Ekesodo 11:1-10

  • Go itsisiwe petso ya bolesome (1-10)

    • Baiseraele ba tshwanetse go kopa dimpho (2)

11  Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke tlile go tlisetsa Faro le Egepeto petso e nngwe gape. Morago ga moo, o tla lo lesa gore lo tsamaye lo tswe fano.+ Fa a sena go lo lesa gore lo tsamaye, o tla lo sala morago a lo leleka a lo ntsha fano.+  Jaanong bolelela batho gore monna mongwe le mongwe le mosadi mongwe le mongwe a kope moagelani wa gagwe dilwana tsa selefera le tsa gauta.”+  Mme Jehofa o ne a dira gore Baegepeto ba bontshe batho bano bopelonomi. Mo godimo ga moo, Moshe o ne a setse a tseelwa kwa godimo thata mo lefatsheng la Egepeto, mo batlhankeng ba ga Faro le mo bathong.  Moshe o ne a re: “Jehofa o buile jaana, ‘Mo e ka nnang bosigogare, ke tla tswa ke bo ke tsena mo gare ga Egepeto,+  mme leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto le tla swa,+ go simolola ka leitibolo la ga Faro yo o ntseng mo setulong sa gagwe sa bogosi go fitlha ka leitibolo la lelata le le berekang fa lelwaleng le leitibolo lengwe le lengwe la seruiwa.+  Go tla nna le selelo se segolo mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, se se iseng se ke se nne teng e bile se se kitla se nna teng gape.+  Tota e bile, ga go kitla go nna le ntša e e tla bogolang* Baiseraele kgotsa diruiwa tsa bone, gore lo tle lo itse gore Jehofa o kgona go dira pharologanyo fa gare ga Baegepeto le Baiseraele.’+  Mme ruri batlhanka ba gago botlhe ba tla tla kwa go nna ba bo ba obama fa go nna, ba re, ‘Tsamaya, wena le batho botlhe ba ba go latelang.’+ Mme morago ga moo ke tla tsamaya.” Foo a tswa fa go Faro a tuka bogale.  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Faro ga a kitla a lo reetsa,+ gore dikgakgamatso tsa me di nne dintsi mo lefatsheng la Egepeto.”+ 10  Moshe le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tseno tsotlhe fa pele ga ga Faro+ mme Jehofa a letla pelo ya ga Faro gore e thatafale, mo a neng a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamaye ba tswe mo lefatsheng la gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “lootsang loleme lwa yone.”