Esekiele 22:1-31

  • Jerusalema, motse o o nang le molato wa madi (1-16)

  • Iseraele ga e na mosola jaaka leswe la selefera (17-22)

  • Baeteledipele le batho ba Iseraele ba a kgalwa (23-31)

22  Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Wena morwa motho, a o ipaakanyeditse go bolela katlholo ya* motse o o nang le molato wa madi+ le go o itsise dilo tsa one tsotlhe tse di makgapha?+  O o reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Wena motse o o bolayang batho,+ o nako ya one ya katlholo e tlang,+ o o dirang medingwana e e ferosang sebete* gore o iteswafatse,+  o na le molato wa batho ba o ba bolaileng,+ e bile medingwana ya gago e e ferosang sebete e dirile gore o itshekologe.+ O dirile gore bokhutlo jwa malatsi a gago bo tle ka bonako, mme bokhutlo jwa dingwaga tsa gago bo gorogile. Ke gone ka moo ke tla dirang gore o nne selo se se tla kgobiwang ke ditšhaba le sengwe se se tla jewang ditshego mo dinageng tsotlhe.+  Dinaga tse di gaufi le tse di kgakala le wena di tla go sotla,+ wena yo leina la gago le seng phepa le yo o tletseng tlhakatlhakano.  Kgosana nngwe le nngwe ya Iseraele e e mo go wena e dirisa taolo ya yone gore e bolaye batho.+  Ba nyatsa rraabone le mmaabone.+ Ba tsietsa motswakwa, e bile ba tshwara khutsana* le motlholagadi makgwakgwa.”’”+  “‘O nyatsa mafelo a me a a boitshepo, e bile o dira gore bosabata ba me ba se ka ba tlhola ba nna boitshepo.+  Mo go wena, go na le ba ba senyang batho leina e bile ba batla go bolaya batho.+ Ba jela ditlhabelo mo dithabeng tsa gago e bile ba dira boitshwaro jo bo maswe thata.+ 10  Ba robala le mosadi wa ga rraabone*+ e bile ba tlhakanela dikobo le mosadi yo o itshekologileng ka gonne a le mo kgweding.+ 11  Monna o dira dilo tse di makgapha le mosadi wa moagelani wa gagwe,+ monna yo mongwe o leswafatsa ngwetsi ya gagwe ka boitshwaro jo bo maswe thata,+ mme yo mongwe o tlhakanela dikobo le kgaitsadie, e leng morwadia rraagwe.+ 12  Ba tsaya pipamolomo ka boikaelelo jwa go bolaya batho.+ Ba adima ba bangwe madi ba batla morokotso kgotsa poelo,*+ e bile ba tseela baagelani ba bone madi ka dikgoka.+ Eleruri ba ntebetse,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. 13  “‘Ke ferogile sebete ka ntlha ya gore o dirile lotseno ka tsela e e sa siamang le ka ntlha ya batho ba ba bolailweng ba ba mo go wena. 14  A o tla tswelela o le pelokgale* e bile a diatla tsa gago di tla nna di nonofile mo letsatsing la fa ke go otlhaya?+ Nna Jehofa, ke buile, mme ke tla go otlhaya. 15  Ke tla go gasamisetsa kwa ditšhabeng ke bo ke go phatlalaletsa kwa dinageng tse dingwe,+ e bile ke tla fedisa boitshwaro jwa gago jo bo seng phepa.+ 16  O tla tlontlololwa ditšhaba di go lebile, mme o tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’”+ 17  Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 18  “Morwa motho, batho ba Iseraele ga ba mosola mo go nna fela jaaka leswe la selefera. Botlhe fela ba tshwana le leswe le le tswang fa go gakolosiwa kopore le thini le tshipi le lloto.+ 19  “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka lotlhe lo fetogile leswe le le se nang mosola,+ ke lo phuthela mmogo mo teng ga Jerusalema. 20  Fela jaaka fa selefera le kopore le tshipi le lloto le thini di tsenngwa mo di nyerolosiwang teng go bo go butswelwa molelo, ka tsela e e tshwanang ke tla lo phutha mmogo ke galefile e bile ke shakgetse, mme ke tla butswela molelo mo go lona ke bo ke lo nyerolosa.+ 21  Ke tla lo phutha mmogo ke bo ke butswela molelo wa tšhakgalo ya me mo go lona,+ mme lo tla nyerologa mo teng ga gagwe.+ 22  Fela jaaka fa selefera e nyerolosiwa mo molelong o mogolo, ka tsela e e tshwanang lo tla nyerolosiwa mo teng ga gagwe; mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke tshololetse tšhakgalo ya me mo go lona.’” 23  Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 24  “Morwa motho, mo reye o re, ‘O lefatshe le le se kitlang le phepafadiwa kgotsa le nelwa ke pula mo letsatsing la bogale jwa me. 25  Baporofeti ba gagwe ba logile leano la boferefere mo go ene+ jaaka tau e e kurutlang e garolaka se e se tsomileng.+ Ba bolaya batho. Ba tsaya letlotlo le dilo tse di tlhwatlhwakgolo ka dikgoka. Ba dirile gore batlholagadi ba nne bantsi mo go ene. 26  Baperesiti ba gagwe ba tlodile molao wa me,+ e bile ba tswelela ba dira gore mafelo a me a a boitshepo a se ka a tlhola a nna boitshepo.+ Ga ba dire pharologanyo fa gare ga selo se se boitshepo le se se seng boitshepo,+ ga ba itsise batho se se seng phepa le se se phepa,+ ba gana go boloka bosabata ba me, e bile ba nnyaditse. 27  Dikgosana tsa gagwe di tshwana le diphiri tse di garolakang se di se tsomileng; di tlhasela batho e bile di a ba bolaya gore di hume ka boferefere.+ 28  Le fa go ntse jalo, baporofeti ba gagwe ba fitlhile ditiro tsa bone tse di bosula jaaka fa lobota lo tshasiwa kalaka. Ba bona diponatshegelo tse di seng boammaaruri e bile ba bua boitseanape jwa maaka,+ mme ba re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana,” mme gone Jehofa a sa bua jalo. 29  Batho ba lefatshe leno ba tsieditse e bile ba dirile bonokwane,+ ba tshwere batlhoki le bahumanegi makgwakgwa, ba tsieditse motswakwa e bile ga ba a mo direla tshiamiso.’ 30  “‘Ke ne ka batla motho mo go bone yo o neng a ka baakanya lobota lwa maje kgotsa yo o neng a ka ema fa pele ga me mo phatlheng e e mo loboteng gore a sireletse lefatshe leno, gore le se ka la senngwa,+ le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka bona ope. 31  Ka jalo, ke tla tshololela bogale jwa me mo go bone ke bo ke ba fedisa ka molelo wa tšhakgalo ya me. Ke tla ba tlisetsa ditlamorago tsa tsela ya bone,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “a o tla atlhola, a o tla atlhola.”
Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Seheb., “Ba bipolola bosaikategang jwa ga rraabone.”
Kgotsa “kgotsa ba tsadisa madi.”
Seheb., “pelo ya gago e tla itshoka.”