Esekiele 10:1-22

  • Molelo o tsewa fa gare ga maotwana (1-8)

  • Ditšheruba le maotwana di a tlhalosiwa (9-17)

  • Kgalalelo ya Modimo e tswa mo tempeleng (18-22)

10  Fa ke ntse ke lebile, ke ne ka bona sengwe se se tshwanang le leje la safire se tlhagelela kwa godimo ga loapi lo lo neng lo le mo godimo ga ditlhogo tsa ditšheruba, mme se ne se tshwana le setulo sa bogosi.+  Go tswa foo, Modimo o ne a raya monna yo o neng a apere letsela le le boleta a re:+ “Tsena fa gare ga maotwana,+ ka fa tlase ga ditšheruba, mme o tlatse diatla tsa gago tsoopedi ka magala a a tukang+ go tswa fa gare ga ditšheruba o bo o a gasa mo motseng.”+ Ka jalo, o ne a tsena ke ntse ke lebile.  Ditšheruba di ne di eme ka fa mojeng wa ntlo fa monna yoo a ne a tsena, mme leru le ne la tlala mo lolwapeng lo lo kwa teng.  Mme kgalalelo ya ga Jehofa+ e ne ya tloga mo ditšherubeng e bo e ya kwa kgorong ya tempele, mme ka iketlo ntlo e ne ya tlala leru,+ e bile lolwapa lo ne lwa tlala phatsimo ya kgalalelo ya ga Jehofa.  Mme modumo wa diphuka tsa ditšheruba o ne o kgona go utlwala kwa lolwapeng lo lo kwa ntle, o utlwala jaaka modumo wa fa Modimo Mothatayotlhe a bua.+  Go tswa foo, Modimo o ne a laela monna yo o apereng letsela le le boleta a re: “Tsaya molelo fa gare ga maotwana, fa gare ga ditšheruba,” mme o ne a tsena a bo a ema fa thoko ga leotwana.  Foo nngwe ya ditšheruba tseo e ne ya otlololela seatla sa yone ntlheng ya molelo o o neng o le fa gare ga ditšheruba.+ E ne ya tabola molelo e bo e o tsenya mo diatleng tsa monna yo o apereng letsela le le boleta,+ yo jaanong a neng a o tsaya a bo a tswa.  Ditšheruba di ne di na le sengwe se se neng se lebega jaaka diatla tsa motho ka fa tlase ga diphuka tsa tsone.+  Fa ke ntse ke lebile, ke ne ka bona maotwana a le manê fa thoko ga ditšheruba, leotwana le le lengwe le le fa thoko ga tšheruba nngwe le nngwe, mme maotwana ao a ne a tsabakela jaaka leje la kerusolete.+ 10  Otlhe a le manê a ne a tshwana, tsela e a neng a lebega ka yone e ne e ntse jaaka e kete leotwana le mo teng ga leotwana le lengwe. 11  Fa maotwana ao a ne a tsamaya, a ne a kgona go ya kwa matlhakoreng otlhe a manê a sa fapoge, ka gonne a ne a ya kwa lefelong le tlhogo e neng e lebile kwa go lone a sa fapoge. 12  Mebele yotlhe ya ditšheruba, mekwatla, diatla le diphuka tsa tsone e ne e tletse matlho gotlhe fela. Tsotlhe ka bonê di ne di na le maotwana fa thoko ga tsone a le one a neng a tletse matlho gotlhe fela.+ 13  Ke ne ka utlwa lentswe le tlhaeletsa maotwana le re, “Maotwana, a re yeng koo!” 14  Nngwe le nngwe* e ne e na le difatlhego di le nnê. Sefatlhego sa ntlha e ne e le sefatlhego sa tšheruba, sefatlhego sa bobedi e le sefatlhego sa motho, sa boraro e le sefatlhego sa tau, mme sa bonê e le sefatlhego sa ntsu.+ 15  Ditšheruba tseno di ne di tle di tsholetsege, e ne e le tsone ditshedi* tse ke neng ke di bone kwa nokeng ya Kebare,+ 16  mme fa ditšheruba tseo di ne di tsamaya, maotwana a ne a tsamaya fa thoko ga tsone; mme fa ditšheruba di ne di tsholetsa diphuka tsa tsone gore di tlhatloge di tswe fa fatshe, maotwana a ne a sa fapoge e bile a sa tloge fa thoko ga tsone.+ 17  Fa di ne di ema, a ne a ema; mme fa di ne di tsholetsega, a ne a tsholetsega le tsone, ka gonne moya o o neng o le mo ditsheding* tseo o ne o le mo maotwaneng. 18  Go tswa foo, kgalalelo ya ga Jehofa+ e ne ya tloga mo godimo ga kgoro ya tempele e bo e ya go nna mo godimo ga ditšheruba.+ 19  Jaanong ditšheruba di ne tsa tsholetsa diphuka tsa tsone mme tsa tlhatloga tsa tswa fa fatshe ke ntse ke lebile. Maotwana le one a ne a le fa thoko ga tsone fa di ne di tsholetsega. Di ne tsa ema kwa kgorong e e kwa botlhaba ya ntlo ya ga Jehofa, mme kgalalelo ya Modimo wa Iseraele e ne e le mo godimo ga tsone.+ 20  Tseno e ne e le ditshedi* tse ke neng ke di bone ka fa tlase ga setulo sa bogosi sa Modimo wa Iseraele kwa nokeng ya Kebare,+ ka jalo ke ne ka lemoga gore e ne e le ditšheruba. 21  Tsotlhe ka bonê di ne di na le difatlhego di le nnê, diphuka di le nnê, le sengwe se se neng se lebega jaaka diatla tsa motho ka fa tlase ga diphuka tsa tsone.+ 22  Mme difatlhego tsa tsone di ne di tshwana le difatlhego tse ke neng ke di bone fa nokeng ya Kebare.+ Di ne di tsamaya di tlhamaletse.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa tšheruba nngwe le nngwe.
Seheb., “e ne e le setshedi.”
Seheb., “moya wa setshedi.”
Seheb., “Seno ke setshedi.”