Esekiele 20:1-49

  • Kafa Iseraele e neng ya leofa ka gone (1-32)

  • Iseraele e solofediwa go boela kwa lefatsheng la yone (33-44)

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang naga ya borwa (45-49)

20  Jaanong mo ngwageng wa bosupa, mo kgweding ya botlhano, mo letsatsing la bolesome la kgwedi, bagolwane bangwe ba Iseraele ba ne ba tla ba bo ba nna fa fatshe fa pele ga me ba tla go botsa Jehofa.  Go tswa foo, Jehofa o ne a nthaya a re:  “Morwa motho, bua le bagolwane ba Iseraele, mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “A lo tlile go mpotsa? ‘Ke ikana ka nna, ga nkitla ke lo araba,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”’  “A o ipaakanyeditse go ba atlhola?* Morwa motho, a o ipaakanyeditse go ba atlhola? Ba bolelele dilo tse di makgapha tse borraabonemogolo ba di dirileng.+  Ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Mo letsatsing le ke neng ka tlhopha Iseraele ka lone,+ gape ke ne ka ikanela* bana ba ga Jakobe, e bile ke ne ka dira gore ba nkitse ba le kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ruri ke ne ka ba ikanela, mme ka re, ‘Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.’  Mo letsatsing leo ke ne ka ikana gore ke tla ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto ke bo ke ba isa kwa lefatsheng le ke neng ke le ba tlhophetse,* le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.+ E ne e le lefatshe le lentle thata go gaisa* mafatshe a mangwe otlhe.  Foo ke ne ka ba raya ka re, ‘Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go latlha dilo tse di makgapha tse di fa pele ga lona; lo se ka lwa iteswafatsa ka medingwana e e ferosang sebete* ya Egepeto.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.’+  “‘“Le fa go ntse jalo, ba ne ba ntlhanogela, e bile ba ne ba sa batle go ntheetsa. Ga ba a ka ba latlha dilo tse di makgapha tse di neng di le fa pele ga bone, e bile ga ba a ka ba tlogela medingwana e e ferosang sebete ya Egepeto.+ Ka jalo, ke ne ka solofetsa go tshololela tšhakgalo ya me mo go bone le go goromeletsa bogale jwa me jotlhe mo go bone kwa lefatsheng la Egepeto.  Se ke neng ka se dira, ke ne ke se dira ka ntlha ya leina la me gore le se ka la tlhapadiwa fa pele ga ditšhaba tse ba neng ba nna mo gare ga tsone,+ ka gonne ke ne ke dirile gore ba* nkitse fa pele ga ditšhaba tseno fa ke ne ke ba* ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.+ 10  Ka jalo, ke ne ka ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto mme ka ba tlisa mo nageng.+ 11  “‘“Go tswa foo, ke ne ka ba naya melao ya me ka bo ka dira gore ba itse ditshwetso tsa me tsa boatlhodi,+ gore motho yo o di ikobelang a tle a bone botshelo ka ntlha ya tsone.+ 12  Gape ke ne ka ba naya bosabata+ ba me e le sesupo fa gare ga me le bone,+ gore ba tle ba itse gore nna Jehofa, ke nna yo ke dirang gore ba nne boitshepo. 13  “‘“Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba ntlhanogela kwa nageng.+ Ga ba a ka ba tsamaya mo melaong ya me, e bile ba ne ba gana ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, tse fa motho a ka di ikobela, a tla bonang botshelo ka ntlha ya tsone. Ba ne ba dira gore bosabata ba me ba se ka ba tlhola ba nna boitshepo. Ka jalo, ke ne ka solofetsa go tshololela tšhakgalo ya me mo go bone kwa nageng gore ke ba fedise.+ 14  Se ke neng ka se dira, ke ne ke se dira ka ntlha ya leina la me gore le se ka la tlhapadiwa fa pele ga ditšhaba tse ke neng ka ba* ntsha kwa Egepeto di ntse di lebile.+ 15  Gape ke ne ka ba ikanela kwa nageng gore ga nkitla ke ba tlisa mo lefatsheng le ke neng ke le ba neile,+ lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe,+ lefatshe le lentle thata go gaisa* mafatshe a mangwe otlhe, 16  ka gonne ba ne ba gana ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, ba se ka ba tsamaya mo melaong ya me, e bile ba ne ba dira gore bosabata ba me ba se ka ba tlhola ba nna boitshepo, ka gonne ba ne ba batla go obamela medingwana ya bone e e ferosang sebete.+ 17  “‘“Le fa go ntse jalo, ke ne ka* ba utlwela botlhoko, mme ga ke a ka ka ba senya; ga ke a ka ka ba fedisa kwa nageng. 18  Ke ne ka raya bomorwaabone kwa nageng ka re,+ ‘Lo se ka lwa tsamaya mo melaong ya borraalonamogolo+ kgotsa lwa boloka ditshwetso tsa bone tsa boatlhodi kgotsa lwa iteswafatsa ka medingwana ya bone e e ferosang sebete. 19  Ke nna Jehofa, Modimo wa lona. Tsamayang mo melaong ya me, mme lo boloke ditshwetso tsa me tsa boatlhodi lo bo lo di diragatse.+ 20  Lo boloke bosabata ba me ba le boitshepo,+ mme ba tla nna sesupo fa gare ga me le lona gore lo itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona.’+ 21  “‘“Le fa go ntse jalo, barwa bao ba ne ba simolola go ntlhanogela.+ Ga ba a ka ba tsamaya mo melaong ya me, ga ba a ka ba boloka ditshwetso tsa me tsa boatlhodi e bile ga ba a ka ba di diragatsa, tse fa motho a ka di ikobela, a tla bonang botshelo ka ntlha ya tsone. Ba ne ba dira gore bosabata ba me ba se ka ba tlhola ba nna boitshepo. Ka jalo, ke ne ka solofetsa go tshololela tšhakgalo ya me mo go bone le go goromeletsa bogale jwa me jotlhe mo go bone kwa nageng.+ 22  Le fa go ntse jalo, ke ne ka ithiba+ mme se ke neng ka se dira, ke ne ke se dira+ gore leina la me le se ka la tlhapadiwa fa pele ga ditšhaba tse di neng di lebile fa ke ne ke ba* ntsha kwa Egepeto. 23  Gape, ke ne ka ba ikanela kwa nageng gore ke tla ba gasamisetsa kwa ditšhabeng tse dingwe ke bo ke ba phatlalaletsa kwa dinageng tse dingwe,+ 24  ka gonne ga ba a ka ba diragatsa ditshwetso tsa me tsa boatlhodi e bile ba ne ba gana melao ya me,+ ba dira gore bosabata ba me ba se ka ba tlhola ba nna boitshepo, ba bo ba latela* medingwana ya borraabonemogolo e e ferosang sebete.+ 25  Gape ke ne ka ba letla gore ba latele melao e e neng e sa siama le ditshwetso tsa boatlhodi tse ba neng ba ka se ka ba bona botshelo ka ntlha ya tsone.+ 26  Ke ne ka ba letla gore ba leswafadiwe ke ditlhabelo tsa bone tsa fa ba ne ba fisa leitibolo lengwe le lengwe mo molelong,+ gore ke ba nyeletse mme ba tle ba itse gore ke nna Jehofa.”’ 27  “Ka jalo, bua le batho ba Iseraele, wena morwa motho, mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Borraalonamogolo ba ne ba ntlhapatsa ka tsela eno ka go dira dilo ka go sa ikanyege. 28  Ke ne ka ba tlisa mo lefatsheng le ke neng ka ikana gore ke tla le ba naya.+ Fa ba bona dithota tsotlhe tse di kwa godimo le ditlhare tse di nang le matlhare a mantsi,+ ba ne ba simolola go ntsha ditlhabelo tsa bone le dimpho tsa bone tse di nkgopisang teng foo. Ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa bone tsa lonko lo lo itumedisang* ba bo ba tshololela ditlhabelo tsa bone tsa senô teng foo. 29  Ka jalo, ke ne ka ba botsa ka re, ‘Lefelo leno le le kwa godimo le lo yang kwa go lone le kaya eng? (Le sa ntse le bidiwa Lefelo le le Kwa Godimo go tla go fitlha mo letsatsing leno.)’”’+ 30  “Jaanong raya batho ba Iseraele o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “A lo iteswafatsa ka tsela e e tshwanang le ya borraalonamogolo ka go sala medingwana ya bone e e ferosang sebete morago gore lo se ka lwa ikanyega mo go nna?*+ 31  E bile a lo sa ntse lo iteswafatsa ka go ntshetsa medingwana yotlhe ya lona e e ferosang sebete ditlhabelo, lo fisa bomorwaalona mo molelong go tla go fitlha mo letsatsing leno?+ A jaanong ke tshwanetse go lo araba fa lo mpotsa, lona batho ba Iseraele?”’+ “‘Ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘Ga nkitla ke araba fa lo mpotsa.+ 32  Mme se se mo mogopolong* wa lona ga se kitla se direga, se lo se buang fa lo re, “A re obameleng* logong le leje jaaka batho ba ditšhaba tse dingwe.”’”+ 33  “‘Ke ikana ka nna,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa, ‘ke tla lo busa ke le kgosi ka seatla se se maatla, ka lebogo le le otlologileng le ka tšhakgalo e kgolo.+ 34  Ke tla lo ntsha kwa ditšhabeng tse dingwe ke bo ke lo phutha mmogo ke lo ntsha kwa dinageng tse ke neng ke lo gasamiseditse kwa go tsone ka seatla se se maatla, ka lebogo le le otlologileng le ka tšhakgalo e kgolo.+ 35  Ke tla lo isa kwa nageng ya ditšhaba ke bo ke lo sekisa gone koo re lebane difatlhego.+ 36  “‘Fela jaaka ke ne ka sekisa borraalonamogolo kwa nageng e e mo lefatsheng la Egepeto, ka tsela e e tshwanang le lona ke tla lo sekisa,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 37  ‘Ke tla lo fetisa ka fa tlase ga thobane ya modisa+ ke bo ke dira gore lo boloke* kgolagano. 38  Le fa go ntse jalo, ke tla tlosa ba ba ntlhanogelang le ba ba nteofelang mo go lona.+ Gonne ke tla ba ntsha kwa lefatsheng le ba leng batswakwa kwa go lone, mme gone ga ba kitla ba tsena mo lefatsheng la Iseraele;+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’ 39  “Mme lona batho ba Iseraele, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Mongwe le mongwe wa lona a a tsamaye mme a ye go direla medingwana ya gagwe e e ferosang sebete.+ Morago ga moo fa lo sa ntheetse, lo tla lebana le ditlamorago tsa teng. Ga lo kitla lo tlhola lo dira gore leina la me le le boitshepo le se ka la tlhola le nna boitshepo ka ditlhabelo tsa lona le ka medingwana ya lona e e ferosang sebete.’+ 40  “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Gonne mo thabeng ya me e e boitshepo, mo thabeng e e kwa godimo ya Iseraele,+ ke gone kwa batho botlhe ba Iseraele, botlhe fela, ba tla ntirelang gone mo lefatsheng.+ Ke tla ba itumelela gone koo, mme ke tla batla meneelo ya lona le mabutswapele a ditlhabelo tsa lona, dilo tsotlhe tsa lona tse di boitshepo.+ 41  Ke tla lo itumelela ka ntlha ya lonko lo lo itumedisang,* fa ke lo ntsha kwa ditšhabeng ke bo ke lo phutha mmogo go tswa kwa dinageng tse lo gasamiseditsweng kwa go tsone;+ mme ke tla lo bontsha gore ke boitshepo e bile ditšhaba di tla bona seo.’+ 42  “‘Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa+ fa ke lo tlisa mo lefatsheng la Iseraele,+ mo lefatsheng le ke neng ka ikana gore ke tla le naya borraalonamogolo. 43  Fa lo le koo lo tla gakologelwa boitshwaro jwa lona le ditiro tsotlhe tsa lona tse lo neng lwa iteswafatsa ka tsone,+ mme lo tla itlhoa* ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di bosula tse lo di dirileng.+ 44  Foo lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke dirisana le lona ka ntlha ya leina la me,+ e seng go ya ka fa boitshwarong jwa lona jo bo sa siamang kgotsa ka fa ditirong tsa lona tse di bosula, lona batho ba Iseraele,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” 45  Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 46  “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa karolong e e kwa borwa mme o bolelele borwa o bo o porofetele sekgwa sa naga ya borwa. 47  Raya sekgwa sa borwa o re, ‘Utlwa lefoko la ga Jehofa. Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke go fisa ka molelo,+ mme o tla laila setlhare sengwe le sengwe se setala le setlhare sengwe le sengwe se se omileng mo go wena. Molelo oo o o tukang ga o kitla o tingwa,+ mme o tla babola sefatlhego sengwe le sengwe, go simologa kwa borwa go ya kwa bokone. 48  Mme batho* botlhe ba tla bona gore o tshubilwe ke nna, Jehofa, mo e leng gore ga o kitla o tingwa.”’”+ 49  Mme ke ne ka re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Ba bua ka nna ba re, ‘A ga a bue ditlhamane* fela?’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go ba bolelela katlholo?”
Seheb., “ke ne ka tsholeletsa seatla sa me.”
Kgotsa “ke le ba tlholetse.”
Kgotsa “E ne e le mokgabisa wa.”
Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Go tewa Baiseraele.
Go tewa Baiseraele.
Go tewa Baiseraele.
Kgotsa “mokgabisa wa.”
Seheb., “leitlho la me le ne la.”
Go tewa Baiseraele.
Seheb., “matlho a bone a ne a latela.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “gore lo gwebe ka mmele ka tsela ya tshwantshetso?”
Seheb., “mo moyeng.”
Kgotsa “direleng; ikobeleng.”
Seheb., “ke bo ke lo bofa ka.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “tlhoa difatlhego tsa lona.”
Seheb., “nama.”
Kgotsa “diane.”