Ekesodo 8:1-32

  • Petso 2: digwagwa (1-15)

  • Petso 3: mentsana (16-19)

  • Petso 4: diboba (20-32)

    • Goshene ga e amege (22, 23)

8  Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Ya kwa go Faro mme o mo reye o re, ‘Jehofa a re: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela.+  Fa o nna o gana go ba lesa ba tsamaya, ke tla tlisa petso ya digwagwa mo nageng yotlhe ya gago.+  Noka ya Nile e tla tlala digwagwa mme di tla tswa di bo di tsena mo ntlong ya gago, mo phaposing e o robalang mo go yone, mo bolaong jwa gago le mo matlong a batlhanka ba gago le mo bathong ba gago, mo diontong* tsa gago le mo dikotleleng tse lo dubelang mo go tsone.+  Digwagwa tseno di tla tla mo go wena, mo bathong ba gago le mo batlhankeng botlhe ba gago.”’”  Moragonyana Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Tsaya thobane ya gago o otlololele seatla sa gago mo godimo ga dinoka, mesele ya Nile le megobe mme o dire gore digwagwa di tswele mo lefatsheng la Egepeto.’”  Ka jalo, Arone o ne a otlololela seatla sa gagwe mo godimo ga metsi a Egepeto, mme digwagwa di ne tsa simolola go tswa mme tsa tlala mo lefatsheng la Egepeto.  Le fa go ntse jalo, baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri go dira se se tshwanang, mme le bone ba ne ba dira gore digwagwa di tswele mo lefatsheng la Egepeto.+  Go tswa foo, Faro o ne a bitsa Moshe le Arone mme a ba raya a re: “Rapelang Jehofa gore a tlose digwagwa mo go nna le mo bathong ba me,+ ka gonne ke batla go lesa Baiseraele gore ba tsamaye ba ye go ntshetsa Jehofa setlhabelo.”  Moshe o ne a raya Faro a re: “Ke go naya tlotla ya gore o mpolelele gore ke rapele leng gore digwagwa di tlosiwe mo go wena, mo batlhankeng ba gago, mo bathong ba gago le mo matlong a lona. Di tla sala fela mo Nokeng ya Nile.” 10  Foo Faro a mo raya a re: “Kamoso.” Ka jalo, Moshe a re: “Go tla nna jaaka o buile, gore o tle o itse gore ga go ope yo o tshwanang le Jehofa, Modimo wa rona.+ 11  Digwagwa di tla tlosiwa mo go wena, mo matlong a gago, mo batlhankeng ba gago le mo bathong ba gago. Di tla sala fela mo Nile.”+ 12  Ka jalo, Moshe le Arone ba ne ba tswa fa go Faro, mme Moshe a rapela Jehofa ka ntlha ya digwagwa tse Modimo a neng a di tliseditse Faro.+ 13  Foo Jehofa o ne a dira jaaka Moshe a mo kopile, mme digwagwa tsa simolola go swa mo matlong, mo malwapeng le mo masimong. 14  Ba ne ba di kokoanya tsa nna mekoa e mentsintsi, mme lefatshe la simolola go nkga sebodu. 15  E rile Faro a bona gore ba golotswe, a thatafatsa pelo ya gagwe+ mme a gana go ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile. 16  Jaanong Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Raya Arone o re, ‘Otlolola thobane ya gago o iteye lorole lwa lefatshe, mme lo tla fetoga mentsana mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.’” 17  Ba ne ba dira jalo. Arone o ne a tsholetsa seatla sa gagwe a tshwere thobane ya gagwe mme a itaya lorole lwa lefatshe, mme mentsana ya tla mo bathong le mo diphologolong. Lorole lotlhe lwa lefatshe lo ne lwa fetoga mentsana mo nageng yotlhe ya Egepeto.+ 18  Baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba leka go dira se se tshwanang ba dirisa bokgoni jwa bone jwa sephiri gore go nne le mentsana,+ mme ba ne ba se ka ba kgona. Mentsana eno e ne ya tla mo bathong le mo diphologolong. 19  Ka jalo, baperesiti ba ba dirang maselamose ba ne ba raya Faro ba re: “Ke monwana wa Modimo!”+ Le fa go ntse jalo, pelo ya ga Faro e ne ya tswelela e thatafetse mme a se ka a ba reetsa, fela jaaka Jehofa a ne a buile. 20  Foo Jehofa o ne a raya Moshe a re: “O tsoge phakela thata mme o ye go kopana le Faro. O tla bo a ya kwa nokeng! Mme o mo reye o re, ‘Jehofa o buile jaana: “Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba ye go ntirela. 21  Mme fa o sa lese batho ba me ba tsamaya, ke tla romela diboba* mo go wena, mo batlhankeng ba gago, mo bathong ba gago le mo matlong a lona; mme matlo a Egepeto a tla tlala diboba e bile di tla tlala mo lefatsheng le ba* leng mo go lone. 22  Mo letsatsing leo, ruri ke tla tlhaola naga ya Goshene e batho ba me ba nnang mo go yone. Ga go kitla go nna le diboba mo go yone+ mme o tla itse ka seno gore nna, Jehofa, ke mo lefatsheng leno.+ 23  Mme ruri ke tla dira gore go nne le pharologanyo fa gare ga batho ba me le batho ba gago. Sesupo seno se tla direga kamoso.”’” 24  Jehofa o ne a dira jalo, mme ditlhopha tse dikgolo tsa diboba di ne tsa simolola go tlhasela mo ntlong ya ga Faro le mo matlong a batlhanka ba gagwe le mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.+ Lefatshe le ne la senngwa ke diboba.+ 25  La bofelo Faro a bitsa Moshe le Arone mme a ba raya a re: “Tsamayang, lo ye go ntshetsa Modimo wa lona setlhabelo mo lefatsheng leno.” 26  Mme Moshe o ne a mo raya a re: “Ga go a siama go dira jalo ka gonne se re tla se ntshetsang Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo e tla nna selo se se makgapha mo Baegepetong.+ Fa re ka dira setlhabelo se se makgapha fa pele ga Baegepeto, a ga ba kitla ba re kgobotletsa ka maje? 27  Re tla tsaya loeto lwa malatsi a le mararo re ya kwa nageng mme re tla ntshetsa Jehofa, Modimo wa rona setlhabelo koo, fela jaaka a re laetse.”+ 28  Jaanong Faro o ne a re: “Ke tla lo lesa lo tsamaya gore lo ye go ntshetsa Jehofa, Modimo wa lona setlhabelo kwa nageng. Mme lo se ka lwa tsamaela kgakala thata. Lo nthapelele.”+ 29  Foo Moshe a re: “Jaanong ke a tsamaya mme ke tla rapela Jehofa, mme kamoso diboba di tla tlosiwa mo go Faro, mo batlhankeng ba gagwe le mo bathong ba gagwe. Mme gone, a Faro a tlogele go re tsietsa* ka go gana go lesa batho ba ya go ntshetsa Jehofa setlhabelo.”+ 30  Go tswa foo, Moshe o ne a tswa mo go Faro mme a rapela Jehofa.+ 31  Ka jalo, Jehofa o ne a dira jaaka Moshe a mo kopile mme diboba tsa tlosiwa mo go Faro, mo batlhankeng ba gagwe le mo bathong ba gagwe. Go ne ga se ka ga sala seboba sepe. 32  Le fa go ntse jalo, Faro o ne a thatafatsa pelo ya gagwe gape mme a se ka a lesa batho gore ba tsamaye.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo diobeneng.”
Mofuta wa ntsi e e lomang.
Go tewa Baegepeto.
Kgotsa “go tshameka ka rona.”