Ekesodo 39:1-43

  • Go dirwa diaparo tsa Baperesiti (1)

  • Khiba (2-7)

  • Kgetsana ya sehuba (8-21)

  • Seaparo se se se nang mabogo (22-26)

  • Diaparo tse dingwe tsa Baperesiti (27-29)

  • Mokgabisa wa gauta (30, 31)

  • Moshe o tlhatlhoba motlaagana (32-43)

39  Ba ne ba dira diaparo tse di logilweng ka botswerere tsa go direla mo lefelong le le boitshepo ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu.+ Ba ne ba direla Arone diaparo tse di boitshepo,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.  O ne a dira khiba+ ka gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng.  Ba ne ba papetla gauta gore e nne tshesane, mme o ne a e sega gore e nne ditlhale a bo a e loga le tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e bile e ne e kgabisitswe.  Ba ne ba e direla mabanta a a kopantsweng mo magetleng, mme e ne e kopantswe mo dintlheng tsa yone tse pedi.  Mme lebanta le le logilweng,* le le neng le rokeletswe mo khibeng gore e bofiwe ka lone gore e nne mo mannong a yone,+ le ne le dirilwe ka didirisiwa tse di tshwanang le tsa khiba, gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.  Morago ga moo, ba ne ba kgomaretsa maje a onikise mo ditshegetsong tsa gauta mme ba gaba maina a bomorwa Iseraele mo go one jaaka ba ka gaba letshwao mo palamonwaneng.+  O ne a a baya mo mabanteng a khiba a a mo magetleng e le maje a segopotso mo go bomorwa Iseraele,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.  Go tswa foo, o ne a dira kgetsana ya sehuba+ e e kgabisitsweng, e dirilwe ka tsela e khiba e dirilweng ka yone, ka gauta, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole, tlhale e khibidu le tlhale e e boleta e e otlhilweng.+  E ne e na le matlhakore a le manê a a lekanang fa e menagantswe gabedi. Ba ne ba dira kgetsana ya sehuba, e fa e ne e menaganngwa e neng e le boleele le bophara jwa paralatso ya seatla.* 10  Ba ne ba dira mela e menê ya maje mo go yone. Mo moleng wa ntlha go ne go tsentswe leje la rubi, la topase le la emeraleda. 11  Mo moleng wa bobedi go ne go tsentswe leje la thekoise, la safire le la jasepere. 12  Mo moleng wa boraro go ne go tsentswe leje la leshem,* la agate le la amethisete. 13  Mo moleng wa bonê go ne go tsentswe leje la kerusolete, la onikise le la jeide. A ne a kgomareditswe mo ditshegetsong tsa gauta. 14  Maje ao a ne a lekana le maina a le 12 a bomorwa Iseraele, mme maina ao a ne a gabilwe jaaka fa go gabiwa letshwao mo palamonwaneng, leina lengwe le lengwe le ne le emela longwe lwa ditso tse 12. 15  Go tswa foo, ba ne ba dira dikeetane ka gauta e e sa tswakanngwang mo kgetsaneng ya sehuba, di tshophilwe jaaka mogala.+ 16  Ba ne ba dira ditshegetso tse pedi tsa gauta le maseka a mabedi a gauta ba bo ba kgomaretsa maseka ano a mabedi mo dikhoneng tse pedi tsa kgetsana ya sehuba. 17  Morago ga moo, ba ne ba tsenya megala e mebedi ya gauta mo masekeng ao a mabedi a a mo dikhoneng tsa kgetsana ya sehuba. 18  Go tswa foo, ba ne ba tsenya dintlha tse pedi tsa megala e mebedi mo ditshegetsong tse pedi ba bo ba di kgomaretsa mo mabanteng a a mo magetleng a khiba, kwa pele. 19  Morago ga moo, ba ne ba dira maseka a mangwe a mabedi a gauta ba bo ba a kgomaretsa mo dintlheng tse pedi mo karolong e e ka fa teng ya kgetsana ya sehuba, maseka ao a ne a lebile mo khibeng.+ 20  Ba ne ba dira maseka a mangwe gape a mabedi a gauta ba bo ba a kgomaretsa mo khibeng kwa pele, kwa tlase ga mabanta a mabedi a a mo magetleng, gaufi le fa e kopantsweng teng, fa godimo ga lebanta le le logilweng* la khiba. 21  La bofelo, ba ne ba gokelela kgetsana ya sehuba ka mogala o o botala jwa loapi go tswa mo masekeng a yone go ya kwa masekeng a khiba, e le gore kgetsana ya sehuba e se ka ya suta mo khibeng, fa godimo ga lebanta le le logilweng,* fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 22  Morago ga moo, o ne a dira seaparo se se se nang mabogo se se aparwang ka fa teng ga khiba, se dirilwe ke mologi, sotlhe fela se dirilwe ka tlhale e e botala jwa loapi.+ 23  Se ne se na le phatlha kwa godimo mo bogareng jwa sone, e tshwana le phatlha ya seaparo sa phemelo. Phatlha ya sone e ne e na le momeno o o logilweng go e dikologa gore e se ka ya gagoga. 24  Morago ga moo, ba ne ba dira digaranata ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu, di logilwe mmogo, mo momenong o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo. 25  Gape ba ne ba dira ditleloko ka gauta e e sa tswakanngwang ba bo ba tsenya ditleloko tseo fa gare ga digaranata go dikologa momeno o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo, fa gare ga digaranata; 26  ba ne ba dira gore tleloko e refosane le garanata go dikologa momeno o o kwa tlase wa seaparo se se se nang mabogo, se se neng se dirisediwa tirelo ya boperesiti, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 27  Ba ne ba direla Arone le bomorwawe diaparo tse ditelele tsa tlhale e e boleta,+ tse di neng di dirilwe ke mologi, 28  le tuku e e kgethegileng+ ya tlhale e e boleta, dituku+ tse di kgabisitsweng ka tlhale e e boleta, marokgwe a makhutshwane*+ a a dirilweng ka tlhale e e boleta e e otlhilweng, 29  le moitlamo wa lotheka o o dirilweng ka tlhale e e boleta e e otlhilweng, tlhale e e botala jwa loapi, wulu e phepole le tlhale e khibidu, di logilwe mmogo, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 30  La bofelo ba ne ba dira mokgabisa* o o phatsimang, letshwao le le boitshepo la boineelo,* ka gauta e e sa tswakanngwang ba bo ba gaba mokwalo ono mo go one jaaka motho a ka gaba letshwao mo palamonwaneng: “Jehofa o Boitshepo.”+ 31  Ba ne ba gokelela mogala wa tlhale e e botala jwa loapi mo go one gore ba o beye mo tukung e e kgethegileng, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe. 32  Ka jalo, tiro yotlhe ya motlaagana, e leng tente ya bokopanelo, e ne ya wediwa mme Baiseraele ba ne ba dira sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe.+ Ba ne ba dira fela jalo. 33  Go tswa foo, ba ne ba tlisa motlaagana+ kwa go Moshe, tente+ le dilwana tsotlhe tsa yone: dihuku+ tsa yone, diforeimi+ tsa yone, mephakalego+ ya yone le dipilara tsa yone le metheo ya yone e e khuti;+ 34  sekhurumetso sa yone sa matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu,+ sekhurumetso sa yone sa matlalo a a borethe,* sesiro se se kgaoganyang;+ 35  letlole la kgolagano* le dikota tsa lone+ le sekhurumelo;+ 36  tafole, dilwana+ tsotlhe tsa yone le senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo; 37  setlhomo sa dipone sa gauta e e sa tswakanngwang, dipone+ tsa sone tse di tlhomagantsweng, dilwana+ tsotlhe tsa sone le leokwane la go bonesa;+ 38  sebeso+ sa gauta, leokwane la go tlotsa,+ maswalo a a nkgang monate,+ setswalo*+ sa kgoro ya tente; 39  sebeso sa kopore+ le sêfê ya sone ya kopore, dikota+ tsa sone, dilwana+ tsotlhe tsa sone, sekotlele le setlhomo sa sone;+ 40  matsela a a lepelelang a lolwapa, dipilara tsa lone le metheo ya lone e e khuti,+ setswalo*+ sa kgoro ya lolwapa, megala ya lone le dipekere tsa lone tse ditona+ le dilwana tsotlhe tsa tirelo ya motlaagana wa bokopanelo; 41  diaparo tse di logilweng ka botswerere tsa go direla mo lefelong le le boitshepo, diaparo tse di boitshepo tsa ga moperesiti Arone+ le diaparo tsa bomorwawe tse ba di aparang fa ba direla e le baperesiti. 42  Ke kafa Baiseraele ba neng ba dira tiro yotlhe ka gone, go ya ka sotlhe se Jehofa a neng a se laetse Moshe.+ 43  Fa Moshe a ne a tlhatlhoba tiro yotlhe ya bone, o ne a bona gore ba e dirile fela jaaka Jehofa a ne a laetse; mme Moshe o ne a ba segofatsa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Mo e ka nnang 22,2 cm. Bona Dintlha B14.
Leje lengwe le le tlhwatlhwakgolo le le sa itsiweng, le e ka tswang e le amber, jasinthe, opale kgotsa tourmaline.
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “lebanta la lotheka.”
Kgotsa “diaparo tsa ka fa teng.”
Kgotsa “serwalo se se boitshepo.”
Letlalo la manyebi, e leng phologolo e e nnang mo metsing.
Seheb., “Tshupo.”
Kgotsa “garetene.”
Kgotsa “garetene.”