go obamela Jehofa, Modimo wa rona, mme ga re itse gore ke phologolo efe e re tla e ntshang fa re obamela Jehofa, go fitlha re goroga koo.” 27  Ka jalo, Jehofa o ne a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mme a se ka a dumela go ba lesa ba tsamaya.+ 28  Faro o ne a mo raya a re: “Tswa fa go nna! O se ka wa tlhola o tla fa pele ga me gape ka gonne ka letsatsi le o mponang ka lone, ke tla go bolaya.” 29  Foo Moshe o ne a re: “Fela jaaka o buile, nka se tlhole ke leka go bona sefatlhego sa gago gape.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “o tla nna seru mo go rona.”
Go ka tswa go tewa Moshe.
Kgotsa “o tla re letla go nna.”
Seheb., “tlhakwana.”