Ekesodo 18:1-27

  • Jethero le Siphora ba a goroga (1-12)

  • Kgakololo ya ga Jethero ya gore go tlhomiwe baatlhodi (13-27)

18  Jaanong Jethero moperesiti wa kwa Midiana, mogwegadiagwe Moshe,+ o ne a utlwela sotlhe se Modimo a neng a se diretse Moshe le batho ba gagwe ba Iseraele, kafa Jehofa a neng a ntshitse Iseraele kwa Egepeto ka gone.+  Jethero, mogwegadiagwe Moshe, o ne a amogela Siphora, mosadi wa ga Moshe, ka gonne o ne a buseditswe kwa go ene  mmogo le bomorwawe ba babedi.+ Morwa yo mongwe o ne a bidiwa Gereshome,*+ ka gonne Moshe o ne a re, “Ke fetogile motswakwa mo lefatsheng le sele,”  mme yo mongwe o ne a bidiwa Eliesere,* ka gonne o ne a re: “Modimo wa ga rre ke mothusi wa me, yo o neng a nkgolola mo tšhakeng ya ga Faro.”+  Ka jalo, Jethero mogwegadiagwe Moshe mmogo le barwa ba ga Moshe le mmaabone ba ne ba tla kwa go Moshe kwa nageng kwa a neng a kampile gone gaufi le thaba ya Modimo wa boammaaruri.+  Foo o ne a romela molaetsa kwa go Moshe a re: “Nna Jethero, mogwegadiago,+ ke tlile kwa go wena le mosadi wa gago le bomorwao ba babedi.”  Ka yone nako eo, Moshe o ne a tswa a ya go kgatlhantsha mogwegadiagwe, a obama a bo a mo suna. Ba ne ba botsana matsogo go tswa foo ba tsena mo tenteng.  Moshe o ne a bolelela mogwegadiagwe sotlhe se Jehofa a neng a se dirile Faro le Egepeto ka ntlha ya Iseraele+ le mathata otlhe a ba neng ba lebana le one mo tseleng,+ le kafa Jehofa a neng a ba golola ka gone.  Jethero o ne a itumelela molemo otlhe o Jehofa a neng a o diretse Iseraele ka go ba golola kwa Egepeto.* 10  Go tswa foo, Jethero o ne a re: “A go bakwe Jehofa, yo o lo golotseng kwa Egepeto le mo go Faro, le yo o golotseng batho mo taolong ya Egepeto. 11  Jaanong ke a itse gore Jehofa o mogolo go feta medimo e mengwe yotlhe,+ ka ntlha ya se a se dirileng ba ba neng ba ikgodisetsa batho ba gagwe.” 12  Jaanong Jethero, mogwegadiagwe Moshe, o ne a isetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tse dingwe, mme Arone le bagolwane botlhe ba Iseraele ba tla go ja dijo le mogwegadiagwe Moshe fa pele ga Modimo wa boammaaruri. 13  Mo letsatsing le le latelang, Moshe o ne a nna fa fatshe jaaka gale gore a atlhole batho, mme batho ba tswelela ba eme fa pele ga gagwe go simolola mo mosong go fitlha maitseboa. 14  Fa mogwegadiagwe Moshe a bona sotlhe se Moshe a neng a se direla batho, o ne a mo raya a re: “Goreng o direla batho jaana? Ke ka ntlha yang fa o ntse fano o le nosi mme batho bone ba eme fa pele ga gago go simolola mo mosong go fitlha maitseboa?” 15  Moshe o ne a raya mogwegadiagwe a re: “Ka gonne batho ba nna ba tla kwa go nna gore ke ba boletse kwa Modimong. 16  Fa go nna le kgang, e tlisiwa kwa go nna mme ke tshwanetse go atlhola fa gare ga batho ba babedi ke bo ke ba itsise ditshwetso tsa Modimo wa boammaaruri le melao ya gagwe.”+ 17  Mogwegadiagwe Moshe o ne a mo raya a re: “Se o se dirang ga se a siama. 18  Ruri o tla lapa, wena le batho bano ba ba nang le wena, ka gonne seno ke morwalo o mogolo thata mo go wena e bile o ka se kgone go o rwala o le nosi. 19  Jaanong ntheetse. Ke tla go gakolola, mme Modimo o tla nna le wena.+ Wena o nne moemedi wa batho fa pele ga Modimo wa boammaaruri,+ mme o tshwanetse go tlisa dikgang kwa Modimong wa boammaaruri.+ 20  O ba rute ditaelo le melao+ o bo o ba itsise tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone le tiro e ba tshwanetseng go e dira. 21  Mme o tlhophe banna ba ba nang le bokgoni,+ ba ba boifang Modimo, banna ba ba ikanyegang, ba ba tlhoileng go nna le madi ka boferefere,+ mme o ba tlhome gore ba okamele batho e le baokamedi ba dikete, baokamedi ba makgolo, baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano le baokamedi ba masome.+ 22  Ba tshwanetse go atlhola batho fa go nna le kgang nngwe,* mme kgang nngwe le nngwe e e thata ba tla e tlisa kwa go wena,+ mme ba tla dira tshwetso ka kgang nngwe le nngwe e e motlhofo. Itirele dilo motlhofo ka go ba letla gore ba rwale morwalo ono le wena.+ 23  Fa o dira seno e bile Modimo a go laela jalo, o tla kgona go rwala morwalo ono mme mongwe le mongwe o tla ya gae a kgotsofetse.” 24  Moshe o ne a reetsa mogwegadiagwe mme a dira sotlhe se a neng a se mmoleletse. 25  Moshe o ne a tlhopha banna ba ba nang le bokgoni mo Iseraele yotlhe mme a ba tlhoma gore ba etelele batho pele e le baokamedi ba dikete, baokamedi ba makgolo, baokamedi ba ditlhopha tsa masome a matlhano le baokamedi ba masome. 26  Ka jalo, fa go nna le kgang ba ne ba atlhola batho. Kgang e e thata ba ne ba e tlisa kwa go Moshe,+ mme kgang nngwe le nngwe e e motlhofo ba ne ba e atlhola. 27  Morago ga moo, Moshe o ne a buledisa* mogwegadiagwe+ mme a boela kwa lefatsheng la gagabo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Motswakwa Koo.”
Mo go kayang “Modimo Wa me Ke Mothusi.”
Seheb., “mo seatleng sa Egepeto.”
Seheb., “nako nngwe le nngwe.”
Kgotsa “felegetsa.”