Esekiele 15:1-8

  • Jerusalema ke setlhare sa morara se se se nang mosola (1-8)

15  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Morwa motho, logong lwa setlhare sa morara* lo farologana jang le logong lwa setlhare sepe se sengwe kgotsa kala ya ditlhare tsa sekgwa?  A kota ya sone e ka dirisiwa go dira tiro nngwe? Kgotsa a batho ba ka dira sepekere sa logong ka yone gore ba pege dilwana mo go sone?  Lo tsenngwa mo molelong gore lo tuke, mme molelo o laila dintlha tsa lone ka bobedi o bo o babola karolo ya lone e e mo gare. A jaanong lo ka dirisiwa mo tirong nngwe?  Tota le fa lo feletse, ga lo ka ke lwa dirisediwa sepe. Ruri ga lo kitla lo nna le mosola wa sepe fa molelo o lo laitse e bile lo babogile!”  “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Fela jaaka logong lwa setlhare sa morara se se mo gare ga ditlhare tsa sekgwa, lo ke dirileng gore e nne sengwe se se tukisang molelo, ke tla dira fela jalo ka banni ba Jerusalema.+  Ke tla ba tlhasela. Ba dule mo molelong, le fa go ntse jalo molelo o mongwe o tla ba laila. Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, fa ke ba tlhasela.’”+  “‘Mme ke tla dira gore lefatshe la bone le kgakgabale+ ka gonne ba dirile dilo ka go sa ikanyege,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”