Esekiele 2:1-10

  • Esekiele o romiwa gore a ye go porofeta (1-10)

    • “Le fa ba ka reetsa kgotsa ba gana go reetsa” (5)

    • O bontshiwa memeno ya dipina tsa khutsafalo (9, 10)

2  Go tswa foo, o ne a nthaya a re: “Morwa motho,* ema ka dinao gore ke tle ke bue le wena.”+  E rile a bua le nna, moya o ne wa tla mo go nna mme wa dira gore ke eme ka dinao+ gore ke kgone go utlwa Ene yo o buang le nna.  O ne a tswelela a nthaya a re: “Morwa motho, ke go roma kwa bathong ba Iseraele,+ kwa ditšhabeng tsa batlhanogi ba ba ntlhanogetseng.+ Bone le borraabonemogolo ba tlodile melao ya me go tla go fitlha mo letsatsing leno.+  Ke go roma kwa bathong bano ba ba tlhogoethata* le ba ba peloethata,+ mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang.’  Mme bone, le fa ba ka reetsa kgotsa ba gana go reetsa, ka gonne ke batlhanogi,+ ba tla itse gore ruri moporofeti o ne a le teng mo go bone.+  “Le fa go ntse jalo, wena morwa motho, o se ka wa ba boifa,+ e bile o se ka wa boifa mafoko a bone le fa gone o dikologilwe ke mengana le mmitlwa*+ e bile o nna mo gare ga diphepheng. O se ka wa boifa mafoko a bone,+ e bile o se ka wa tshosiwa ke difatlhego tsa bone,+ ka gonne ke batlhanogi.  O tshwanetse go ba bolelela mafoko a me, le fa ba ka tswa ba reetsa kgotsa ba sa reetse, ka gonne ke batlhanogi.+  “Mme wena morwa motho, reetsa se ke se go bolelelang. O se ka wa ntlhanogela jaaka batlhanogi bano. Bula molomo mme o je se ke se go nayang.”+  E rile ke leba, ka bona seatla se otlololetswe kwa go nna,+ mme mo go sone ke ne ka bona momeno o o kwadilweng.*+ 10  Fa a ne a o phutholola fa pele ga me, o ne o kwadilwe ka fa pele le ka fa morago.+ Mo go one go ne go kwadilwe dipina tsa khutsafalo le dilo tse di dirang gore batho ba hutsafale ba bo ba bokolele.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

“Morwa motho”; polelwana eno e tlhaga makgetlo a le 93 mo go Esekiele, mme leno ke lekgetlo la ntlha e tlhaga.
Kgotsa “sefatlhego se thata.”
Kgotsa gongwe “le fa gone batho bano ba le tlhogoethata e bile ba tshwana le dilo tse di go tlhabang.”
Seheb., “momeno wa buka.”