Ekesodo 13:1-22

  • Leitibolo lengwe le lengwe la mosimane ke la ga Jehofa (1, 2)

  • Moletlo wa Senkgwe Se se Se Nang Sebediso (3-10)

  • Leitibolo lengwe le lengwe la mosimane le neilwe Modimo (11-16)

  • Baiseraele ba laelwa go ya ntlheng ya Lewatle le Lehibidu (17-20)

  • Pilara ya leru le ya molelo (21, 22)

13  Jehofa o ne a bua gape le Moshe, a re:  “Nneye* leitibolo lengwe le lengwe la mosimane* mo Baiseraeleng. Leitibolo la mosimane le le tla tsholwang le leitibolo le le tonanyana la diphologolo, ke la me.”+  Go tswa foo, Moshe o ne a raya batho a re: “Gakologelwang letsatsi leno le lo duleng kwa Egepeto ka lone,+ kwa lo neng lo le makgoba gone,* ka gonne Jehofa o lo ntshitse fano ka seatla se se nonofileng.+ Ka jalo, lo se ka lwa ja sepe se se nang le sebediso.  Mo letsatsing leno mo kgweding ya Abibe,*+ lo a tsamaya.  Fa Jehofa a sena go lo tlisa mo lefatsheng la Bakanana, Bahite, Baamore, Bahife le Bajebuse,+ le a neng a ikanela borraalonamogolo gore o tla le lo naya,+ lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ lo keteke moletlo ono mo kgweding eno.  Lo je senkgwe se se se nang sebediso malatsi a le supa,+ mme mo letsatsing la bosupa go tla nna le moletlo wa ga Jehofa.  Senkgwe se se se nang sebediso se tshwanetse go jewa mo malatsing ao a a supa;+ mme go se ka ga fitlhelwa sepe se se nang le sebediso mo go lona+ e bile go se ka ga fitlhelwa tlhama e e nang le sebediso mo kgaolong* yotlhe ya lona.  Mme mo letsatsing leo lo tshwanetse go bolelela bomorwaalona lo re, ‘Ke ka ntlha ya se Jehofa a se re diretseng fa re ne re tswa kwa Egepeto.’+  Mme seno e tla nna sesupo mo diatleng tsa lona le segopotso* mo diphatleng tsa lona,*+ gore molao wa ga Jehofa o nne mo melomong ya lona ka gonne Jehofa o lo ntshitse kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng. 10  Lo tshwanetse go ikobela molao ono mme lo keteke moletlo ono ngwaga le ngwaga.+ 11  “Fa Jehofa a lo tlisa mo lefatsheng la Bakanana, le a neng a ikana gore o tla le naya lona le borraalonamogolo,+ 12  lo tshwanetse go naya Jehofa leitibolo lengwe le lengwe la mosimane,* mmogo le leitibolo lengwe le lengwe le le tonanyana la diruiwa tse lo nang le tsone. Tse ditonanyana ke tsa ga Jehofa.+ 13  Lo rekolole leitibolo lengwe le lengwe la tonki ka nku, mme fa lo sa le rekolole, lo le robe molala. Mme lo rekolole leitibolo lengwe le lengwe la mosimane mo go bomorwaalona.+ 14  “Fa go ka direga gore moragonyana bomorwaalona ba lo botse ba re, ‘Seno se kaya eng?’ lo ba reye lo re, ‘Jehofa o ne a re ntsha ka seatla se se nonofileng kwa Egepeto kwa re neng re le makgoba gone.+ 15  Fa Faro a ne a nna tlhogoethata mme a gana go re lesa re tsamaya,+ Jehofa o ne a bolaya leitibolo lengwe le lengwe mo lefatsheng la Egepeto, go simolola ka leitibolo la motho go fitlha ka leitibolo la phologolo.+ Ke gone ka moo re ntshetsang Jehofa setlhabelo ka maitibolo otlhe a matonanyana,* mme leitibolo lengwe le lengwe la bomorwaarona lone re a le rekolola.’ 16  Seno se tshwanetse go nna jaaka sesupo mo diatleng tsa lona le jaaka lebanta la tlhogo mo diphatleng tsa lona,*+ ka gonne Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng.” 17  Jaanong fa Faro a ne a lesa batho gore ba tsamaye, Modimo ga a ka a ba etelela pele ka tsela ya lefatshe la Bafilisitia, le fa gone e ne e le gaufi. Gonne Modimo o ne a re: “Batho ba ka nna ba fetola megopolo ya bone fa ba lebana le ntwa mme ba tla boela kwa Egepeto.” 18  Ka jalo, Modimo o ne a dira gore batho ba dikologe ba tsamaye ka tsela e e ralalang naga ya Lewatle le Lehibidu.+ Mme Baiseraele ba ne ba tswa mo lefatsheng la Egepeto ba tsamaya ka thulaganyo jaaka ditlhopha tsa masole. 19  Gape Moshe o ne a tsaya marapo a ga Josefa ka gonne Josefa o ne a dirile gore bomorwa Iseraele ba ikane, a re: “Ruri Modimo o tla lo gopola. Lo tshwanetse go ntsha marapo a me mono.”+ 20  Ba ne ba tswa kwa Sukothe mme ba ya go nna kwa Ethame, kwa bofelelong jwa naga. 21  Jaanong Jehofa o ne a tsamaya kwa pele ga bone motshegare ka pilara ya leru gore a ba etelele pele mo tseleng,+ mme bosigo o ne a ba etelela pele ka pilara ya molelo gore a ba neye lesedi, gore ba kgone go tsamaya motshegare le bosigo.+ 22  Pilara ya leru e ne e sa tswe fa pele ga batho motshegare, le pilara ya molelo e ne e sa tswe fa pele ga bone bosigo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “leitibolo lengwe le lengwe le le bulang popelo nngwe le nngwe.”
Kgotsa “Beela kwa thoko.”
Seheb., “kwa ntlong ya bokgoba.”
Seheb., “melelwaneng.”
Seheb., “mo gare ga matlho a lona.”
Kgotsa “sengwe se se lo gopotsang.”
Seheb., “mongwe le mongwe yo o bulang popelo.”
Seheb., “sengwe le sengwe se se bulang popelo.”
Seheb., “fa gare ga matlho a lona.”