Esekiele 19:1-14

  • Pina ya khutsafalo ya dikgosana tsa Iseraele (1-14)

19  “O tshwanetse go opela pina ya khutsafalo e e ka ga dikgosana tsa Iseraele  o re,‘Mmago e ne e le eng? E ne e le tau e namagadi mo gare ga ditau. O ne a botha le ditawana tse di nonofileng* e bile a godisa ditawana tsa gagwe.   O ne a godisa nngwe ya ditawana tsa gagwe, mme e ne ya nna tawana e e nonofileng.+ E ne ya ithuta go garolaka se e se tsomileng,E bile e ne e bolaya le batho.   Ditšhaba di ne tsa utlwela ka yone mme di ne tsa e epela khuti di bo di e tshwara,Mme di ne tsa e isa kwa lefatsheng la Egepeto ka dihuku.+   Mmaayone o ne a leta mme la bofelo a lemoga gore ga go na tsholofelo ya gore e tla boa. Ka jalo, o ne a tsaya tawana e nngwe gape a bo a e dira tawana e e nonofileng.   Gape e ne ya tsamayatsamaya mo gare ga ditau mme ya nna tawana e e nonofileng. E ne ya ithuta go garolaka se e se tsomileng, e bile e ne e bolaya le batho.+   E ne ya tsamayatsamaya mo gare ga ditora tsa bone tse di sireletsegileng e bo e senya metse ya bone,Mo e leng gore modumo wa go kurutla ga yone o ne wa utlwala mo lefatsheng le le kgakgabetseng.+   Ditšhaba tse di tswang kwa dikgaolong tse di e dikologileng di ne tsa tla go e tlhasela di bo di tsharololela letlowa la tsone mo godimo ga yone,Mme e ne ya tshwarwa mo khuting ya tsone.   Ba ne ba e tsenya mo hokong ka dihuku ba bo ba e isa kwa kgosing ya Babelona. Fa ba fitlha koo ba ne ba e tswalela, gore modumo wa yone o se ka wa tlhola o utlwiwa mo dithabeng tsa Iseraele. 10  Mmago o ne a tshwana le morara,*+ o o jadilweng fa metsing. O ne o ungwa maungo e bile o na le dikala tse dintsi ka ntlha ya metsi a mantsi. 11  O ne wa nna le dikala* tse di nonofileng, tse di neng di ka kgona go nna dithobane* tsa segosi tsa babusi. O ne wa gola mme wa nna moleele go feta ditlhare tse dingwe,Mme o ne o bonala sentle ka ntlha ya boleele jwa one le ka ntlha ya go bo dikala tsa one di na le matlhare a mantsi. 12  Le fa go ntse jalo, o ne wa kumolwa ka bogale+ o bo o latlhelwa mo lefatsheng,Mme phefo ya botlhaba e ne ya omeletsa maungo a one. Dikala tsa one tse di nonofileng di ne tsa kgaolwa di bo di omelela,+ mme di ne tsa lailwa ke molelo.+ 13  Jaanong o jadilwe kwa nageng,Mo lefatsheng le le se nang metsi, le le nyorilweng.+ 14  Molelo o ne wa tswa mo dikaleng* tsa one o bo o laila matlhogela a one le maungo a one,Mme ga go a ka ga sala kala epe e e nonofileng, le fa e le lore lwa go busa.+ “‘Eo ke pina ya khutsafalo, mme e tla nna pina ya khutsafalo.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “le ditawana tse di seriri.”
Seheb., “morara mo mading a gago.” Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “dithobane.”
Kgotsa “dinthe.”
Kgotsa “dithobaneng.”