Ekesodo 29:1-46

  • Go tlhomiwa ga baperesiti (1-37)

  • Setlhabelo sa letsatsi le letsatsi (38-46)

29  “Seno ke se o tla se dirang go ba dira boitshepo gore ba ntirele e le baperesiti: O tseye powana, diphelefu tse pedi tse di se nang bogole,+  senkgwe se se se nang sebediso, dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka tse di se nang sebediso tse di kopantsweng le leokwane, le diphaphatha tse di se nang sebediso tse di tshasitsweng leokwane.+ O di dire ka bupi jwa korong jo bo boleta  o bo o di tsenya mo mmanking mme o di tlise di le mo mmaking+ mmogo le poo le diphelefu tse pedi.  “O ise Arone le bomorwawe kwa kgorong ya tente ya bokopanelo+ o bo o ba tlhapisa ka metsi.+  Morago ga moo, o tseye diaparo+ o bo o apesa Arone seaparo se setelele, seaparo se se se nang mabogo se se aparwang ka fa teng ga khiba, khiba le kgetsana ya sehuba o bo o mmofa mo lothekeng ka lebanta le le logilweng* la khiba.+  O mo rwese tuku e e kgethegileng o bo o baya letshwao le le boitshepo la boineelo* mo tukung eo;+  o tseye leokwane le le tlotsang+ o le tshele mo tlhogong ya gagwe mme o mo tlotse.+  “Morago ga moo, o atametse bomorwawe o bo o ba apesa diaparo tse ditelele+  mme o ba bofe ka meitlamo mo lothekeng, Arone mmogo le bomorwawe, o ba rwese dituku; mme boperesiti e tla nna jwa bone e le molao o o tla nnelang ruri.+ Eno ke tsela e o tla tlhomang Arone le bomorwawe ka yone gore ba direle e le baperesiti.*+ 10  “Jaanong o ise poo fa pele ga tente ya bokopanelo, mme Arone le bomorwawe ba bo ba baya diatla tsa bone mo tlhogong ya poo eo.+ 11  O tlhabe poo eo fa pele ga ga Jehofa, fa kgorong ya tente ya bokopanelo.+ 12  O tseye mangwe a madi a poo ka monwana wa gago o bo o a baya mo dinakeng tsa sebeso,+ mme madi a mangwe otlhe o a tshele kwa tlase mo sebesong.+ 13  Go tswa foo, o tseye mafura otlhe+ a a apesitseng mala, mafura a a mo godimo ga sebete le diphilo tse pedi le mafura a a mo godimo ga tsone, mme o di fise gore di kuise mosi mo sebesong.+ 14  Mme nama ya poo le letlalo la yone le boloko jwa yone o di fise ka molelo ka kwa ntle ga lefelo le o nnang mo go lone. Ke setlhabelo sa boleo. 15  “Morago ga moo, o tseye phelefu e le nngwe mme Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu eo.+ 16  O tlhabe phelefu eo o bo o tsaya madi a yone o a kgatšha mo matlhakoreng otlhe a sebeso.+ 17  O kgaoganye phelefu ka dirwe tsa yone, mme o tlhatswe mala a yone+ le maoto a yone o bo o baya dirwe tsa yone ka thulaganyo mmogo le tlhogo ya yone. 18  O tshwanetse go fisa phelefu eo yotlhe, o dire gore e kuise mosi mo sebesong. Ke setlhabelo se se fisiwang se se yang kwa go Jehofa e le lonko lo lo itumedisang.*+ Ke setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa. 19  “Morago ga moo, o tseye phelefu e nngwe mme Arone le bomorwawe ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya phelefu eo.+ 20  O tlhabe phelefu eo o bo o tsaya mangwe a madi a yone o a baya mo loretong lwa tsebe ya moja ya ga Arone le mo loretong lwa tsebe ya moja ya bomorwawe le mo monwaneng wa kgonotswe wa seatla sa bone sa moja le mo monwaneng o mogolo wa lonao lwa bone lwa moja, mme o kgatšhe madi mo matlhakoreng otlhe a sebeso. 21  Go tswa foo, o tseye mangwe a madi a a mo sebesong le bontlhanngwe jwa leokwane le le tlotsang+ o bo o kgatšha Arone le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone, gore ene le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone ba tle ba nne boitshepo.+ 22  “Go tswa foo, o ntshe mafura mo phelefung, mafura a mogatla, mafura a a apesitseng mala, mafura a sebete, diphilo tse pedi le mafura a a mo go tsone+ le leoto la moja ka gonne ke phelefu e e ntshediwang go tlhomiwa ga baperesiti.+ 23  Mo mmanking o o fa pele ga ga Jehofa o o nang le dinkgwe tse di se nang sebediso, o tseye senkgwe se se kgolokwe le senkgwe se se bopegileng jaaka leseka se se tshasitsweng leokwane, o tseye le phaphatha. 24  O tshwanetse go di baya tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, mme o di fokisetse kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa. 25  Go tswa foo, o di tseye mo diatleng tsa bone o bo o di fisa mo sebesong mo godimo ga setlhabelo se se fisiwang e le lonko lo lo itumedisang* fa pele ga ga Jehofa. Ke setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa. 26  “Go tswa foo, o tseye sehuba sa phelefu e e neng e ntshediwa go tlhoma Arone gore a nne moperesiti,+ o se fokisetse kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang fa pele ga ga Jehofa, mme e tla nna kabelo ya gago. 27  O dire gore dikarolo tsa phelefu e e ntsheditsweng go tlhomiwa ga ga Arone le bomorwawe di nne boitshepo: sehuba sa setlhabelo se se fokwang le leoto la kabelo e e boitshepo e e neng e fokwa.+ 28  E nne tsa ga Arone le tsa bomorwawe e le molao o o tla nnelang ruri o o tla diragadiwang ke Baiseraele ka gonne ke kabelo e e boitshepo, mme e tla nna kabelo e e boitshepo e e tla ntshiwang ke Baiseraele.+ Ke kabelo ya bone e e boitshepo e e yang kwa go Jehofa e tswa mo ditlhabelong tsa bone tsa go abelana.+ 29  “Diaparo tse di boitshepo+ tsa ga Arone di tla dirisiwa ke bomorwawe+ ba ba mo tlhatlhamang fa ba tlodiwa le fa ba tlhomiwa go nna baperesiti. 30  Moperesiti yo o tswang mo go bomorwawe yo o mo tlhatlhamang le yo o tsenang mo tenteng ya bokopanelo a tla go direla mo lefelong le le boitshepo, o tla di apara malatsi a le supa.+ 31  “O tseye phelefu e e ntshediwang go tlhomiwa ga baperesiti o bo o bedisa nama ya yone mo lefelong le le boitshepo.+ 32  Arone le bomorwawe ba tla jela+ nama ya phelefu le senkgwe se se mo mmanking fa kgorong ya tente ya bokopanelo. 33  Ba je dilo tse di neng di dirisiwa mo setlhabelong sa go itshwarelwa maleo se se neng se ntshiwa fa ba ne ba tlhomiwa go nna baperesiti* le fa ba ne ba dirwa boitshepo. Mme motho yo o sa tshwanelegeng* ga a kitla a di ja ka gonne ke selo se se boitshepo.+ 34  Fa nama ya phelefu e e neng e ntshitswe setlhabelo le senkgwe di sala go fitlha mo mosong, o tshwanetse go di fisa ka molelo.+ Ga di a tshwanela go jewa ka gonne ke selo se se boitshepo. 35  “O dire ka tsela eno mo go Arone le bomorwawe go ya ka fa go sotlhe se ke se go laetseng. O tseye malatsi a le supa go ba tlhoma go nna baperesiti.*+ 36  Letsatsi le letsatsi, o ntshe poo e le setlhabelo sa boleo. Boikaelelo jwa seno ke go kopa maitshwarelo mo Modimong le go dira sebeso boitshepo. Gape o tshwanetse go se tlotsa e le sesupo sa gore se tlhaoletswe go dirisediwa kobamelo ya Modimo.+ 37  O tseye malatsi a le supa go phepafatsa sebeso,* mme o tshwanetse go se dira boitshepo gore e nne sebeso se se boitshepotshepo.+ Ope fela yo o kgomang sebeso o tshwanetse a bo a le boitshepo. 38  “Seno ke se o tla se ntshang mo sebesong: letsatsi le letsatsi diphelefu tse pedi tse di nang le ngwaga o le mongwe, o sa kgaotse.+ 39  O ntshe phelefu e le nngwe e potlana mo mosong, mme o ntshe phelefu e nngwe ka lotlatlana.*+ 40  Bupi jo bo boleta jwa selekanyo sa mo e ka nnang kilogerama* jo bo kopantsweng le leokwane le le kgobilweng la selekanyo sa litara e le nngwe* le setlhabelo sa senô sa beine sa selekanyo sa litara e le nngwe,* di tla ntshiwa le phelefu ya ntlha e potlana. 41  O ntshe phelefu ya bobedi e potlana ka lotlatlana* mmogo le ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le tsa senô tse di tshwanang le tsa mo mosong. O tla e isa e le lonko lo lo itumedisang,* e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa. 42  E nne setlhabelo se se fisiwang ka metlha mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona kwa kgorong ya tente ya bokopanelo fa pele ga ga Jehofa, kwa ke tla itlhagisang mo go lona gone gore ke bue le wena.+ 43  “Ke tla itlhagisa koo mo Baiseraeleng, mme kgalalelo ya me+ e tla dira gore lefelo leo le nne boitshepo. 44  Ke tla dira gore tente ya bokopanelo le sebeso di nne boitshepo e bile ke tla dira Arone le bomorwawe boitshepo+ gore ba ntirele e le baperesiti. 45  Ke tla nna* mo gare ga batho ba Iseraele, mme ke tla nna Modimo wa bone.+ 46  Mme ruri ba tla itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa bone, yo o neng a ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto gore ke tle ke nne mo gare ga bone.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa bone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “serwalo se se boitshepo.”
Seheb., “e o tla tlatsang seatla sa ga Arone le seatla sa bomorwawe ka yone.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “gore seatla sa bone se tladiwe.”
Seheb., “motho o sele,” go tewa motho yo e seng wa losika lwa ga Arone.
Seheb., “go tlatsa seatla sa bone.”
Kgotsa “go direla sebeso tetlanyo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Seheb., “sa nngwesomeng (1/10) ya ifa.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa nngwennêng (1/4) ya hine.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “sa nngwennêng (1/4) ya hine.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “fa gare ga maitseboa a mabedi.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “aga.”