Ekesodo 16:1-36

  • Batho ba ngongoregela dijo (1-3)

  • Jehofa o utlwa dingongorego tsa bone (4-12)

  • Ba newa dinonyane tsa maphurwana le mana (13-21)

  • Ga go na mana ka Sabata (22-30)

  • Mana a a bewa gore e nne segopotso (31-36)

16  Fa phuthego yotlhe ya Baiseraele e sena go tswa kwa Elime, e ne ya goroga kwa nageng ya Sine,+ e e fa gare ga Elime le Sinai, mo letsatsing la bo15 la kgwedi ya bobedi fa ba sena go tswa kwa lefatsheng la Egepeto.  Phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya simolola go ngongorega ka Moshe le Arone mo nageng.+  Baiseraele ba ne ba nna ba ba raya ba re: “Bogolo re ka bo re sule ka seatla sa ga Jehofa kwa lefatsheng la Egepeto fa re ne re ntse fa thoko ga dipitsa tsa nama,+ fa re ne re ja senkgwe gore re bo re kgore. Jaanong lo re tlisitse mo nageng eno gore lo bolaye phuthego eno yotlhe ka leuba.”+  Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ke lo nesetsa senkgwe se se tswang kwa magodimong,+ mme motho mongwe le mongwe a tswe a ye go phutha selekanyo sa gagwe letsatsi le letsatsi,+ gore ke tle ke ba leke mme ke bone gore a ba tla tsamaya mo molaong wa me kgotsa nnyaa.+  Mme mo letsatsing la borataro+ fa ba baakanya se ba se phuthileng, e nne selekanyo se ba tlholang ba se sela mo malatsing a mangwe se menagane sebedi.”+  Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba raya Baiseraele botlhe ba re: “Mo maitseboeng ruri lo tla itse gore Jehofa ke ene a lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.+  Mo mosong lo tla bona kgalalelo ya ga Jehofa ka gonne Jehofa o utlwile gore lo ngongorega ka ene. Rona re bomang go bo lo ngongorega ka rona?”  Moshe o ne a tswelela a re: “Fa Jehofa a lo naya nama mo maitseboeng gore lo je le senkgwe mo mosong gore lo kgore, lo tla lemoga gore Jehofa o utlwile gore lo ngongorega ka ene. Mme rona re bomang? Ga lo ngongorege ka rona, mme lo ngongorega ka Jehofa.”+  Go tswa foo, Moshe o ne a raya Arone a re: “Bolelela phuthego yotlhe ya Baiseraele o re, ‘Atamelang fa pele ga ga Jehofa ka gonne o utlwile dingongorego tsa lona.’”+ 10  Fela fa Arone a sena go bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele, ba ne ba retologa ba leba kwa nageng, mme kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya bonala mo lerung.+ 11  Gape Jehofa o ne a raya Moshe, a re: 12  “Ke utlwile dingongorego tsa Baiseraele.+ Ba reye o re, ‘Lo tla ja nama ka lotlatlana* mme mo mosong lo tla bo lo kgotshe senkgwe,+ mme ruri lo tla itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona.’ ”+ 13  Ka jalo, mo maitseboeng ao dinonyane tsa maphurwana* di ne tsa tla mme tsa tlala mo kampeng,+ mme mo mosong go ne go na le monyo o tletse mo kampeng yotlhe. 14  Fa monyo ono o ne o gakologa, go ne go na le sengwe fa fatshe mo nageng se le boleta e bile se foforega,+ se le boleta jaaka kapoko mo mmung. 15  E rile Baiseraele ba se bona, ba simolola go raana ba re, “Selo se ke eng?” ka gonne ba ne ba sa itse gore ke eng. Moshe o ne a ba raya a re: “Ke senkgwe se Jehofa a se lo neileng gore e nne dijo tsa lona.+ 16  Jehofa o laetse jaana, ‘Mongwe le mongwe o tshwanetse go phutha selekanyo se a kgonang go se ja. Lo tseele mongwe le mongwe selekanyo sa omere*+ go ya ka palo ya batho ba mongwe le mongwe wa lona a nnang le bone mo tenteng ya gagwe.’” 17  Baiseraele ba ne ba simolola go dira jalo; ba ne ba se phutha, bangwe ba phutha se sentsi mme ba bangwe ba phutha se sennye. 18  Fa ba ne ba se lekanya ka selekanyo sa omere, yo o neng a phuthile se sentsi o ne a sa nne le mo go salang mme yo o neng a phuthile se sennye o ne a sa tlhaelwe.+ Mongwe le mongwe wa bone o ne a phuthile se a ka kgonang go se ja. 19  Foo Moshe o ne a ba raya a re: “A go se nne le ope yo o se sadisang go fitlha mo mosong.”+ 20  Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba reetsa Moshe. Fa batho bangwe ba ne ba se sadisa go fitlha mo mosong, se ne se tswa diboko se bo se nkga, mme Moshe o ne a ba galefela. 21  Ba ne ba se sela moso le moso, mongwe le mongwe go ya ka se a kgonang go se ja. Fa letsatsi le gotela, se ne se gakologa. 22  Mo letsatsing la borataro ba ne ba sela senkgwe sa malatsi a le mabedi,+ motho a le mongwe dilekanyo di le pedi tsa omere. Ka jalo, dikgosana tsotlhe tsa phuthego di ne tsa tla mme tsa begela Moshe ka gone. 23  Foo o ne a di raya a re: “Seno ke se Jehofa a se buileng: Kamoso e tla bo e le letsatsi la boikhutso,* sabata e e boitshepo mo go Jehofa.+ Besang se lo tlhokang go se besa lo bo lo bedise se lo tlhokang go se bedisa;+ mme se se setseng lo se beye go fitlha mo mosong.” 24  Ka jalo, ba se baya go fitlha mo mosong jaaka Moshe a ne a ba laetse, mme se ne se sa nkge e bile se sa nne le diboko. 25  Foo Moshe o ne a re: “Se jeng gompieno ka gonne gompieno ke sabata mo go Jehofa. Gompieno ga lo kitla lo se fitlhela fa fatshe. 26  Lo tla se sela mo malatsing a le marataro, mme mo letsatsing la bosupa, ka Sabata,+ ga se kitla se nna gone.” 27  Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la bosupa batho bangwe ba ne ba tswa ba ya go se sela, mme ga ba a ka ba se fitlhela. 28  Ka jalo, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Lo tla gana go boloka ditaelo tsa me le melao ya me ka lobaka lo lo kae?+ 29  Gopolang gore Jehofa o lo neile Sabata.+ Ke gone ka moo a lo nayang senkgwe sa malatsi a mabedi mo letsatsing la borataro. Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna mo a leng gone; ope a se ka a tswa mo lefelong la gagwe mo letsatsing la bosupa.” 30  Ka jalo, batho ba ne ba boloka Sabata* mo letsatsing la bosupa.+ 31  Baiseraele ba ne ba se bitsa “mana.”* Se ne se le sesweu jaaka peo ya koriandere e bile mo ganong se ne se utlwala jaaka dikuku tse di sephaphathi tse di nang le tswina ya dinotshe.+ 32  Foo Moshe o ne a re: “Seno ke se Jehofa a se laetseng, ‘Se tlatseng mo selekanyong sa omere gore e nne sengwe se se tla bolokiwang mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona,+ gore ba tle ba bone senkgwe se ke neng ka se lo naya gore lo se je mo nageng, fa ke ne ke lo ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.’” 33  Ka jalo, Moshe o ne a raya Arone a re: “Tsaya nkgo mme o tsenye mana a selekanyo sa omere mo go yone o bo o e baya fa pele ga ga Jehofa gore a bolokelwe dikokomana tsotlhe tsa lona.”+ 34  Arone o ne a a baya fa pele ga Lebokoso la Bosupi+ gore a bolokiwe, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 35  Baiseraele ba ne ba ja mana dingwaga di le 40+ go fitlha ba tla mo lefatsheng le batho ba neng ba nna mo go lone.+ Ba ne ba ja mana go fitlha ba tla mo molelwaneng wa lefatshe la Kanana.+ 36  Selekanyo sa omere se lekana le dilitara di ka nna pedi.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Kgotsa “makwetekwio.”
Mo e ka nnang 2,2 L. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “la go boloka sabata.”
Kgotsa “ba ikhutsa.”
Go ka direga gore le tswa mo polelwaneng ya Sehebera e e reng “Selo se ke eng?”
Seheb., “le nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.