Ekesodo 37:1-29

  • Go dirwa Letlole (1-9)

  • Tafole (10-16)

  • Setlhomo sa dipone (17-24)

  • Sebeso sa maswalo (25-29)

37  Go tswa foo, Besalele+ o ne a dira Letlole+ ka logong lwa mokala. Boleele jwa lone e ne e le disentimetara di ka nna 111,* bophara jwa lone e le disentimetara di ka nna 67 mme bogodimo jwa lone e le disentimetara di ka nna 67.+  O ne a le manega gauta e e sa tswakanngwang ka fa teng le ka fa ntle a bo a le direla mokgabisa wa gauta go le dikologa.+  Morago ga moo, o ne a le direla maseka a gauta a le manê gore a nne fa godimo ga maoto a lone a manê, maseka a mabedi a le ka fa letlhakoreng le lengwe mme maseka a mangwe a mabedi a le ka fa letlhakoreng le lengwe.  Go tswa foo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega gauta.+  O ne a tsenya dikota tseno mo masekeng ao a a mo matlhakoreng a Letlole gore go tsholediwe Letlole ka tsone.+  O ne a dira sekhurumelo ka gauta e e sa tswakanngwang.+ Boleele jwa sone e ne e le disentimetara di ka nna 111 mme bophara jwa sone e le disentimetara di ka nna 67.+  Gape o ne a dira ditšheruba di le pedi+ ka gauta e e papetlilweng mo dintlheng tsoopedi tsa sekhurumelo.+  Tšheruba e nngwe e ne e le kwa ntlheng e nngwe mme tšheruba e nngwe e le ka fa ntlheng e nngwe. O ne a dira ditšheruba mo dintlheng tsoopedi tsa sekhurumelo.  Ditšheruba tseno tse pedi di ne di tsharololetse diphuka tsa tsone kwa godimo, di khurumeditse sekhurumelo ka diphuka tsa tsone.+ Di ne di lebagane mme difatlhego tsa tsone di inametse mo sekhurumelong.+ 10  Go tswa foo, o ne a dira tafole ka logong lwa mokala.+ Boleele jwa yone e ne e le disentimetara di le 89, bophara jwa yone e le disentimetara di ka nna 45 mme bogodimo jwa yone e le disentimetara di ka nna 67.+ 11  Mme a e manega gauta e e sa tswakanngwang a bo a e direla mokgabisa wa gauta go e dikologa. 12  Morago ga moo, o ne a e tsenya polanka e tshesane ya boatlhamo jwa bophara jwa seatla* mo matlhakoreng a yone a bo a e direla mokgabisa wa gauta go e dikologa. 13  Mo godimo ga moo, o ne a e direla maseka a gauta a le manê a bo a tsenya maseka ao a manê mo dikhoneng tse nnê fa maoto a yone a manê a neng a kgomareditswe gone. 14  Maseka ao a ne a le gaufi le polanka eo e tshesane gore a tshegetse dikota tsa go tsholetsa tafole. 15  Go tswa foo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega gauta gore tafole e tsholediwe ka tsone. 16  Morago ga moo, o ne a dirisa gauta e e sa tswakanngwang go dira dilwana tsa tafole: dijana tsa yone, dikopi tsa yone, le dinkgo tsa yone le dikotlele tsa yone tse dinnye, tse go neng go tla tshelwa ditlhabelo tsa senô mo go tsone.+ 17  Go tswa foo, o ne a dira setlhomo sa dipone+ ka gauta e e sa tswakanngwang. O ne a dira setlhomo seo sa dipone ka gauta e e papetlilweng. Karolo ya sone e e kwa tlase, kutu ya sone, dinkgwana tsa sone, dikarolo tse di kgolokwe tsa sone le malômô* a sone, e ne e le selo se le sengwe.+ 18  Dikala tsa sone di le thataro di ne di dirilwe mo kutung ya sone, dikala di le tharo tsa setlhomo sa dipone di dirilwe ka fa letlhakoreng le lengwe mme dikala tse dingwe di le tharo di dirilwe ka fa letlhakoreng le lengwe la sone. 19  Kala nngwe le nngwe e ne e na le dinkgwana di le tharo tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô, mme tsotlhe di ne di beilwe ka go refosana. Go ne ga dirwa jalo mo dikaleng tsotlhe tse thataro tse di neng di dirilwe mo kutung ya setlhomo sa dipone. 20  Mo kutung ya setlhomo sa dipone go ne go na le dinkgwana di le nnê tse di bopegileng jaaka malômô a setlhare sa thamane, dikarolo tse di kgolokwe le malômô a sone, mme tsotlhe di ne di beilwe ka go refosana. 21  Go ne go na le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse pedi tsa ntlha tse di mo kutung le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe tse pedi tse di latelang le karolo e e kgolokwe ka fa tlase ga dikala tse dingwe gape tse pedi tse di latelang, go ne ga dirwa jalo mo dikaleng tseno tse thataro tse di tswang mo kutung ya setlhomo sa dipone. 22  Dikarolo tse di kgolokwe tseno le dikala tseno le setlhomo sotlhe sa dipone e ne e le selo se le sengwe se se dirilweng ka gauta e e sa tswakanngwang e e papetlilweng. 23  Go tswa foo, o ne a dira dipone tsa sone tse supa+ le ditimalobone* tsa sone le ditsholamolelo tsa sone ka gauta e e sa tswakanngwang. 24  O ne a se dira mmogo le dilwana tsotlhe tsa sone ka talenta* ya gauta e e sa tswakanngwang. 25  Jaanong o ne a dira sebeso sa maswalo+ ka logong lwa mokala. Se ne se na le matlhakore a le manê a a lekalekanang, boleele jwa sone e le disentimetara di ka nna 45, bophara jwa sone e le disentimetara di ka nna 45 mme bogodimo jwa sone e le disentimetara di le 89. Dinaka tsa sone e ne e le selo se le sengwe fela se se tshwaraganeng le sebeso.+ 26  O ne a se manega gauta e e sa tswakanngwang mo karolong ya sone e e mo godimo, mo matlhakoreng a sone go se dikologa le mo dinakeng tsa sone mme o ne a se direla mokgabisa wa gauta go se dikologa. 27  O ne a se direla maseka a mabedi a gauta ka fa tlase ga mokgabisa wa sone mo matlhakoreng a mabedi a a lebaganeng gore maseka ano a tshegetse dikota tse se tsholediwang ka tsone. 28  Morago ga moo, o ne a dira dikota ka logong lwa mokala a bo a di manega gauta. 29  Gape o ne a dira leokwane le le boitshepo la go tlotsa+ le maswalo a a itshekileng a a nkgang monate,+ a kopantswe ka botswerere.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “dikubita di le pedi le halofo.” Bona Dintlha B14.
Mo e ka nnang 7,4 cm. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “ditang.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “jaaka tiro ya modiri wa setlôlô.”