Esekiele 25:1-17

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Amone (1-7)

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Moabe (8-11)

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Edoma (12-14)

  • Boporofeti ka se se tla diragalelang Filisitia (15-17)

25  Jehofa o ne a bua le nna gape a re:  “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago ntlheng ya Baamone,+ mme o ba bolelele molaetsa wa katlholo.+  O ba reye o re, ‘Utlwang lefoko la ga Morena Molaodimogolo Jehofa. Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “E re ka lo ile lwa re ‘Lo laegile!’ fa lefelo la me le le boitshepo le ne le dirwa gore le se ka la nna boitshepo, le fa lefatshe la Iseraele le ne le senngwa, le fa batho ba Juda ba ne ba isiwa botshwarwa,  ka jalo ke tla lo tsenya mo seatleng sa batho ba Botlhaba. Ba tla dira dikampa* tsa bone mo go lona e bile ba tla tlhoma ditente tsa bone mo gare ga lona. Ba tla ja maungo a lona, e bile ba tla nwa mashi a lona.  Ke tla dira gore Raba+ a nne mafulo a dikamela, e bile ke tla dira gore naga ya Baamone e nne lefelo le letsomane le ikhutsang mo go lone; mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”’”  “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka o ne wa opa diatla,+ wa tiba ka dinao wa bo wa itumela ka pelo e e tletseng tshotlo fa o ne o bona se se diragaletseng lefatshe la Iseraele,+  ke tla go otlololela seatla sa me gore ke go neye ditšhaba tse dingwe gore di go gape. Ke tla go kgaola mo ditšhabeng ke bo ke go senya ke go tlosa mo dinageng tse dingwe.+ Ke tla go nyeletsa, mme o tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka Moabe+ le Seire+ ba rile, “Batho ba Juda ba tshwana fela le batho ba ditšhaba tse dingwe,”  jaanong ke tla letla gore metse e e kwa molelwaneng wa Moabe e tlhaselwe, go akaretsa metse ya lefatshe leo e mentlentle ya Bethe-jeshimothe, Baale-meone, tota le Kiriathaime.+ 10  Bone mmogo le Baamone, ke tla ba tsenya mo seatleng sa batho ba Botlhaba,+ gore Baamone ba se ka ba gakologelwa mo ditšhabeng.+ 11  Mme ke tla atlhola Bamoabe,+ ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’ 12  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Edoma o ipusoloseditse mo bathong ba Juda mme o ipaketse molato o mogolo ka go ipusolosetsa mo go bone;+ 13  ka jalo seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Gape ke tla otlololela Edoma seatla sa me ke bo ke fedisa motho le leruo mo go ene, e bile ke tla mo kgakgabatsa.+ Ba tla wa ka tšhaka go tloga kwa Temane go ya go fitlha kwa Dedane.+ 14  ‘Ke tla ipusolosetsa mo bathong ba Edoma ke dirisa batho ba me ba Iseraele.+ Ba tla tlisetsa Baedoma bogale jwa me le tšhakgalo ya me, gore ba tle ba bone gore ke a ipusolosetsa,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”’ 15  “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka Bafilisitia ba tlhoile Baiseraele thata, ba ikemiseditse go ipusolosetsa mo go bone ka tsela e e setlhogo le go ba senya.+ 16  Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke otlololela Bafilisitia seatla sa me,+ mme ke tla fedisa Bakeretha+ e bile ke tla senya batho ba ba setseng ba ba nnang kwa losing lwa lewatle.+ 17  Ke tla ipusolosetsa mo go bone ka ditiro tse dikgolo ke ba otlhaya ka bogale, mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke ipusolosetsa mo go bone.”’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dikampa tse di nang le dipota.”