Ekesodo 35:1-35

  • Ditaelo tsa Sabata (1-3)

  • Meneelo ya motlaagana (4-29)

  • Besalele le Oholiabe ba tladiwa ka moya (30-35)

35  Moragonyana Moshe o ne a phutha phuthego yotlhe ya Baiseraele mme a ba raya a re: “Tseno ke dilo tse Jehofa a laetseng gore di dirwe:+  Lo ka nna lwa dira tiro mo malatsing a le marataro, mme letsatsi la bosupa e tla nna selo se se boitshepo mo go lona, ke letsatsi la sabata le le kgethegileng la go ikhutsa le le direlwang go tlotla Jehofa.+ Ope fela yo o dirang tiro mo go lone o tla bolawa.+  Ka letsatsi la Sabata, ga lo a tshwanela go gotsa molelo mo mafelong ape a lo nnang mo go one.”  Go tswa foo, Moshe o ne a raya phuthego yotlhe ya Baiseraele a re: “Seno ke se Jehofa a se laetseng,  ‘Ntshetsang Jehofa moneelo go tswa mo go lona.+ A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang+ a tlisetse Jehofa moneelo ono: gauta, selefera, kopore,  tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khubidu, tlhale e e boleta, boboa jwa dipodi,+  matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu, matlalo a a borethe,* logong lwa mokala,  leokwane la dipone, balema e e dirang leokwane la go tlotsa le e e dirang maswalo a a nkgang monate,+  maje a onikise le maje a mangwe a a tla kgomarediwang mo khibeng+ le mo kgetsaneng ya sehuba.+ 10  “‘A botlhe ba ba nang le bokgoni*+ mo gare ga lona ba tle mme ba dire sengwe le sengwe se Jehofa a se laetseng, 11  e leng, motlaagana le tente ya one le sekhurumetso sa one, dihuku tsa one le diforeimi tsa one, mephakalego ya one, dipilara tsa one le metheo ya tsone e e khuti; 12  Letlole+ le dikota tsa lone,+ sekhurumelo+ le sesiro+ se se kgaoganyang; 13  tafole+ le dikota tsa yone le dilwana tsotlhe tsa yone le senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo;+ 14  setlhomo sa dipone+ tsa go bonesa le dilwana tsa sone le dipone tsa sone le leokwane la go bonesa;+ 15  sebeso sa maswalo+ le dikota tsa sone; leokwane la go tlotsa le maswalo a a nkgang monate;+ setswalo* sa kgoro ya motlaagana; 16  sebeso sa ditlhabelo tse di fisiwang+ le sêfê ya sone ya kopore, dikota tsa sone le dilwana tsotlhe tsa sone; sekotlele le setlhomo sa sone;+ 17  matsela a a lepelelang a lolwapa,+ dipilara tsa lone le metheo ya tsone e e khuti; setswalo* sa kgoro ya lolwapa; 18  dipekere tse ditona tsa motlaagana le dipekere tse ditona tsa lolwapa le megala ya tsone;+ 19  diaparo tse di logilweng ka botswerere+ tsa go direla mo lefelong le le boitshepo, diaparo tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone+ le diaparo tsa bomorwawe tse ba di aparang fa ba direla e le baperesiti.’” 20  Ka jalo, phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya tswa fa pele ga ga Moshe. 21  Go tswa foo, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa+ le mongwe le mongwe yo moya wa gagwe o neng o mo tlhotlheletsa, o ne a tla mme a tlisetsa Jehofa moneelo o o neng o tla dirisiwa mo tenteng ya bokopanelo, mo tirelong yotlhe ya one le go dira diaparo tse di boitshepo. 22  Ba ne ba nna ba tla, banna mmogo le basadi, mongwe le mongwe wa pelo e e ratang, ba tlisa dikgokelo tse di kgabisitsweng, manyena, dipalamonwana le mekgabisa e mengwe mmogo le dilwana tsa mefuta yotlhe tsa gauta. Botlhe ba ne ba tlisetsa Jehofa ditlhabelo* tsa bone tsa gauta.+ 23  Mme botlhe ba ba neng ba na le tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu, tlhale e e boleta, boboa jwa dipodi, matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le matlalo a a borethe,* ba ne ba di tlisa. 24  Botlhe ba ba neng ba eletsa go ntsha selefera le kopore ba ne ba di tlisetsa Jehofa e le moneelo, mme botlhe ba ba neng ba na le logong lwa mokala lwa go dira karolo epe fela ya tiro, ba ne ba lo tlisa. 25  Basadi botlhe ba ba nang le bokgoni+ ba ne ba otlha ka diatla tsa bone, mme ba ne ba tlisa dilo tse ba neng ba di otlhile: tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta. 26  Mme basadi botlhe ba ba nang le bokgoni ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa, ba ne ba otlha boboa jwa dipodi. 27  Mme dikgosana di ne tsa tlisa maje a onikise le maje a mangwe a a tla kgomarediwang mo khibeng le mo kgetsaneng ya sehuba,+ 28  le balema le leokwane la go bonesa le leokwane la go tlotsa+ le la maswalo a a nkgang monate.+ 29  Banna le basadi botlhe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa ba ne ba tlisa sengwe gore tiro e Jehofa a neng a e laetse ka Moshe e dirwe; Baiseraele ba ne ba tlisetsa Jehofa dilo tseno e le moneelo o o ntshiwang ka go rata.+ 30  Go tswa foo, Moshe o ne a raya Baiseraele a re: “Bonang, Jehofa o tlhophile Besalele morwa Uri morwa Hure wa lotso lwa ga Juda.+ 31  O mo tladitse ka moya wa Modimo, a dira gore a nne botlhale, a tlhaloganye a bo a nne le kitso mo tirong nngwe le nngwe ya go betla 32  gore a tlhame didirisiwa, gore a dire ka gauta, selefera le kopore, 33  gore a sege maje a bo a a gabe le gore a dire dilwana tsa mofuta mongwe le mongwe ka logong. 34  Mme Modimo o mo neile bokgoni jwa go ruta ba bangwe, ene le Oholiabe+ morwa Ahisamake wa lotso lwa ga Dana. 35  O ba neile bokgoni*+ jwa go dira tiro nngwe le nngwe ya mmetli, ya mokgabisi le ya modiramatsela ba dirisa tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta le tiro ya mologi. Banna bano ba tla dira tiro ya mofuta mongwe le mongwe e bile ba tla dira didirisiwa tsa mofuta mongwe le mongwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Seheb., “pelo e e botlhale.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “ditlhabelo tse di fokwang.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Seheb., “pelo e e botlhale.”