Ekesodo 36:1-38

  • Go ntshitswe moneelo o o fetang selekanyo (1-7)

  • Go agiwa motlaagana (8-38)

36  “Besalele o tla dira mmogo le Oholiabe le monna mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni,* yo Jehofa a mo neileng botlhale le go tlhaloganya gore a itse kafa a ka dirang tiro yotlhe ya tirelo e e boitshepo ka gone fela jaaka Jehofa a laetse.”+  Go tswa foo, Moshe o ne a bitsa Besalele le Oholiabe le monna mongwe le mongwe yo o nang le bokgoni, yo Jehofa a neng a tsentse botlhale+ mo pelong ya gagwe, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa go ithaopela go dira tiro.+  Ba ne ba tsaya moneelo+ otlhe mo go Moshe o Baiseraele ba neng ba o tliseditse tiro e e direlwang tirelo e e boitshepo. Le fa go ntse jalo, moso le moso, batho ba ne ba nna ba tlisa kwa go ene moneelo o o ntshiwang ka go rata.  Go tswa foo, fa ba sena go simolola tiro e e boitshepo, badiri botlhe ba ba nang le bokgoni ba ne ba tla ka go latelana,  mme ba ne ba raya Moshe ba re: “Batho ba tlisetsa tiro e Jehofa a laetseng gore e dirwe mo gontsi go feta kafa go tlhokegang ka gone.”  Ka jalo, Moshe o ne a laela gore go dirwe kitsiso eno mo kampeng yotlhe: “Banna le basadi, emisang go tlisa dithoto tse di oketsegileng tse lo di ntshetsang moneelo o o boitshepo.” Foo batho ba ne ba thibelwa go tlisa sepe fela.  Dithoto tseno di ne di lekane tiro yotlhe e e neng e tshwanetse go dirwa e bile di ne di feta selekanyo.  Ka jalo, badiri botlhe ba ba nang le bokgoni+ ba ne ba dira motlaagana+ ka matsela a tente a le lesome a tlhale e e boleta e e otlhilweng, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu; o* ne a a kgabisa ka go loga ditshwantsho tsa ditšheruba mo go one.+  Letsela lengwe le lengwe la tente le ne le le boleele jwa dimetara di ka nna 12* le bophara jwa disentimetara di le 178.* Matsela ano otlhe a tente a ne a lekana. 10  Go tswa foo, o ne a kopanya matsela a le matlhano a tente mmogo, mme matsela a mangwe a le matlhano a tente le one o ne a a kopanya mmogo. 11  Morago ga moo, o ne a dira dilupu tsa tlhale e e botala jwa loapi mo letseleng la bofelo la a a kopantsweng. O ne a dira se se tshwanang le mo letseleng la bofelo la matsela a mangwe a a kopantsweng, kwa matsela ano a neng a kopana gone. 12  O ne a dira dilupu di le 50 mo letseleng le le lengwe la tente a bo a dira dilupu di le 50 kwa bofelong jwa letsela le lengwe la tente gore dilupu tseno di lebagane fa di kopanang gone. 13  La bofelo o ne a dira dihuku di le 50 tsa gauta a bo a gokaganya matsela ano ka tsone, mme motlaagana o ne wa nna selo se le sengwe. 14  Go tswa foo, o ne a direla tente matsela ka boboa jwa dipodi gore a khurumetse motlaagana. O ne a dira matsela a tente a le 11.+ 15  Letsela lengwe le lengwe la tente le ne le le boleele jwa dimetara di ka nna 13 le bophara jwa disentimetara di le 178. Matsela ano otlhe a tente a le 11 a ne a lekana. 16  O ne a kopanya matsela a le matlhano a tente mmogo a bo a kopanya matsela a mangwe a marataro a tente mmogo. 17  Morago ga moo, o ne a dira dilupu di le 50 kwa bofelong jwa letsela le le lengwe la tente, e leng letsela la bofelo mo go a a kopantsweng, le dilupu di le 50 mo letseleng la bofelo la tente la matsela a mangwe a a kopantsweng kwa matsela ano a kopanang gone. 18  Mme o ne a dira dihuku di le 50 tsa kopore tse di gokaganyang tente gore e nne selo se le sengwe. 19  O ne a direla tente sekhurumetso ka matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu le sekhurumetso se sengwe ka matlalo a a borethe* gore se nne mo godimo ga sekhurumetso sa matlalo a diphelefu.+ 20  Go tswa foo, o ne a direla motlaagana diforeimi tse di emeng di tlhamaletse+ a dirisa logong lwa mokala.+ 21  Foreimi nngwe le nngwe e ne e le boleele jwa dimetara di ka nna nnê le halofo le bophara jwa disentimetara di ka nna 67. 22  Foreimi nngwe le nngwe e ne e na le dipale* tse pedi tse di gokagantsweng. Ke kafa a neng a dira diforeimi tsotlhe tsa motlaagana ka gone. 23  Ka jalo, o ne a dira diforeimi di le 20 ka fa letlhakoreng le le ka fa borwa la motlaagana, di lebile kwa borwa. 24  Go tswa foo, o ne a dira metheo e e khuti ya selefera e le 40 ka fa tlase ga diforeimi di le 20, foreimi e le nngwe e ne e diretswe metheo e mebedi e e khuti ka fa tlase ga dipale tsa yone tse pedi le foreimi nngwe le nngwe e e latelang le yone e ne e diretswe metheo e mebedi e e khuti ka fa tlase ga dipale tsa yone tse pedi.+ 25  Ka fa letlhakoreng le lengwe la motlaagana, letlhakore le le ka fa bokone, o ne a dira diforeimi di le 20 26  le metheo ya tsone e e khuti ya selefera e le 40, metheo e mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga foreimi e le nngwe le metheo e mebedi e e khuti e le ka fa tlase ga nngwe le nngwe ya diforeimi tse dingwe. 27  Karolo e e kwa morago ya motlaagana, e e ka fa bophirima, o ne a e direla diforeimi di le thataro.+ 28  O ne a dira diforeimi di le pedi gore e nne dikota tsa dikhona tse pedi tse di kwa morago tsa motlaagana. 29  Dikota tseno di ne di patagantswe go tswa kwa tlase go ya kwa godimo, go fitlha kwa lesekeng la ntlha. Seo ke se a neng a se dira ka dikota tse pedi tsa dikhona. 30  Ka jalo, go ne ga nna le diforeimi di le robedi le metheo ya tsone e e khuti ya selefera e le 16, metheo e le mebedi e e khuti e ne e le ka fa tlase ga foreimi nngwe le nngwe. 31  Go tswa foo, o ne a dira mephakalego ka logong lwa mokala, mephakalego e metlhano e le ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng le le lengwe la motlaagana+ 32  le mephakalego e metlhano ya diforeimi tse di ka fa letlhakoreng le lengwe la motlaagana, le mephakalego e metlhano ya diforeimi tsa motlaagana tsa karolo e e kwa morago ka fa bophirima. 33  O ne a dira mophakalego o o fa gare o o kgabaganyang mo bogareng jwa diforeimi o tswa kwa ntlheng e nngwe o ya kwa go e nngwe. 34  O ne a manega diforeimi ka gauta a bo a di direla maseka a gauta gore a tshegetse mephakalego, mme o ne a manega mephakalego eo ka gauta.+ 35  Go tswa foo, o ne a dira sesiro+ ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng. O ne a se kgabisa ka go loga ditshwantsho tsa ditšheruba+ mo go sone. 36  Go tswa foo, o ne a se direla dipilara di le nnê ka mokala mme a di manega gauta mmogo le dihuku tsa gauta a bo a direla dipilara tseno metheo e menê e e khuti ya selefera. 37  Morago ga moo, o ne a direla kgoro ya tente setswalo* ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng, di logilwe mmogo,+ 38  a dira le dipilara tsa sone tse tlhano le dihuku tsa tsone. O ne a manega bogodimo jwa tsone le dikgokedi* tsa tsone ka gauta mme metheo ya tsone e metlhano e e khuti e ne e le ya kopore.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “monna mongwe le mongwe yo o nang le pelo e e botlhale.”
Go lebega go tewa Besalele.
Seheb., “dikubita di le 28.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita di le 4.” Bona Dintlha B14.
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Kgotsa “dikota tse di tlhamaletseng.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “maseka a a gokaganyang.”